EKESODU 11

Petso ya lesome: Go bolawa bana ba maitibolo

1 JaanongMorenaa raya Moše a re: “Ke tla tlisa petso e nngwe gape e ke tla watlhayang Farao le Baegepeto ka yona; morago ga moo o tla lo naya tsela gore lo tloge mono; e bile o tla lo leleka ka thata mogang a lo lesang go huduga gotlhe.

2 A ko o bolele mo ditsebeng tsa morafe gore monna mongwe le mongwe a lope dilo tsa selefera le tsa gouta mo go yo o bapileng nae; le mosadi mongwe le mongwe a di lope jalo mo mosading yo o bapileng nae.”

3 MmeMorenaa naya morafe go bona bopelotlhomogi mo go Baegepeto. Le monna yoo, e bong Moše, a kaiwa mogolo thata ke batlhanka ba ga Farao le morafe otlhe.

4 Moše a raya Farao a re: “Morenao bua jaana a re: ‘Gare ga bosigo ke tla photlaphotla lefatshe la Egepeto.

5 Mme go tla swa bana ba maitibolo botlhe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka morwa Farao wa ntlha yo o tla nnang mo sedulong sa gagwe sa bogosi, go ya ngwaneng wa ntlha wa lelata le le fa morago ga lelwala le maitibolo otlhe a diruiwa.

6 Foo go tla nna selelo se segolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto se se iseng se ke se nne teng ka gope se le kalo, le gona se se se kitlang se tlhola se nna teng ka motlha ope se le kalo.

7 Mme mo go Baiseraele botlhe ga go kitla go nna le ntšwa e e dumang, e bogola motho gongwe seruiwa gore lo itse, faMorenaa farologanya Baegepeto le Baiseraele.’

8 Foo batlhanka botlhe bao ba gago ba tla tla kwa go nna ka boikokobetso, ba nkhubamela ba re: ‘Huduga, wena le morafe otlhe o o go salang morago!’ Morago ga moo ke tla huduga.” Ke fa Moše a tswa, a tlogela Farao ka bogale jo bo tukang.

9 MmeMorenaa raya Moše a re: “Farao ga a kitla a lo utlwa, mme e le gore dikgakgamatso tsa me di ntsifale mo lefatsheng la Egepeto.”

10 Moše le Arone ba ne ba dira dikgakgamatso tsotlhe tseo fa pele ga Farao, mmeMorenaa thatafatsa pelo ya ga Farao mo a sa kgoneng go lesa Baiseraele go huduga mo lefatsheng la gagwe.