Baiseraele ba tshela lewatle
1 Morenaa laela Moše a re:
2 “Bolelela Baiseraele gore ba fapoge tsela, ba thibelele ka fa ntle ga Phihagirothe fa gare ga Migetole le lewatle. Thibelelang fa lewatleng go lebagana le Baale-Sefone.
3 Farao o tla raya morafe wa gagwe a re: ‘Baiseraele ba timetse mo nageng. Sekaka se ba thibetse.’
4 Mme ke tla thatafatsa pelo ya Farao gore a ba latele. Ke tla ikgalaletsa ka Farao le ka mephato yotlhe ya gagwe. Baegepeto ba tla lemoga jalo, fa ke leMorena.” Baiseraele ba dira jalo.
5 Jaanong e rile kgosi ya Egepeto e begelwa gore morafe oo o tshabile, Farao le batlhanka ba gagwe ba tlhanoga, ba galefela morafe oo ba re: “Kana re dirileng, fa re lesitse Baiseraele ba tsamaya, mme ba tlogela go re direla.”
6 Ke fa Farao a golega koloi ya ntwa ya gagwe, a tsamaya le batho ba gagwe.
7 A tlhaola dikoloi tsa ntwa di le 600, a ba a tsaya dikoloi tsotlhe tsa ntwa tsa Egepeto, tsotlhe di palangwe ke bagale.
8 MmeMorenao ne a foufaditse pelo ya Farao, kgosi ya Egepeto, gore a latele Baiseraele, a sa bone gore Baiseraele ba hudugile ka letsogo laMorenale le tsholetsegileng.
9 Baegepeto ba ba latela – e le dipitse le dikoloi tsotlhe tsa ntwa tsa Farao le bapalami ba tsona le mephato yotlhe ya gagwe – ba ba tshwara ba thibeletse fa lewatleng kwa Phihagirothe gaufi le Baale-Sefone.
10 Ya re Farao a atamela, Baiseraele ba tlhatlosa matlho, ba bona Baegepeto ba ba latetse. Ke fa ba tshwarwa ke poifo, ba goelaMoreneng,
11 ba raya Moše ba re: “A go ne go se na mabitla kwa Egepeto, fa o re huduseditse go tla go swela mo sekakeng? O ne o re ntshetsang kwa Egepeto?
12 A ga re a go bolelela kwa Egepeto ra re: ‘Re lese re direle Baegepeto!’ Gonne go botoka mo go rona go direla Baegepeto bogolo go go swela mo sekakeng.”
13 Mme Moše a raya morafe a re: “Se boifeng, emang lo tiile, lo tle lo bone pholoso yaMorenae o tla e lo direlang kajeno. Gonne Baegepeto ba lo ba bonang kajeno ba, ga lo kitla lo tlhola lo ba bona gape ka bosakhutleng.
14 Morenao tla lo tlhabanela, mme lona lo didimale fela.”
15 Morenaa raya Moše a re: “O goelelang kwa go nna? Raya Baiseraele ba tsamaele pele.
16 Mme wena o tsholetse thobane ya gago, o otlololele lewatle letsogo, o le kgaoganye gore Baiseraele ba tsene ba le tshele fa go omileng.
17 Bona, ke tla thatafatsa dipelo tsa Baegepeto gore le bone ba tsene ba lo setse morago. Ke tla ikgalaletsa jalo ka Farao le ka mephato yotlhe ya gagwe le ka dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le ka bapalami ba tsona.
18 Mme e tla re fa ke ikgalaletsa ka Farao le ka dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le ka bapalami ba tsona, ke gona Baegepeto ba tla lemogang gore ke nnaMorena.”
19 Ke fa moengele wa Modimo yo o etelelang mephato ya Baiseraele pele, a tloga a ya kwa morago ga bone; pinagare ya leru le yona ya tloga fa pele ga bone, ya ya ya ema fa morago ga bone.
20 Ya tsena fa gare ga mephato ya Baegepeto le ya Baiseraele. Mme leru leo la bo le le lentsho ntlheng ya Baegepeto, le bonesa bosigo ntlheng ya Baiseraele. Ka moo ba palelwa ke go atamelana bosigo jotlhe.
21 Jaanong Moše a otlololela lewatle letsogo, mmeMorenaa tlosa metsi a lewatle ka phefo e e thata ya botlhabatsatsi bosigo jotlhe, a fetola lewatle naga e e omileng, metsi a kgaogana.
22 Mme Baiseraele ba tsena mo gare ga lewatle, ba le tshela fa go omileng. Metsi a nna jaaka dipota mo go bone mo ntlheng tsoo pedi.
23 Baegepeto ba ba latela, ba tsena mo gare ga lewatle ba ba setse morago ka dipitse tsotlhe tsa ga Farao le dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le bapalami ba tsona.
24 Ya re ka masaMorenaa okomela mephato ya Baegepeto a le mo pinagareng ya molelo le ya leru, a raraanya mephato ya Baegepeto.
25 A somola maotwana a dikoloi tsa ntwa tsa bone, a di tsamaisa ka bothata. Ke fa Baegepeto ba re: “A re tshabeng Baiseraele; gonneMorenao a ba tlhabanela, o tlhabana le rona Baegepeto.”
26 JaanongMorenaa raya Moše a re: “Otlololela lewatle letsogo gore metsi a boe, a khurumetse Baegepeto le dikoloi tsa ntwa tsa bone le bapalami ba tsona.”
27 Ya re Moše a otlololela lewatle letsogo, metsi a lewatle a boela mo mannong a ona ka mahube a moso, mme Baegepeto ba tshaba ba tlhabaganye nao.Morenaa nwetsa Baegepeto jalo mo gare ga lewatle.
28 Metsi a boa, a khurumetsa dikoloi tsa ntwa le bapalami le mephato yotlhe ya ga Farao ba ba neng ba tsenye mo lewatleng ba setse Baiseraele morago; ga se ka ga falola ope wa bone, le e seng a le mongwe fela.
29 Mme Baiseraele ba ne ba tsamaile fa go omileng, fa ba tshela lewatle; metsi e ne e le lobota mo go bone mo ntlheng tsoo pedi.
30 Ka letsatsi leoMorenao namoletse Baiseraele jalo mo diatleng tsa Baegepeto, mme Baiseraele ba bona ditoto tsa Baegepeto fa losing lwa lewatle.
31 Jaanong ya re Baiseraele ba lemoga tiro e kgolo eMorenao e dirileng mo go Baegepeto, ba boifaMorena, ba dumela moMorenengle mo go Moše, motlhanka wa gagwe.