Sefela sa tebogo sa Baiseraele
1 Ka sebaka seo Moše le Baiseraele ba opelelaMorenasefela, ke se, ba se tlhaba ba re:
“A nke ke opeleleMorena,
gonne o mogolo thata.
Dipitse o di latlhetse mo
lewatleng le bapalami ba tsona.
2 Morenake thata ya me
le sefela sa me;
ene e ne e le thuso ya me.
Ke ene Modimo wa me,
ke tla mo tumisa;
ke Modimo wa ga rre,
ke tla mo godisa.
3 Morenake mogale tlhabanong;
leina la gagwe keMorena.
4 O digetse dikoloi tsa ga Farao
le mephato ya gagwe
mo lewatleng;
bagale ba ba tlhaotsweng
ba gagwe o ba nweditse
mo Lewatleng la Motlhaka.
5 Dintelo di ba khurumeditse,
ba fologela madibeng
jaaka majwe.
6 Morena,
letsogo le le jang la gago
le galaleditswe ka thata;
Morena,
letsogo le le jang la gago
le tšhwetlakanya baba.
7 Ba ba go tsogelang
o ba diga ka borena
jo bogolo jwa gago;
o tukisa bogale jwa gago,
bo ba ja jaaka dirite.
8 Metsi a ne a kgobokanngwa
ka pudulo ya dinko tsa gago,
dintelo tsa ema jaaka lobota;
madiba a thema
mo gare ga lewatle.
9 Mmaba a re:
‘Ke tla ba latela,
ke ba tshwara,
ke aba thopo,
ke kgorisa keletso ya me
ka bone;
ke tla somola tšhaka,
ke ba nyeletsa
ka letsogo la me.’
10 Mme ya re o budula
ka phefo ya gago,
lewatle la ba khurumetsa;
ba rôrômela mo metsing
a magolo jaaka tshipi.
11 Morena,
ke mang mo medimong
yo o tshwanang le wena?
Ke mang yo o galaleditsweng
ka boitshepo,
yo o boitshegang ka ditiro
tse di bokwang,
yo o dirang dikgakgamatso
jaaka wena?
12 E rile o otlolola letsogo
le le jang,
lefatshe la ba metsa.
13 Ka bopelotlhomogi jwa gago
o gogile morafe
o ò o rekolotseng,
wa o isa kwa felong
fa go boitshepo ga gago,
ka thata ya gago.
14 E rile merafe e utlwela jalo,
ya roroma;
metlotsedi ya tshwara
baagi ba Felesita.
15 Foo dikgosana tsa Etomo
tsa tshoga,
teteselo ya wela beng ba thata
ba Moabe;
baagi botlhe ba Kanana
ba roroma.
16 Poifo ya ba wela le therego,
ba tlhoka puo jaaka lefika
ka ntlha ya bogolo
jwa letsogo la gago;
go fitlhelela morafe wa gago
o fete,Morena;
go fitlhelela morafe
o ò o rekolotseng o fete.
17 O tla ba fitlhisa,
o ba baya mo thabeng
e e leng ya gago,
Morena, mo felong
fa o go ipaakanyeditseng
go nna gona;
mo felong fa go boitshepo,
fa go etleeditsweng
ke diatla tsa gago,Morena.
18 Morenao tla busa ka gale
le ka bosakhutleng.”
Sefela sa ga Miriame
19 Gonne go tsenye dipitse tsa ga Farao le dikoloi tsa gagwe le bapalami ba tsona mo lewatleng, mmeMorenaa busa metsi a lewatle; ona a ba khurumetsa. Mme Baiseraele ba tsamaya fa go omeletseng, fa ba tshela lewatle.
20 Le Miriame, moporofeti wa sesadi, kgaitsadia Arone, a tsaya moropana ka letsogo; basadi botlhe ba tswa, ba mo sala morago ba tshotse meropana, ba ntse ba bina.
21 Mme Miriame a ba tlhabela sefela a re:
“A re bakengMorena,
gonne o mogolo thata.
O digetse dipitse
le bapalami ba tsona
mo lewatleng.”
Metsi a kwa Mara
22 Jaanong Moše a tsweletsa Baiseraele pele, ba tloga kwa Lewatleng la Motlhaka ba ya kwa sekakeng sa Sure; ba sepela malatsi a le mararo ba sa bone metsi.
23 Ya re ba fitlha kwa Mara, ba palelwa ke go nwa metsi a teng; gonne a ne a galaka. Ke ka moo leina la felo foo go tweng Mara.
24 Mme batho ba ngongoregela Moše ba re: “Re tla nwa eng?”
25 Jaanong ya re ene a goela kwaMoreneng,Morenaa mo supetsa setlhatshana sengwe; ya re a sena go se latlhela mo metsing, metsi a nna monate. Gona foo a ba beela melao le dikaelo, foo a ba leka
26 a re: “Fa ò utlwa lentswe laMorenaModimo wa gago ka boikanyo, o dira tse di siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, o tshegetsa melao yotlhe ya gagwe, ga nkitla ke go bolaisa bolwetse bope jo ke watlhaileng Baegepeto ka jona. Gonne nnaMorenake tla nna ngaka ya gago.”
27 Morago ga moo ba fitlha kwa Elime, fa go neng go le metswedi e le 12 le ditlhare tsa mekolane di le 70. Ba thibelela teng fa metsing.