Maphurrwana le Mmana
1 Ba tloga kwa Elime, mme morafe otlhe wa Baiseraele wa fitlha kwa sekakeng sa Sine se se fa gare ga Elime le Sinai ka letsatsi la 15 la kgwedi ya bobedi, ba sena go huduga mo lefatsheng la Egepeto.
2 Ke fa morafe otlhe wa Baiseraele o ngongoregela Moše le Arone mo sekakeng.
3 Baiseraele ba ba raya ba re: “Ao! Bogolo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto ka seatla saMorenametlheng ele fa re sa ntse re le fa dipitseng tsa dinama, re ja bogobe, re kgora. Jaanong lo re tsisitse kwano mo sekakeng se gore lo bolae morafe otlhe o ka tlala.”
4 Ke faMorenaa raya Moše a re: “Bona, ke tla lo nesetsa bogobe jo bo tswang kwa legodimong, mme a batho ba tswe go sela jo bo lekanyeng letsatsi le le lengwe ka malatsi otlhe gore ke ba leke, ke bone gore a ba tla sepela ka fa molaong wa me gongwe nnyaya.
5 Fa ba baakanya jo ba bo selang ka letsatsi la borataro, bo tla lekana malatsi a le mabedi.”
6 Jaanong Moše le Arone ba raya Baiseraele botlhe ba re: “Maitsiboa a kajeno lo tla lemoga gore keMorenayo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.
7 Kamoso lo tla tsoga lo bona kgalalelo yaMorena. Gonne o utlwile dingongorego tsa lona tsa go mo ngongoregela. Kana rona re eng, fa lo ngongoregela rona?”
8 Moše a ba a re: “Go tla dirafala jalo, faMorenaa lo naya nama maitsiboa gore lo je, le bogobe mo mosong gore lo kgore. GonneMorenao utlwile dingongorego tsa lona tse lo mo ngongoregetseng ka tsona. Rona re eng? Ga lo ngongoregele rona, lo ngongoregelaMorena.”
9 Jaanong Moše a laela Arone a re: “Raya morafe otlhe wa Iseraele o re: ‘Atamelang fa pele gaMorena! Gonne o utlwile dingongorego tsa lona.’ ”
10 Ya re Arone a bua jalo le morafe otlhe wa Baiseraele, bone ba leba kwa sekakeng, ba bona kgalalelo yaMorenae bonala mo lerung.
11 MmeMorenaa raya Moše a re:
12 “Ke utlwile dingongorego tsa Baiseraele. Ba ree o re: ‘Maitsiboa lo tla ja nama, kamoso lo tla tsoga lo kgora bogobe. Lo tla lemoga jalo, fa ke leMorena, Modimo wa lona.’ ”
13 Ya re maitsiboa ga tla maphurrwana, a tlalatlala mo bothibelelong. Mo mosong monyo wa bo o koame mo tikologong ya bothibelelo.
14 Ya re monyo o sena go phaphalala, ba fitlhela go tletsetletse fa fatshe go le dipapetlana jaaka kgogotshwane.
15 Fa Baiseraele ba di bona, ba botsana ba re: “Dilo tse ke eng?” Gonne ba ne ba sa di itse. Moše a ba araba a re: “Ke jona bogobe joMorenao bo lo nayang go nna dijo tsa lona.
16 Jaanong seMorenao se laolang ka ga tsona ke se: ‘Di seleng, mongwe le mongwe ka fa a ka jang ka teng; e bong gomere e le nngwe ka fa palong ya batho ba lona. Mongwe le mongwe a selele ba lapa la gagwe.’ ”
17 Baiseraele ba dira jalo, mongwe a sela tse dintsi, yo mongwe go le gonnye.
18 Mme ya re ba di lekanya ka gomere, ba fitlhela yo o phuthileng tse dintsi a se ka a fetisa selekanyo, le yo o sedileng go le gonnye a se ka a tlhaetsa: Mongwe le mongwe a sedile ka fa a ka kgorang ka teng.
19 Ke fa Moše a ba raya a re: “A go se nne ope yo o sadisetsang letsatsi la kamoso.”
20 Mme ba se ka ba reetsa Moše. Banna bangwe ba di bolokela kamoso, mme tsa tswa diboko, tsa nkga. Ke fa Moše a ba omanya thata.
21 Ba di sela mo mesong yotlhe, mongwe le mongwe ka fa a ka jang ka teng. E ne ya re fa letsatsi le fisa, di gakologe.
22 Mme ka letsatsi la borataro ba sela dijo tsa malatsi a le mabedi, e bong dikgamelo di le pedi, tlhogo ya motho. Ke fa bagolo botlhe ba morafe ba tla, ba begela Moše jalo.
23 Ene a ba raya a re: “SeMorenao se buileng ke se: ‘Kamoso ke la go ikhutsa, ke Sabata yo o boitshepo waMorena. Tse lo ratang go di besa di beseng; tse lo ratang go di apaya di apeyeng. Lo ipolokele tsotlhe tse di setseng, lo di sadisetse kamoso.’ ”
24 Ba di bolokela kamoso jaaka Moše a ba laetse, mme tsa se ka tsa nkga le e seng go tlala diboko.
25 Moše a ba raya a re: “Di jeng kajeno, gonne kajeno ke Sabata waMorena. Kajeno ga lo kitla lo di fitlhela kwa nageng.
26 Lo ka di sela ka malatsi a marataro. Mme ka letsatsi la bosupa ke Sabata. Di tla bo di se yo ka lone.”
27 Mme bangwe ba morafe ba tswa ka letsatsi la bosupa, ba re ba sela, mme ba se ka ba bona sepe.
28 Ke faMorenaa raya Moše a re: “Lo tla gana goleele go le kae go tshegetsa ditaolo tsa me le melao ya me?
29 Bonang, e re kaMorenaa lo file Sabata, ke ka moo a lo nayang dijo tsa malatsi a le mabedi ka letsatsi la borataro. A mongwe le mongwe a nne mo gae, mme a go se nne ope yo o tlogang mo felong ga gagwe ka letsatsi la bosupa.”
30 Morafe wa ikhutsa jalo ka letsatsi la bosupa.
31 Dijo tseo Baiseraele ba ne ba di bitsa Mmana. Tsa bo di tshwana le peo ya koriantere di le ditshweu; moutlwalo wa tsona o tshwana le wa dinkgwe tse di nang le mafura a dinotshe.
32 Gape Moše a re: “SeMorenao se laotseng ke se: ‘A kgamelo e e tletseng Mmana e bolokelwe ditso tsa lona tse di tla tlang gore ba bone dijo tse ke di lo jesitseng mo sekakeng, fa ke lo ntsha mo lefatsheng la Egepeto.’ ”
33 Mme Moše a raya Arone a re: “Tsaya sejana, o tshele Mmana o tletse kgamelo mo go sona, o se beye fa pele gaMorenagore Mmana o bolokelwe ditso tsa lona tse di tla tlang.”
34 Arone a o baya fa pele ga Letlole la Bosupi gore o bolokwe jaakaMorenaa laetse Moše.
35 Baiseraele ba ne ba ja Mmana dinyaga di le 40, ga tsamaya ba fitlha mo lefatsheng le batho ba agileng mo go lone; ba ja Mmana go fitlha fa molelwaneng wa lefatshe la Kanana.
36 Gomere ke karolo ya lesome ya seelo sa efa.