EKESODU 17

Metsi a tswa mo lefikeng

1 Jaanong morafe otlhe wa Baiseraele wa tloga kwa sekakeng sa Sine, wa tsamaya o thibelela ka fa taolong yaMorenago ya go fitlha kwa Rafidime. Ba feta ba tlhoka metsi a a nowang.

2 Mme morafe wa lwa le Moše wa re: “Re fe metsi re nwe.” Mme Moše a ba raya a re: “Lo lwelang le nna? Ke ka ntlha ya eng fa lo lekaMorena?”

3 Batho ba nyorelwa metsi gona; batho ba ngongoregela Moše ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o re ntshitse kwa Egepeto gore o re bolae le bana ba rona le diruiwa tsa rona ka lenyora?”

4 Mme Moše a goelaMorenenga re: “Nka dira eng ka batho ba? Ba setse ba le gaufi le go nkgobotletsa ka majwe.”

5 Morenaa raya Moše a re: “Fetela kwa pele ga morafe, o ye le bangwe ba bagolo ba Baiseraele, o tshotse thobane ya gago e o ne wa itaya noka ka yona, o sepele.

6 Bona, ke tla ema fa pele ga gago teng mo Horebe fa lefikeng. E tla re fa o itaya lefika, le tswe metsi gore morafe o nwe.” Moše a dira jalo fa pele ga bagolo ba Baiseraele.

7 Felo foo a go taya leina la Masa le Meriba; gonne Baiseraele ba ne ba lole, ba lekaMorenaba re: “AMorenao teng mo gare ga rona gongwe nnyaya?”

Jošua o fenya Baamaleke

8 E rile ba le kwa Rafidime, Baamaleke ba tla, ba tlhabana le Baiseraele.

9 Ke fa Moše a laela Jošua a re: “Re tlhaolele banna, o tsoge o bolole kamoso, o tlhabane le Baamaleke. Nna ke tla ema mo setlhoeng sa thabana ke tshotse thobane ya Modimo ka letsogo.”

10 Jošua a dira ka fa Moše a mo laetseng ka teng, a bolola go tlhabana le Baamaleke. Mme Moše le Arone le Hure ba tlhatlogela kwa setlhoeng sa thabana.

11 E ne ya re fa Moše a tsholetsa mabogo, Baiseraele ba fenye; mme fa a diga mabogo, go fenye Baamaleke.

12 Mme Moše a simolola go lapa mabogo, a nna bokete. Jaanong ba tsaya lentswe, ba le baya ka fa tlase ga gagwe, a nna mo go lone; Arone le Hure ba ntse ba tshegeditse mabogo a gagwe, mongwe ka fa le yo mongwe ka fa; ba tiisa mabogo a gagwe jalo, ga tsamaya letsatsi la phirima.

13 Jošua a fenya Amaleke le batho ba gagwe ka bogale jwa tšhaka.

14 Ke faMorenaa raya Moše a re: “Tseo di kwale mo lokwalong gore di se lebalwe, o di tsenye mo tsebeng tsa ga Jošua go re: Ruri, ke tla tlosa go gopola Amaleke gotlhe fa tlase ga letsatsi.”

15 Moše a aga aletare, a e taya leina le le reng: “Morenake sefoka sa me.”

16 A ba a re: “A seatla se tshware sefoka saMorena;Morenao tla lwa le Baamaleke go tswa losikeng go ya losikeng.”