Jetoro o etela Moše
1 Jetoro moperesiti wa kwa Midiane, mogwagwadia Moše, o ne a utlwetse dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše le Baiseraele morafe wa ona le goreMorenao ntshitse Baiseraele mo Egepeto.
2 Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tsaya Siphora, mosadi wa ga Moše, yo a neng a mmuseditse kwa ga gabo
3 le bomorwawe ba babedi; leina la mongwe e ne e le Geresome, gonne o ne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.”
4 Leina la yo mongwe e ne e le Eliesere; gonne o ne a re: “Modimo wa ga rre ke thuso ya me, o mpholositse mo tšhakeng ya ga Farao.”
5 Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tla kwa go Moše a na le mosadi wa ga Moše le bomorwawe; a tla kwa sekakeng kwa Moše a neng a thibeletse teng kwa thabeng ya Modimo.
6 A itsise Moše a re: “Nna Jetoro mogwagwadiago ke tla koo go wena, ke na le mosadi wa gago le bomorwao ba babedi ba na nae.”
7 Ke fa Moše a tswa go kgatlhantsha mogwagwadiagwe, a inama fa pele ga gagwe, a mo atla; mme ya re ba sena go botsana bophelo, ba tsena mo tenteng.
8 Moše a bolelela mogwagwadiagwe tsotlhe tseMorenao di diretseng Farao le Baegepeto ka ntlha ya Baiseraele le tlalelo yotlhe e e ba wetseng mo tseleng le ka faMorenaa ba namoletseng ka teng.
9 Mme Jetoro a itumelela tse di molemo tsotlhe tseMorenao di diretseng Baiseraele, fa a ba golola mo diatleng tsa Baegepeto.
10 Jetoro a boka a re:
“A go bakweMorena
yo o lo golotseng
mo diatleng tsa Baegepeto
le mo diatleng tsa ga Farao;
yo o namoletseng morafe o
mo kgatelelong ya Baegepeto!
11 Jaanong ke lemogile
goreMorenao mogolo
bogolo go medimo yotlhe;
dilo tse Baegepeto
ba di diretseng Baiseraele
ka boikgantsho
di digetse Baegepeto
mo tatlhegong.”
12 Morago ga moo Jetoro, mogwagwadia Moše, a ntshetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa tebogo; ga tla Arone le bagolo botlhe ba Baiseraele go ja dijo le mogwagwadia Moše fa pele ga Modimo.
Go tlhomamisiwa baatlhodi
13 Ka letsatsi la ka moso Moše a nna mo lekgotleng go atlhola batho. Batho ba bo ba dikanyeditse Moše go tswa mosong go fitlha maitsiboeng.
14 E rile mogwagwadia Moše a bona tsotlhe tse a di direlang morafe, a botsa a re: “Ke go reng, fa o direla morafe ka mokgwa o? O nnelang o le nosi, mme morafe otlhe o tlhola o eme fa go wena go tswa mosong go ya mantsiboeng?”
15 Moše a araba mogwagwadiagwe a re: “Ke ka go re batho ba tla kwa go nna go botsa Modimo.
16 E a re fa ba na le kgang, ba tle kwa go nna gore ke seke kgang ya motho le mongwe-ka-ene, ke be ke ba itsise ditaelo tsa Modimo le melao ya ona.”
17 Mogwagwadia Moše a mo fetola a re: “Tse o di dirang ga di a siama.
18 O tla fela thata wena le batho bao ba o nang nabo; gonne tiro e e ntseng jalo e a go palela; ga o kgone go e dira o le wesi.
19 Jaanong utlwa mafoko a me, ke tla go gakolola, mme Modimo o tla nna nao. Wena o emele morafe fa pele ga Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong;
20 o ba tlhalosetse ditaolo le melao, o ba itsise tsela e ba tshwanetseng go sepela mo go yona le tiro e ba tshwanetseng go e dira.
21 Mme o itlhophele banna ba ba nonofileng mo morafeng otlhe ba ba boifang Modimo, banna ba nnete, ba ba ilang kgwebo ya tshiamololo, o ba dire baokamedi ba morafe; bangwe e nne ba ba okamelang ba le sekete, ba bangwe ba okamele lekgolo, ba bangwe 50, ba bangwe lesome
22 gore bone ba seke batho ka metlha yotlhe. A ba tlise mafoko a magolo otlhe kwa go wena, mme a ba atlhole mafoko otlhe a mabotlana ka bosi. Fokotsa tiro ya gago jalo, mme a ba go rwadise.
23 Fa o ka dira jalo, e le ka fa thatong ya Modimo, o tla kgona go itshoka; le gona batho botlhe ba, ba tla boela kwa gae ka kagiso.”
24 Moše a utlwa mafoko a ga mogwagwadiagwe, a dira tsotlhe tse a di buileng.
25 Moše a tlhopha banna ba ba nonofileng mo Baiseraeleng botlhe, a ba dira ditlhogo tsa morafe, ya nna baokamedi ba dikete le baokamedi ba makgolo le baokamedi ba 50 le baokamedi ba masome.
26 Bone ba seka morafe ka metlha yotlhe. Mafoko a a thata ba a isa kwa go Moše, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhola ka bosi.
27 Jaanong Moše a naya mogwagwadiagwe tsela, mme a boela kwa lefatsheng la ga gabo.