Baiseraele ba fitlha kwa thabeng ya Sinai
1 E rile ka kgwedi ya boraro, Baiseraele ba fitlha kwa sekakeng sa Sinai ka letsatsi la kgwedi le ba hudugileng mo lefatsheng la Egepeto ka lone.
2 Ba ne ba tlogile kwa Rafidime, ba fitlha sekakeng sa Sinai, ba thibelela mo sekakeng. Baiseraele ba thibelela gona go lebagana le thaba.
3 Moše a tlhatlogela kwa Modimong, mmeMorenaa mmitsa a le mo thabeng a re: “Bua jaana le Bajakobe, o ree Baiseraele o re:
4 ‘Lo bonye ka nosi tse ke di diretseng Baegepeto, mme lona ka lo belega ka diphuka tsa bontswi, ka lo tlisa go nna.
5 Jaanong fa lo utlwa se ke se lo bolelelang, lo se dira, lo tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tla nna ba me go feta merafe yotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me.
6 Mme lona lo tla nna morafe wa me wa baperesiti le setšhaba se se boitshepo.’ Ke ona mafoko a o tla a bolelelang Baiseraele.”
7 Moše a tla, a bitsa bagolo ba morafe, a ba begela mafoko aotlhe ao aMorenao a mo laetseng.
8 Morafe otlhe wa araba mmogo wa re: “Tsotlhe tseMorenao di buileng re tla di dira.” Moše a busetsaMorenakarabo ya morafe.
9 Morenaa raya Moše a re: “Bona, ke tla tla koo go wena ke le mo lerung le le kimakima gore morafe o nkutlwe ke bua le wena, mme ba go dumele ka bosakhutleng.” Moše a begelaMorenamafoko a morafe.
10 Morenaa laela Moše a re: “Yaa kwa morafeng, o ba itshepise kajeno le kamoso; a ba tlhatswe diaparo tsa bone.
11 A ba etleetsegele letsatsi la boraro. Gonne ka letsatsi la boraroMorenao tla fologela mo thabeng ya Sinai fa pele ga matlho a morafe otlhe.
12 Le gona beela morafe molelwane mo tikologong ya thaba, o ba ree o re: ‘Itiseng gore lo se palame mo thabeng, le e seng go e ama kwa tlase. Mongwe le mongwe yo o amang thaba e o tshwanetse go bolawa.
13 A e se ka ya amiwa ka diatla, gonne yo o e amang o tshwanetse go kgobotlediwa ka majwe gongwe go thuntshiwa ka metswi. Le fa e le seruiwa, a se bolawe, gongwe motho a a se ka a phela! Mme fa lonaka lo lela sebaka, ba ka tlhatlogela mo thabeng.’ ”
14 Moše a fologa mo thabeng, a tla kwa morafeng, a itshepisa morafe, mme ba tlhatswa diaparo tsa bone.
15 A raya morafe a re: “Iketleeletseng letsatsi la boraro. Se atameleng mosadi!”
16 Jaanong e rile bo sa ka letsatsi la boraro, ga nna ditumo tsa maru le dikgadima le maru a mantsho mo godimo ga thaba; le gona lonaka lwa kgelebetega ka thata e kgolo. Ke fa morafe otlhe o o mo bothibelelong o tshoga.
17 Jaanong Moše a ntsha morafe mo bothibelelong gore o kgatlhantshe Modimo; ba ya ba ema fa tlase ga thaba.
18 Thaba yotlhe ya Sinai ya kua musi ka goreMorenao ne a fologela mo go yona a le mo molelong; musi wa yona wa tlhatloga jaaka musi wa leiso. Mme thaba yotlhe ya roroma thata.
19 Go kgelebetega ga lonaka ga nna ga golela kwa godimo. Moše a bua, mme Modimo wa mo fetola ka kodu.
20 E rileMorenaa sena go fologela mo setlhoeng sa thaba ya SinaiMorenaa biletsa Moše teng, mme Moše a tlhatloga.
21 Morenaa raya Moše a re: “Fologa o laele morafe, e se re gongwe ba sutlhela kwaMorenenggo leba, ba tloga ba swa ka bontsi.
22 Le gona a baperesiti ba ba atamelangMorenaba itshole bophepa, e se re gongweMorenaa ba tlhasela a gaketse.”
23 Mme Moše a rayaMorenaa re: “Morafe o palelwa ke go tlhatlogela mo thabeng ya Sinai; gonne o re laetse thata ka wesi wa re: ‘Agelela thaba ka logora, o e itshepise.’ ”
24 Morenaa mo fetola a re: “Tsamaya o fologe, mme o boe o tlhatloge gape o na le Arone; mme a baperesiti le morafe ba se ka ba sutlha go tlhatlogela kwaMoreneng, e se re gongwe a ba tlhasela a gaketse.”
25 Moše a fologela kwa bathong, a ba bolelela.