Botsalo jwa ga Moše
1 Monna mongwe wa lotso lwa ga Lefi a ya a tsaya mosadi mo go bomorwadia Lefi.
2 Mosadi yoo a ithwala, a tshola ngwana wa mosimane. Ya re a bona a le montle, a mo fitlha dikgwedi di le tharo.
3 Ya re a sa tlhole a kgona go mo fitlha, a mo tseela seroto sa lotlhaka, a se thiba ka boroku jwa mmu le boka, a baya ngwana mo go sona, a ba a se fitlha mo motlhakeng fa losing lwa noka ya Nile.
4 Mme kgaitsadie a ema kgakalanyana gore a tle a bone, fa sengwe se mo dirafalela.
5 Ke fa morwadia Farao a fologela kwa nokeng ya Nile go tlhapa, basetsana ba gagwe ba ntse ba tsamaya fa losing lwa noka ya Nile. Jaanong ya re a bona seroto seo mo motlhakeng, a roma lelata la gagwe, la ya la se tsaya.
6 Ya re a se khurumolola, a bona ngwana, a fitlhela e le mosimanyana yo o lelang, a mo tlhomogela pelo a re: “Ke ngwana mongwe wa Bahebere.”
7 Ke fa kgaitsadie a botsa morwadia Farao a re: “A ke ye go go biletsa mosadi yo o amusang wa Bahebere gore a go amusetse ngwana yo?”
8 Morwadia Farao a mo araba a re: “Ee, dira jalo!” Ke fa lekgarebe leo le ya, le bitsa mmaagwe ngwana.
9 Mme morwadia Farao a mo laela a re: “Tsaya mosimanyana yo, o mo nkamusetse; ke tla go naya tuelo.” Mosadi a tsaya ngwana yo, a mo amusa.
10 Ya re ngwana a sena go gola, a mo isa kwa go morwadia Farao, a nna morwawe, mme a mo taya leina la Moše a re: “Kana ke mo ntshitse mo metsing!”
Moše o tshabela kwa Midiane
11 Jaanong ya re Moše a sena go nna monna, a ya kwa go ba ga gabo, a bona ditiro tse di bokete tsa bone; a bona monna wa Moegepeto a itaya monna wa ga gabo wa Mohebere.
12 A gadima kwa le kwa, mme ya re a bona go se na ope, a bolaya Moegepeto, a mo epela mo motlhabeng.
13 A ba a ya gape ka letsatsi la bobedi, a bona banna ba le babedi ba Bahebere ba lwa, mme a botsa yo o rumotseng a re: “O iteelang wa ga eno?”
14 Mme ene a re: “Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi wa rona? A o rata go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole?” Ke fa Moše a tshoga a re: “Ka nnete, tiro eo e utlwetswe.”
15 Jaanong e rile Farao a utlwela tirafalo eo, a batla go bolaya Moše, mme Moše a tshaba, a ya a nna kwa lefatsheng la Midiane, a nna fa sedibeng sengwe.
16 Mme moperesiti wa Midiane o ne a na le bomorwadie ba supa; bone ba tla, ba ga metsi, ba tlatsa digopo go nosa letsomane la ga rraabo.
17 Ke fa badisa ba bangwe ba tla, ba ba leleka, mme Moše a nanoga, a ba thusa, a nosa letsomane la bone.
18 E rile ba fitlha kwa go Rehuele rraabo, ene a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo boile ka pele kajeno?”
19 Ba re: “Monna mongwe wa Moegepeto o re namotse badisa, a ba a re gelela metsi, a nosa letsomane lotlhe.”
20 Mme a raya bomorwadie a re: “Kana o kae? Monna yoo lo mo tlogeletseng? Yaang lo mmiletse dijo.”
21 Moše a dumela go nna le monna yoo; ene a neela Moše Siphora morwadie go nna mosadi wa gagwe.
22 Siphora a tshola ngwana wa mosimane, mme Moše a mo taya leina la Geresome; gonne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.”
23 Jaanong ya re sebaka se seleele se sena go feta, kgosi ya Egepeto ya swa, mme Baiseraele ba fegelwa ka ntlha ya botlhanka, ba lelela thuso; mme selelo sa bone sa tlhatlogela kwa Modimong se tswa mo botlhankeng jwa bone.
24 Modimo wa utlwa diphegelo tsa bone, wa gopola kgolagano ya ona e o e dirileng le Aborahame le Isaka le Jakobe.
25 Modimo wa bona Baiseraele, wa ba itshenolela.