Ditaolo tse some tse di boitshepo
1 Ya baa gona Modimo o buang mafoko aotlhe a, wa re:
2 “Ke nnaMorenaModimo wa gago yo ke go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka.
3 “O se nne le medimo epe e sele kwa ntle ga me.
4 “O se ka wa itirela modimo wa seseto, le fa e le setshwantsho sepe sa tse di kwa godimo mo legodimong, le fa e le sa tse di mo lefatsheng, gongwe sa tse di mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe.
5 O se ka wa e obamela le e seng go e direla. Gonne nnaMorena, Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, o ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo go ya losikeng lwa boraro le lwa bone lwa bona ba ba ntlhoang.
6 Mme ba tshika di le dikete ba ba nthatang le go tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba direla ka bopelotlhomogi.
7 “O se ka wa bolela leina laMorena, Modimo wa gago, mo go sa tshwanelang; gonne yo o bolelang leina la gagwe mo go sa tshwanelang,Morenaga a kitla a mo lesa a sa mo otle.
8 “Gakologelwa letsatsi la Sabata, o le itshepise.
9 Dira ka malatsi a marataro, o fetse tiro yotlhe ya gago;
10 mme letsatsi la bosupa ke Sabata waMorena, Modimo wa gago. Se dire tiro epe ka lone, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le seruiwa sa gago le moeng wa gago yo o mo dikgorong tsa gago.
11 Ka gonneMorenao dirile legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona ka malatsi a le marataro, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa. Ke ka mooMorenaa tshegofaditseng letsatsi la Sabata, a le itshepisa.
12 “Tlotla rraago le mmaago gore malatsi a gago a nne mantsi mo lefatsheng leMorena, Modimo wa gago, o tla le go nayang.
13 “O se ka wa bolaya.
14 “O se ka wa akafala.
15 “O se ka wa utswa.
16 “O se ka wa bua maaka ka ga mongwe-ka-wena.
17 “O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe-ka-wena. O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe-ka-wena, le e seng motlhanka wa gagwe, le e seng lelata la gagwe, le e seng kgomo ya gagwe, le e seng esele ya gagwe, le e seng sepe se e leng sa mongwe-ka-wena.”
Baiseraele ba a boifa
18 Jaanong e rile batho botlhe ba utlwa ditumo tsa maru le go kgelebetega ga lonaka, e bile ba bona dikgadima le thaba e kua musi, batho ba boifa, ba roroma, ba emela kgakala.
19 Ba raya Moše ba re: “A e nne wena o buang le rona, re tla utlwa; mme a Modimo o se ka wa bua le rona, e se re gongwe ra swa.”
20 Mme Moše a raya morafe a re: “Se boifeng, gonne Modimo o tlile go lo leka gore lo nne lo o boife ka metlha, mme lo se ka lwa leofa.”
21 Mme morafe wa emela kgakala, Moše ene a atamela leru le le kwenneng le Modimo o neng o le mo go lone.
Ditaelo ka ga aletare
22 Ke faMorenaa laela Moše a re: “Bua jaana le Baiseraele o re: ‘Lo bonye ka losi, fa ke bua le lona ke le kwa legodimong.
23 Lo se ka lwa kaya sepe jaaka nna; lo se ka lwa itirela medimo ya selefera gongwe ya gouta.
24 O ntirele aletare ya mmu, o ntlhabele ditlhabelo tsa gago tsa phiso le ditlhabelo tsa gago tsa tebogo le dinku tsa gago le dikgomo tsa gago mo go yona. Ke tla tla kwa go wena, ke go tshegofatsa mo felong gongwe le gongwe kwa ke go gopodisang leina la me teng.
25 Mme fa o ntirela aletare ya matlapa, o se ka wa e aga ka majwe a a betlilweng. Gonne fa o kgadikanya sediri sa tshipi sa gago godimo ga ona, o a itshepolola.
26 Le gona o se ka wa palamela kwa aletareng ya me ka mapalamo gore bosaikatega jwa gago bo se ka jwa senolwa fa pele ga yona.’