EKESODU 3

Moše o bidiwa ke Modimo gore a golole Baiseraele mo Egepeto

1 Moše o ne a ntse a disa letsomane la ga Jetoro mogwagwadiagwe, moperesiti wa Midiane. O kile a disa letsomane, a fetile sekaka, a fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.

2 Teng moengele waMorenaa iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo e e tswang mo setlhareng se se mitlwa. A leba, a fitlhela molelo o tuka mo setlhareng, mme se sa šwe.

3 Ke fa Moše a re: “A nke ke atamele, ke bone kgakgamatso e kgolo e gore ke ka ntlha ya eng, fa setlhare seo se sa šwe.”

4 Mme ya reMorenaa mmona a atamela go sekaseka, Modimo wa mmitsa o le mo setlhareng seo se se mitlwa wa re: “Moše! Moše!” Mme a re: “Ke fano.”

5 Wa re: “Se atamele kwano, rola ditlhako tsa gago; gonne felo fa o emeng teng foo ke felo fa go boitshepo.”

6 Wa ba wa re: “Ke nna Modimo wa ga rraago, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe.” Ke fa Moše a ipipa sefatlhego, ka a boifa go leba Modimo.

7 Morenaa re: “Ruri, ke bonye pogisego ya morafe wa me o o mo Egepeto, ke ba utlwile ba ledisiwa ke bagobagobetsi ba bone; tota ke itse botlhoko jwa bone.

8 Mme ke fologile go ba golola mo diatleng tsa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo le go ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le atlhameng kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, kwa dinageng tsa Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.

9 Jaanong, bona, selelo sa Baiseraele se fitlhile mo go nna. Le gona ke bonye kgatelelo e Baegepeto ba ba gateletseng ka yona.

10 Jaanong he, yaa teng, ke go rome kwa go Farao, o ntshe Baiseraele, morafe wa me, mo Egepeto.”

11 Moše a fetola Modimo a re: “Nna ke mang, yo nka yang kwa go Farao go ntsha Baiseraele mo Egepeto?”

12 Modimo wa re: “Kana ke tla nna nao. Mme sesupo sa gore ke go romile ke se: E tla re o sena go ntsha morafe oo mo Egepeto, lo direle Modimo mo thabeng e.”

13 Moše a botsa Modimo a re: “E re ke fitlha kwa Baiseraeleng, ke ba raya ke re: ‘Modimo wa borraeno o nthomile kwa go lona,’ mme ba mpotsa ba re: ‘Leina la ona ke mang?’ – foo ke ba ree ke reng?”

14 Modimo wa raya Moše wa re: “Ke nna yo ke leng ene!” Wa ba wa re: “Raya Baiseraele jaana o re: ‘Eneke-nnao nthomile kwano go lona.’ ”

15 Modimo wa bua gape le Moše wa re: “O ree Baiseraele jaana o re: ‘MorenaModimo wa borraeno, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, ke ona o o nthomileng kwano go lona.’ Ke lone leina la me ka bosakhutleng, ke lone le ke bidiwang ka lone ke ditshika tsotlhe.

16 Yaa he, o phuthe bagolo ba Baiseraele, o ba ree o re: ‘MorenaModimo wa borraeno o iponaditse mo go nna; Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe wa re: Ruri, ke lo etse tlhoko le tse lo di diretsweng mo Egepeto,

17 ka re, ke tla lo ntsha mo pogisegong ya Egepeto, ke lo isa kwa lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe.’

18 “Ba tla utlwa lentswe la gago; mme wena o ye kwa kgosing ya Egepeto, o na le bagolo ba Baiseraele, lo e ree lo re: ‘MorenaModimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Jaanong ge, a ko o re letlelele go ya kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re ye go direlaMorenaModimo wa rona ka ditlhabelo.’

19 Fela ke itse gore kgosi ya Egepeto ga e ka ke ya lo dumelela go tsamaya, fa e sa patelediwe ka thata.

20 Mme ke tla otlolola letsogo, ke itaya Egepeto ka dikgakgamatso tsa me tsa mefutafuta tse ke tla di dirang teng. Morago ga moo kgosi e tla lo rebola.

21 “Le gona ke tla naya morafe o go bona bopelotlhomogi mo matlhong a Baegepeto: E tla re fa lo huduga, lo se ke lo huduge lo iphotlhere fela.

22 Mme a mosadi mongwe le mongwe a kope dilo tsa selefera le tsa gouta le diaparo mo mosading wa Moegepeto yo o bapileng nae le mo go ene yo e leng moeng mo lapeng la Moiseraele; lo di apese bomorwa-lona le bomorwadia-lona, lo thukhuthe Baegepeto jalo.”