Badiri ba tse di boitshepo
1 Morenaa ba a bua le Moše a re:
2 “Bona, Besalele, morwa Uri, morwa Hure wa lotso lwa Juta ke mmiditse ka leina.
3 Ke mo tladitse Mowa wa Modimo le botlhale le tlhaloganyo le kitso le botswerere ditirong tsa mefutafuta
4 go ka akanya ditshwantsho tsa tiro, le go di dira ka gouta le selefera le kgotlho,
5 le go seta majwana le go a tlapisa le go seta dikgong le go dira ditiro tsa mefutafuta.
6 “Gape bona, ke dirile Oholiabe, morwa Ahisamage wa lotso lwa Dane mothusi wa gagwe. Ke tsentse botlhale mo dipelong tsa botlhe ba ba tlhalefileng gore ba dire tsotlhe tse ke di go laetseng,
7 e bong Tempelana ya Boipontsho le Letlole la Tshupo le sekhurumelo sa thuanyo se se mo godimo ga lone le dilo tsotlhe tsa Tempelana eo;
8 le lomati lwa dinkgwe tsa tshupo le didiri tsa lone; le setlhomo sa dipone sa gouta e e sa pekwang le didiri tsotlhe tsa sona le aletare ya go tshuba maswalo;
9 le aletare ya ditlhabelo tsa phiso le didiri tsotlhe tsa yona le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona;
10 le diaparo tse di rokilweng ka botswerere; le diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone moperesiti; le diaparo tsa bomorwawe tsa boperesiti;
11 le lookwane lwa tlotso; le tse di nkgang monate tsa go kuisa musi tsa Felo-ga-Boitshepo: Ba tla dira tsotlhe tseo ka fa ke go laetseng ka teng.”
Go itshepisa Sabata
12 Morenaa ba a bua le Moše a re:
13 “Raya Baiseraele o re: ‘Tlhokomelang go tlotla boSabata ba me ka botlalo; gonne ke sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lona mo ditshikeng tsa lona gore lo itse, fa e le nnaMorenayo ke lo itshepisang.
14 Ka moo tshegetsang letsatsi la Sabata, gonne le boitshepo mo go lona. Yo o le itshepololang o tshwanetse go bolawa. Ruri, mongwe le mongwe yo o dirang tiro ka lone o na le go tlosiwa ka polao mo morafeng wa ga gabo.
15 “ ‘A tiro e dirwe ka malatsi a marataro, mme letsatsi la bosupa ke la Sabata la boikhutso, le itshepetseMorena. Mongwe le mongwe yo o dirang tiro ka letsatsi la Sabata o tshwanetse go bolawa.
16 Ka moo a Baiseraele ba tshegetse letsatsi la Sabata ka go le tlhokomela mo ditshikeng tsotlhe tsa bone; e nne kgolagano e e sa khutleng.
17 Ke lone sesupo fa gare ga me le Baiseraele ka bosakhutleng. GonneMorenao dirile legodimo le lefatshe ka malatsi a marataro, mme ka letsatsi la bosupa a ikhutsa, a lapologa.’ ”
18 E rileMorenaa sena go fetsa go bua le Moše kwa thabeng ya Sinai, a mo neela matlapa a mabedi a molao, e le matlapa a maboti a a kwadilweng ke monwana wa Modimo.