EKESODU 32

Namane ya gouta. Moše o rapelela morafe

1 E rile batho ba bona Moše a diega go fologa mo thabeng, ba kgobokanela kwa go Arone, ba mo raya ba re: “Nanoga o re direle modimo o o tla re etelelang pele; gonne ga re itse se se dirafaletseng Moše, monna yole yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”

2 Arone a ba raya a re: “Rolang manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa basadi ba lona le tsa bomorwa-lona le tsa bomorwadia-lona, lo a tlise kwano go nna.”

3 Ke fa batho botlhe ba rola manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa bone, ba a isa kwa go Arone.

4 Ene a a amogela mo diatleng tsa bone, a seta ka seseti, a dira namane, a e bopa ka ona. Ke fa ba re: “Ke ona modimo wa lona Baiseraele, o o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”

5 Ya re Arone a bona jalo, a aga aletare fa pele ga yona; Arone a ba a tlhaba mokgosi a re: “Kamoso go tla nna moletlo waMorena.”

6 Jaanong ya re kamoso ba phakela, ba tlhaba ditlhabelo tsa phiso, ba tlisa ditlhabelo tsa tebogo. Morago ga moo batho ba nnela go ja le go nwa, ba tloga ba nanoga go tshameka.

7 Ke faMorenaa raya Moše a re: “Yaa o fologe, gonne morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto o sentse.

8 Ba fapogile ka pele mo tseleng e ke e ba laetseng, ba itiretse namane e e bopilweng, ba e obamela, ba e tlhabela ditlhabelo ba re: ‘Ke ona modimo wa lona Baiseraele, o o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’ ”

9 Morenaa ba a raya Moše a re: “Ke bonye morafe o, ka fitlhela e le wa dithamo tse di gagametseng.

10 Mme jaanong nte bogale jwa me bo ba tukele, ke ba nyeletse, mme wena ke go dire setšhaba se segolo!”

11 Mme Moše a kopa bopelotlhomogi moMoreneng, Modimo wa gagwe, a re: “Morena, morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ka thata e kgolo le ka letsogo le le tiileng, bogale jwa gago bo tla o tukelelang?

12 A Baegepeto ba se ka ba bua ba re: ‘O ba hudusitse ka maikaelelo a a bosula gore o tle o ba bolaele mo dithabeng le go ba nyeletsa mo lefatsheng!’ Boa mo bogaleng jo bo tukang jwa gago, o buse pelo, o se digele morafe wa gago mo tatlhegong.

13 Gopola Aborahame le Isaka le Iseraele, batlhanka ba gago, ba o ba ikanetseng ka wena, wa ba solofetsa wa re: ‘Ke tla ntsifatsa bana ba lona jaaka dinaledi tsa legodimo, ke naya bana ba lona lefatshe lotlhe leo ke buileng ka ga lone gore ba le rue ka bosakhutleng.’ ”

14 Ke faMorenaa busa pelo, a sa bolae morafe wa gagwe jaaka a ne a o bopetse.

15 Jaanong Moše a hulara, a fologa mo thabeng, a tshotse matlapa a mabedi a molao, e le matlapa a a kwadilweng ka ntlha tsotlhe.

16 Matlapa ao a ne a dirilwe ke Modimo, le mokwalo e ne e le mokwalo wa Modimo, o gwailwe mo matlapeng.

17 Jaanong ya re Jošua a utlwa modumo wa morafe o o duduetsang, a raya Moše a re: “Go leratla la ntwa mo bothibelelong.”

18 Mme ene a fetola a re: “Ga se modumo wa ba ba opelelang moepelane; le gona ga se selelo sa ba ba fentsweng; ke utlwa modumo wa ba ba opelang fela.”

19 Ya re a atamela bothibelelo, a bona namane le dipina; ke fa Moše a tuka bogale, a latlha matlapa a o neng a a tshotse, a a thubaganya fa tlase ga thaba.

20 A ba a tsaya namane e ba e dirileng, a e fisa ka molelo, a e notetsa ga tsamaya e nna lerole, a le gasa mo metsing, a a nosa Baiseraele.

21 Moše a ba a botsa Arone a re: “Morafe o, o go dirileng, mo o bileng o o leofisitse mo go kana?”

22 Arone a re: “A mong wa me a se tuke bogale! O itse morafe o ka wesi, fa o le bosula.

23 Ba ntheile ba re: ‘Re direle modimo o o ka re etelelang pele; gonne ga re itse se se dirafaletseng Moše, monna yole yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’

24 Ka ba raya ka re: ‘Yo o nang le gouta, a a e role.’ Ba e nneela. Ka e latlhela mo molelong, ga tswa namane e.”

25 Jaanong Moše a bona morafe o latlhile botho jotlhe; gonne Arone o ne a o bo latlhisitse, mo o bileng o sotlega mo babeng ba ona.

26 Ka moo Moše a ema mo kgorong ya bothibelo, a kua a re: “Yo e leng waMorenaa a tle kwano go nna!” Ke fa bomorwa Lefi botlhe ba kgobokanela kwa go ene.

27 Mme a ba raya a re: “MorenaModimo wa Iseraele o bua jaana o a re: ‘A mongwe le mongwe a tlame tšhaka ya gagwe mo lethekeng la gagwe, lo boaboele mo bothibelelong go tswa kgorong go ya kgorong, mme a mongwe le mongwe a bolae morwa-rraagwe le tsala ya gagwe le wa ga gabo.’ ”

28 Bomorwa Lefi ba dira ka fa Moše a ba laetseng ka teng; ga bolawa batho ba e ka nnang dikete tse tharo mo morafeng ka letsatsi leo.

29 Ke fa Moše a re: “IneelengMorenakajeno go nna baperesiti ba gagwe gore a tle a lo nee tshegofatso; gonne mongwe le mongwe o bolaile morwawe le morwa-rraagwe.”

30 Ya re kamoso Moše a raya morafe a re: “Le leofile boleo jo bogolo. Mme ke tla tlhatlogela kwaMoreneng. Motlha mongwe nka bonela boleo jwa lona boitshwarelo.”

31 Moše a boela kwaMorenenga re: “Ka thapelo,Morena! Morafe o, o leofile boleo jo bogolo, wa itirela modimo wa gouta.

32 Mme jaanong fa o ka ba itshwarela boleo jwa bone – ba itshwarele! Mme fa go sa nna jalo o mphimole mo lokwalong lwa gago lo o lo kwadileng.”

33 MmeMorenaa fetola Moše a re: “Yo o nteofetseng ke ene yo ke tla mo phimolang mo lokwalong lwa me.

34 Tsamaya jaanong o ise morafe o kwa felong fa ke go go boleletseng. Bona, moengele wa me o tla go etelela pele, mme ke tla ba beletsa boleo jwa bone ka letsatsi le ke tla betsang ka lone.”

35 Morenaa otla morafe jalo, ka ba diretse namane eo e Arone a e dirileng.