Morena o laela Baiseraele go tloga mo Sinai
1 JaanongMorenaa bua le Moše a re: “Tloga o huduge mono, wena le morafe o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, lo ye kwa lefatsheng le ke le ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe ka re: ‘Ke tla le naya losika lwa gago.’
2 Ke tla roma moengele gore a go etelele pele; ke tla leleka Bakanana le Baamori le Bahethe le Baferesi le Bahewi le Bajebusi
3 gore a go ise kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe. Gonne ga nka ke ka ya le lona, ka lo le morafe wa dithamo tse di gagametseng, e ka re gongwe ka lo fedisa mo tseleng.”
4 E rile batho ba utlwa lefoko le le botlhoko le, ba hutsafala; ga se ka ga nna ope yo o rwalang mokgabo wa gagwe.
5 MmeMorenaa raya Moše a re: “Raya Baiseraele o re: ‘Lona lo morafe wa dithamo tse di gagametseng. Fa nka ya le lona sebakanyana fela, ke ne ke tla lo fedisa. Jaanong rolang mekgabo ya lona. Foo ke tla akanya se nka se lo direlang.’ ”
6 Ke fa Baiseraele ba rola mekgabo ya bone go tloga kwa thabeng ya Horebe.
Tente ya Boipontsho jwa Morena
7 Jaanong Moše a tsaya Tempelana ya Tente, a e tlhoma ka kwa ntle ga bothibelelo, kgakala le jona, a e bitsa Tente ya Boipontsho. Jaanong e ne ya re fa go le mongwe yo o ratang go botsaMorena, a tswele kwa Tenteng ya Boipontsho e e neng e le ka kwa ntle ga bothibelelo.
8 Jaanong e ne e tle e re fa Moše a tswela kwa Tenteng, batho botlhe ba nanoge ba eme mongwe le mongwe fa mojakong wa tente ya gagwe, ba lebe Moše a ba hularetse go ya a tsene mo Tenteng.
9 Mme e ne ya re fa Moše a tsena mo Tenteng pinagare ya leru e fologe e eme fa mojakong wa Tente, mmeMorenaa bue le Moše.
10 Jaanong e ne ya re fa batho botlhe ba bona pinagare ya leru e eme fa mojakong wa Tente, batho botlhe ba nanoge, ba ikobe mongwe le mongwe fa mojakong wa tente ya gagwe.
11 Morenao ne a bua le Moše ba lebanye ka difatlhego jaaka motho a bua le tsala ya gagwe. Mme fa a boela kwa bothibelelong, modiredi wa gagwe wa lekau, Jošua morwa Nune, o ne a se ke a tlogela Tente.
Morena o tla nna le morafe wa gagwe
12 Jaanong Moše a rayaMorenaa re: “Bona, o ntaetse wa re: ‘Hudusa morafe o,’ mme ga o a ka wa nkitsise gore o tla roma mang le nna, le fa o buile wa re: ‘Ke go itse ka leina; le gona o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a me.’
13 Jaanong he, fa ruri ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a ko o nkitsise tsela ya gago gore ke go itse, ke lemoge, fa ke setse ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago. Mme o lebe setšhaba se jaaka morafe wa gago.”
14 Morenaa botsa Moše a re: “A ke ye nao ka nosi, ke go ise kwa boikhutsong?”
15 Mme a mo raya a re: “Fa o sa ye le rona ka wesi, o se ka wa re hudusa mono.
16 Kana go tla itsiwe ka eng, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, nna le morafe wa gago, fa e se ka go ya ga gago le rona le ka go tlhaolwa jalo mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng, nna le morafe wa gago?”
17 Ke faMorenaa raya Moše a re: “Le selo se o se kopileng jaanong ke tla se dira; gonne o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a me; e bile ke go itse ka leina.”
18 Moše a re: “A ko o mpontshe kgalalelo ya gago!”
19 MmeMorenaa re: “Ke tla fetisa bontle jotlhe jwa me fa pele ga gago, ke kua leina laMorenafa pele ga gago. Ke tla tlhomogela pelo yo ke mo tlhomogelang pelo; ke utlwela botlhoko yo ke mo utlwelang botlhoko.”
20 A ba a re: “O tla palelwa ke go bona sefatlhego sa me; gonne motho ga a ka ke ya re a mponye a phela.”
21 Morenaa boela a re: “Bona, manno a teng fa go nna; o ka ema mo lefikeng.
22 Jaanong e tla re kgalalelo ya me e feta, ke go tsenye mo lofarong lwa lefika, ke go sireletse ka seatla sa me go ya ke be ke fete.
23 Mme e tla re ke sena go tlosa seatla sa me, o mpone ke go hularetse. Fela sefatlhego sa me ga se ka ke sa bonwa.”