Go dirwa aletare ya ditlhabelo tsa phiso
1 Le gona a dira aletare ya ditlhabelo tsa phiso ka dipati tsa mokwa; boleele jwa yona le bophara jwa yona e le mabogo a le matlhano; e lekalekana ka dikhutlo tse nne tsa yona; bogodimo jwa yona e le mabogo a le mararo.
2 A dira dinaka tsa yona mo dikhutlong tse nne tsa go nna maoto a yona; a e manega kgotlho.
3 A ba a dira didiri tsotlhe tsa aletare, e bong diolola-melora le digopa-melora le megopo le ditlhaba-nama le digokolelo. Didiri tsotlhe tsa yona a di dira ka kgotlho.
4 A tswala aletare fa gare ga maoto a yona ka letloa la kgotlho; le le fa tlase ga maemo a yona go simolola fa fatshe go e kgaola ka bogare.
5 A bopela dikhutlo tse nne tsa letloa la kgotlho melepo e le mene go nna masomelo a dithobane.
6 Dithobane tseo a di dira ka morukuru, a di manega kgotlho.
7 A ba a somela dithobane mo melepong e e mo ditlhakoreng tsa aletare gore e sikarwe ka tsona. A e dira ka dipati, ya nna logapa ka mo teng.
Mogopo wa kgotlho
8 Le gona a dira mogopo o o tlhapelang wa kgotlho le lekoto la ona la kgotlho ka diiponi tsa basadi ba ba tshwereng tiro fa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho.
Lelapa la Tempelana
9 Le gona a dira lelapa: Lotlhakore lo lo mo ntlheng ya borwa lo ne lo na le logora lwa masela a masweu a a ditlhale-pedi a a lepeletseng a mabogo a le 100.
10 Maotwana a ona a ne a le 20 le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di ne di le 20; dikgoge tsa maotwana le melepo ya ona e ne e le tsa selefera.
11 Le lotlhakore lwa bokone lo ne lo na le masela a mabogo a le 100, maotwana a ona a le 20 le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di le 20; dikgoge tsa maotwana le melepo ya ona e le tsa selefera.
12 Le morago o o hularetseng bophirimatsatsi a o direla masela a a lepeletseng a mabogo a le 50; maotwana a ona a le 10 le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di le 10. Dikgoge tsa maotwana le melepo ya ona e le tsa selefera.
13 Le lepele ntlheng ya botlhabatsatsi la mabogo a le 50,
14 a le direla masela a a lepeletseng a mabogo a le 15 mo ntlheng nngwe ya kgoro; maotwana a ona a le mararo le ditlhako tsa ona di le tharo.
15 Gape a le direla masela a a lepeletseng a mabogo a le 15 mo ntlheng ya bobedi ya kgoro ya lelapa go le jalo mo ntlheng tsoo pedi. Maotwana a ona a le mararo le ditlhako tsa ona di le tharo.
16 Masela otlhe a a lepeletseng a lelapa mo tikologong e ne e le a masweu a a ditlhale-pedi.
17 Ditlhako tsa maotwana e le tsa kgotlho. Dikgoge tsa maotwana le melepo ya ona e le tsa selefera. Manego ya ditlhogo tsa ona e le ya selefera. Maotwana otlhe a lelapa a na le mephakarego ya selefera.
18 Sebipo sa kgoro ya lelapa se ne se logilwe ka masela a a marabata; e le sa masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi. Boleele jwa sona e le mabogo a le 20, bogodimo jwa sona e le mabogo a le 5 go lekana le bophara jwa masela a a lepeletseng a lelapa.
19 Maotwana a sona a ne a le mane le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di le nne; dikgoge tsa ona e le tsa selefera le manego ya ditlhogo tsa ona le mephakarego ya ona e le tsa selefera.
20 Dimapo tsotlhe tsa Tempelana le tsa lelapa tikologong e ne e le tsa kgotlho.
Mefuta ya ditshipi tse di dirisitsweng
21 Fano go bolelwa palo ya ditshenyegelo tsa go aga Tempelana, Tempelana ya Tshupo, tse di badilweng ke Balefi ka taelo ya ga Moše, ba okametswe ke Ithamare, morwa Arone, moperesiti.
22 Besalele, morwa Uri, morwa Hure, wa lotso lwa Juta, a dira tsotlhe tseMorenaa di laetseng Moše;
23 Oholiabe, morwa Ahisamage, wa lotso lwa Dane, a na nae, e le moseti le mologi wa masela a a ditshwantsho le a a mebalabala a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu.
24 Gouta yotlhe e e dirisitsweng mo tirong yotlhe ya go aga Ntlo e e Boitshepo e ne e le gouta ya dikabelo tsa ditalente di le 29 le ya dišekele di le 730, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo.
25 Mme selefera e e ntshitsweng ke ba ba badilweng ba phuthego e ne e le ditalente di le 100 le dišekele di le 1 775, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo.
26 Beka e le nngwe ya ntshiwa ke tlhogo ya motho, ke bontlhanngwe jwa šekele, jwa šekele ya Felo-ga-Boitshepo; ya ntshiwa ke mongwe le mongwe yo o ileng a balwa go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le go feta foo, ke ba le 603 550.
27 Ditalente di le 100 tsa selefera ke tsona tse go bopilweng ditlhako tsa Tempelana le ditlhako tsa lesire la yona ka tsona. Ditalente di le 100 tsa dira ditlhako di le 100. Talente e le nngwe ya dira setlhako.
28 Mme o ne a dira dikgoge tsa maotwana, a manega ditlhogo tsa ona, a a direla mephakarego ka selefera ya dišekele di le 1 775.
29 Kgotlho e e abetsweng Tempelana e ne e le ditalente di le 70 le dišekele di le 2 400.
30 Ka yona Besalele a dira ditlhako tsa mojako wa Tempelana ya Boipontsho le aletare ya kgotlho le letloa la kgotlho la yona le didiri tsotlhe tsa aletare
31 le ditlhako tsa lelapa tikologong le ditlhako tsa kgoro ya lelapa le dimapo tsotlhe tsa Tempelana le dimapo tsotlhe tsa lelapa mo tikologong.