Moše o fiwa thata go ka dira metlholo
1 Moše a fetola a re: “Fa ba sa ntumele, ba sa utlwe lentswe la me, ba re: ‘Morenaga a ka a iponatsa mo go wena, ke tla dirang’?”
2 Morenaa mo raya a re: “Ke eng se o se tshotseng ka letsogo?” A re: “Ke thobane.”
3 Morenaa re: “E latlhele fa fatshe!” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga. Moše a ba a tshaba.
4 Morenaa raya Moše a re: “Ntsha letsogo o e tshware ka mogatla.” A ntsha letsogo, a e tshwara, mme ya boa ya nna thobane gape mo letsogong la gagwe.
5 “O dire jalo gore ba tle ba dumele, faMorenaModimo wa borraabo, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, o iponaditse mo go wena.”
6 Morenaa ba a mo raya a re: “A ko o tsenye seatla mo sehubeng sa gago.” A tsenya seatla mo sehubeng sa gagwe. Ya re a se ntsha, a fitlhela seatla sa gagwe se tletse lepero se le sesweu jaaka semathana.
7 A laola a re: “Tsenya seatla gape mo kobong ya gago.” A se busetsa mo kobong ya gagwe. Ya re a se ntsha, a fitlhela se tshwana gape le nama ya gagwe.
8 “Mme fa ba sa go dumele, ba sa utlwe thuto ya sesupo sa ntlha, ba tla dumela thuto ya sesupo sa bobedi.
9 Mme fa ba sa dumele ditshupo tsoo pedi, ba sa utlwe lentswe la gago, o ge metsi mo nokeng ya Nile, o a tshololele fa go omileng. Foo metsi a o a gileng mo nokeng a tla fetoga madi teng foo.”
10 Mme Moše a rayaMorenaa re: “Ao! Morena, ga ke itse go bua sentle, fa e sa le ke tsalwa go fitlhelela kajeno, o ntse o bua le motlhanka wa gago. Gonne ke molomo o bonya, ke loleme lo bonya.”
11 Ke faMorenaa mmotsa a re: “Ke mang yo o fileng motho molomo, ke mang yo o dirang motho semumu gongwe sesusu gongwe mmoni gongwe sefofu? A ga se nnaMorena?
12 Tsamaya he o ye, nna ke tla nna le molomo wa gago, ke go ruta tse o tla di buang.”
13 Mme Moše a re: “Ao! Morena, roma o sele yo o ka kgonang, e seng nna.”
14 Ke faMorenaa tukela Moše bogale a re: “A ga ke re, Arone mogoloo wa Molefi o teng? Ke itse gore ene o itse go bua sentle. E bile o e tla, o tsile go go kgatlhantsha, mme e tla re a go bona, a itumele ka pelo yotlhe.
15 Bua nae, o tsenye mafoko mo molomong wa gagwe, mme ke tla nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, ke lo ruta tse lo tla di dirang.
16 Ene o tla nna mmueledi wa gago mo bathong, ene e le molomo wa gago, mme wena o le modimo wa gagwe.
17 Mme thobane eo e o tla dirang ditshupo ka yona, o e tshole ka letsogo.”
Moše o boela kwa Egepeto
18 Moše a tsamaya, a boela kwa go Jetoro mogwagwadiagwe, a mo raya a re: “A ko o ntetlelele gore ke boele kwa go ba ga etsho ba ba nnang kwa Egepeto, ke ye go bona gore a ba sa ntse ba phela.” Jetoro a raya Moše a re: “Yaa ka kagiso!”
19 Morenaa raya Moše a sa le kwa Midiane a re: “Boela kwa Egepeto, gonne banna botlhe ba ba neng ba rata go go bolaya ba sule.”
20 Ke fa Moše a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe, a ba palamisa diesele, a boela kwa lefatsheng la Egepeto. Moše a bo a tshotse thobane ya Modimo ka letsogo.
21 Morenaa laela Moše jaana a re: “E re ka o le mo tseleng go boela kwa Egepeto, o tlhokomele gore o dire dikgakgamatso fa pele ga Farao tse ke di tsentseng mo diatleng tsa gago. Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya gagwe, mo a se neng a leseletsa morafe go ka huduga.
22 “O be o ree Farao o re: ‘Morenao bua jaana a re: Iseraele ke ene morwaake wa ntlha.
23 Mme ke go laola ke re: Naya morwaake tsela gore a ye go ntirela, mme fa o ka gana go mo lesa a tsamae, ke tla bolaya morwao wa ntlha.’ ”
24 Jaanong ya re Moše a le mo tseleng fa go lalwang teng,Morenaa mo tlhasela, a re o a mmolaya.
25 Ke fa Siphora a tsaya thipa ya letlapa, a rupisa morwawe, a se latlhela fa dinaong tsa ga Moše a re: “Kana o mogatsaake wa madi!”
26 Ya ba gonaMorenaa mo lesang. Foo mosadi a re: “Mogatsaake wa madi!” A raya thupiso.
27 MmeMorenao ne a laetse Arone a re: “Yaa o kgatlhantshe Moše kwa sekakeng.” A ya a kgatlhana nae kwa thabeng ya Modimo, a mo atla.
28 Ke fa Moše a begela Arone mafoko otlhe aMorenao mo romileng ka ona le ditshupo tsotlhe tse o di mo laoletseng.
29 Moše le Arone ba ya ba phutha bagolo botlhe ba Baiseraele.
30 Arone a bolela mafoko otlhe aMorenao neng a a buile le Moše, mme Moše a dira ditshupo tsele fa pele ga matlho a morafe.
31 Morafe wa dumela. Ya re ba sena go utlwa goreMorenao etse Baiseraele tlhoko, o bonye pogisego ya bone, ba inama, ba obamela Modimo.