Tempelana e emisiwa le go kgakolwa
1 Morenaa raya Moše a re:
2 “Tlhoma Tempelana ya Tente ya Boipontsho ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha.
3 O tsenye Letlole la Tshupo mo go yona o sire Letlole ka lesire.
4 O ise lomati mo teng, o rulaganye tse di tshwanetseng mo go lone; o ise setlhomo sa dipone mo teng, o tlhome dipone tsa sona.
5 O bee aletare ya gouta ya maswalo fa pele ga Letlole la Tshupo, o pege sebipo sa mojako wa Tempelana.
6 “Aletare ya ditlhabelo tsa phiso o e bee ka fa ntle ga mojako wa Tempelana ya Tente ya Boipontsho.
7 Mogopo o o tlhapelang o o bee fa gare ga Tempelana ya Boipontsho le aletare eo, o tshele metsi mo go ona.
8 O age logora lwa lelapa mo tikologong, o pege sebipo sa kgoro ya lelapa.
9 “O be o tsee lookwane lwa tlotso, o tlotse Tempelana le tsotlhe tse di mo go yona, o e itshepise jalo le dilo tsotlhe tsa yona gore e nne boitshepo.
10 O tlotse aletare ya ditlhabelo tsa phiso le didiri tsotlhe tsa yona, o itshepise aletare gore aletare e nne boitshepotshepo.
11 O tlotse mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona, o o itshepise jalo.
12 “O atametse Arone le bomorwawe kwa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho, o ba tlhapise ka metsi.
13 O apese Arone diaparo tse di boitshepo, o mo tlotse, o mo itshepise jalo gore a ntirele e le moperesiti.
14 O be o atametse bomorwawe, o ba apese dihempe,
15 o ba tlotse jaaka o tloditse rraabo gore ba ntirele e le baperesiti. Mme go tlodiwa ga bone go tla fetisetsa boperesiti jo bo sa khutleng mo ditshikeng tsa bone.”
16 Moše a dira tsotlhe fela jaakaMorenaa mo laetse.
17 Tempelana ya tlhomiwa jalo ka la ntlha la kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa bobedi.
18 Moše a tlhoma Tempelana, a baya ditlhako tsa yona, a emisa dipati tsa yona, a tsenya mephakarego ya tsona, a tlhoma maotwana a yona.
19 A tsharolola thulelo ya tente mo godimo ga Tempelana, a baya matlalo a thulelo ya tente mo godimo ga yona jaakaMorenaa laetse Moše.
20 A ba a tsaya matlapa a molao, a a tsenya mo Letloleng, a somela dithobane mo melepong ya Letlole, a khurumela Letlole ka sekhurumelo sa thuanyo.
21 A isa Letlole mo teng ga Tempelana, a pega lesire la masela, a sira Letlole la Tshupo jaakaMorenaa laetse Moše.
22 A baya lomati mo Tempelaneng ya Boipontsho mo lotlhakoreng lwa bokone lwa moago ka fa ntle ga lesire.
23 A baya dinkgwe mo go lone ka thulaganyo fa pele gaMorena, jaakaMorenaa laetse Moše.
24 A baya setlhomo sa dipone mo Tempelaneng ya Boipontsho, sa lebana le lomati, se le mo lotlhakoreng lwa borwa lwa moago.
25 A tlhoma dipone fa pele gaMorenajaakaMorenaa laetse Moše.
26 A baya aletare ya gouta mo Tempelaneng ya Boipontsho ka fa ntle ga lesire,
27 a tshuba maswalo a a nkgang monate mo go yona, jaakaMorenaa laetse Moše.
28 A pega sebipo sa mojako wa Tempelana.
29 Mme aletare ya ditlhabelo tsa phiso a e baya ka fa ntle ga mojako wa moago, mo lapeng la Tempelana ya Boipontsho, a dira setlhabelo se se fisiwang le tshupelo ya dijo mo go yona jaakaMorenaa laetse Moše.
30 Mogopo o o tlhapelang a o baya fa gare ga Tempelana ya Boipontsho le aletare, a tshela metsi a go tlhapa mo go ona.
31 Jaanong Moše le Arone le bomorwawe ba tlhapa diatla le dinao ka ona.
32 E ne ya re fa ba tsena mo Tempelaneng ya Boipontsho gongwe ba atamela aletare, ba tlhape jaakaMorenaa laetse Moše.
33 A aga logora lwa lelapa mo tikologong ya Tempelana mmogo le aletare, a pega sebipo sa kgoro ya lelapa. Moše a fetsa tiro yotlhe jalo.
Leru le khurumetsa Tempelana
34 Ke fa leru le khurumetsa Tempelana ya Boipontsho le kgalalelo yaMorenae tlala ka moago.
35 Mme Moše a palelwa ke go tsena mo Tempelaneng ya Boipontsho, ka gonne leru le ne le le mo godimo go yona le kgalalelo yaMorenae tletse ka moago.
36 E ne ya re fa leru le tlhatloga mo moagong, Baiseraele ba bothologe ba tsene mo mesepelong yotlhe ya bone.
37 Mme fa leru le sa tlhatloge, ba se ke ba tloge, go fitlhelela letsatsing le, le tlhatlogang ka lone.
38 Gonne leru laMorenale ne le le mo godimo ga moago motshegare, mme bosigo go le molelo mo go lone fa pele ga matlho a Baiseraele botlhe mo mesepelong yotlhe ya bone.