Moše le Arone ba ya kwa go Farao
1 Morago ga moo Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Lesa morafe wa me o ye go ntirela moletlo mo sekakeng!’ ”
2 Farao a fetola a re: “Morenake mang yo ke tshwanetseng go mo utlwa, ka naya Baiseraele tsela? Ga ke itseMorena, le gona ga nka ke ka lesa Baiseraele go tsamaya.”
3 Bone ba re: “Modimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Nte re ye kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re direleMorena, Modimo wa rona, ditlhabelo, e se re gongwe a re wela ka leroborobo gongwe ka tšhaka.”
4 Kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Lona, Moše le Arone, lo dielang batho mo ditirong tsa bone? Yaang kwa ditirong tsa lona.”
5 Farao a ba a re: “Bonang, ba setse ba atile thata mo lefatsheng la rona. Jaanong a lona lo rata go ba ikhutsisa mo ditirong tsa bone?”
6 Ka lone letsatsi leo Farao a laela bagobagobetsi ba ba mo morafeng le baokamedi ba ona a re:
7 “Lo se ka lwa tlhola lo naya morafe lotlhaka lwa go bopa diekana jaaka pele. A ba ye ka bosi, ba ikgobokanyetse lotlhaka.
8 Mme palo ya diekana e ba e dirileng pele lo e batle mo go bone, lo se ka lwa e fokotsa; gonne bone ke ditshwakga. Ke ka moo ba goang ba re: ‘Re lese re ye re direle Modimo wa rona ditlhabelo!’
9 A tiro e imele banna bao tota gore ba itapise ka yona, mme ba se ka ba tlhokomela mafoko a maaka.”
10 Ke fa bagobagobetsi ba morafe le baokamedi ba ona ba tswa ba raya morafe ba re: “Farao o bua jaana a re: ‘Ga nka ke ka lo naya lotlhaka.
11 Yaang ka nosi lo ipatlele lotlhaka, kwa lo ka lo bonang teng, mme tiro ya lona ga e ne e fokodiwa ka gope.’ ”
12 Ke fa morafe o phatlalala le lefatshe lotlhe la Egepeto go kgobokanya dirite boemong jwa lotlhaka.
13 Mme bagobagobetsi ba ba potlakisa ba re: “Fetsang ditiro tsa lona tsa letsatsi ka nako ya tsona jaaka pele, fa lo sa ntse lo fiwa lotlhaka.”
14 Baokamedi ba e leng Baiseraele ba ba neng ba beilwe ke bagobagobetsi ba ga Farao mo go bone ba itewa, ba bodiwa ga twe: “Ke ka ntlha ya eng, fa maabane le kajeno lo sa fetsa palo ya diekana e lo e laetsweng jaaka gale?”
15 Ke fa baokamedi ba e leng Baiseraele ba ya kwa go Farao ba mo goela ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o direla batlhanka ba gago jaana?
16 Batlhanka ba gago ga ba fiwe lotlhaka, mme ba ntse ba re raya ba re: ‘Bopang diekana!’ Bona, batlhanka ba gago ba a itewa, morafe wa gago o dirwa baleofi.”
17 Mme a fetola a re: “Ditshwakga ke lona, lo metlapa! Ke ka moo lo buang lo re: ‘Re lese re ye re direleMorenaditlhabelo!’
18 Tsamayang lo ye tirong! Ga lo kitla lo fiwa lotlhaka, mme lo bope palo ya diekana e e beilweng.”
19 Ke fa baokamedi ba e leng Baiseraele ba iphitlhela ba le mo bothateng ka lefoko le le reng: “Lo se ka lwa fokotsa palo ya diekana tsa lona e e beilweng ya letsatsi le letsatsi.”
20 Ya re ba tswa kwa go Farao, ba kopana le Moše le Arone ba ba neng ba eme teng go ba kgatlhantsha.
21 Ba ba raya ba re: “AMorenaa lo bone, a lo atlhole; gonne lo re nkgisitse fa pele ga Farao le batlhanka ba gagwe, lwa ba lwa tsenya tšhaka mo diatleng tsa bone go re bolaya.”
Moše o ngongorega mo go Morena
22 Moše a boela kwaMorenenga re: “Morena, ke ka ntlha ya eng, fa o direla morafe o bosula? A o nthometse gona?
23 Fa e sa le ke tsena kwa go Farao go bua ka leina la gago, a simolola go direla morafe o bosula. Le gona ga o ise o golole morafe wa gago gope.”