1 MmeMorenaa raya Moše a re: “Jaanong o tla bona se ke tla se direlang Farao. Gonne o tla ba naya tsela, a pateleditswe ke letsogo le le thata. Ee, o tla ba leleka mo lefatsheng la gagwe, a pateleditswe ke letsogo le le thata.”
Modimo o bitsa Moše
2 Modimo wa bua gape le Moše, wa mo raya wa re: “Ke nnaMorena.
3 Ke iponaditse mo go Aborahame le mo go Isaka le mo go Jakobe ke le Modimo Mothatayotlhe, mme ga ke a ka ka ikitsise mo go bone ka leina la me laMorena.
4 Le gona ke dirile kgolagano ya me nabo, ka ba solofetsa go ba naya lefatshe la Kanana, lefatshe la boeng jwa bone, le ba neng ba le baeng mo go lone.
5 Le gona ke utlwile diphegelo tsa Baiseraele ba ba gatelelwang ke Baegepeto ka botlhanka, ka gopola kgolagano ya me.
6 Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nnaMorena, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo.
7 Ke tla lo tshola gore lo nne morafe wa me; ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla itse gore ke nnaMorenaModimo wa lona yo o lo ntshang mono, a lo rola morwalo wa go direla Baegepeto.
8 “ ‘Ke tla lo fitlhisa kwa lefatsheng lele le ke le tsholeleditseng letsogo ka ikano gore ke tla le naya Aborahame le Isaka le Jakobe. Ruri, nnaMorena, ke tla le lo naya go nna boswa.’ ”
9 Moše a bolelela Baiseraele jalo, mme ba se ka ba mo reetsa ka ntlha ya go fela pelo ka botlhanka jo bo setlhogo.
10 Ke faMorenaa bua le Moše a re:
11 “Yaa o bue le Farao, kgosi ya Egepeto, gore a lese Baiseraele ba huduge mo lefatsheng la gagwe.”
12 Mme Moše a bua fa pele gaMorenaa re: “Bona, fa Baiseraele ba sa nkutlwe, Farao ene o tla nkutlwa jang, ke le yo o sa itseng go bua sentle.”
13 Ke faMorenaa bua le Moše le Arone, a ba laela go ya kwa Baiseraeleng le kwa go Farao, kgosi ya Egepeto, go ba bolelela gore re romilwe go ntsha Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto.
Losika lwa ga Moše le Arone
14 Ditlhogo tsa malapa a borraabo ke tse: Bomorwa Rubene, motsalwapele wa ga Iseraele, ke Henoge le Phalo le Heserone le Karemi. Ke tsona ditso tsa ga Rubene.
15 Bomorwa Simeone ke Jemuele le Jamine le Ohate le Jagine le Sohare le Saule, morwa mosadi wa Mokanana. Ke tsona ditso tsa ga Simeone.
16 Maina a bomorwa Lefi ka go tlhomagana ga bone ke a: Geresone le Kahathe le Merari. Dinyaga tsa bophelo jwa ga Lefi di ne di le 137.
17 Bomorwa Geresone ke Lebeni le Simei ka fa ditsong tsa bone.
18 Bomorwa Kahathe ke Amerame le Isehare le Heberone le Usiele. Dinyaga tsa bophelo jwa ga Kahathe di ne di le 133.
19 Bomorwa Merari ke Magedi le Muši. Ke tsona ditso tsa ga Lefi le go tlhomagana ga tsona.
20 Amerame a tsaya Jogebete, rakgadiagwe, go nna mosadi wa gagwe; ene a mo tsalela Arone le Moše. Dinyaga tsa bophelo jwa ga Amerame di ne di le 137.
21 Bomorwa Isehare ke Kora le Nefege le Sigeri.
22 Bomorwa Usiele ke Mišaele le Elesafane le Sitheri.
23 Arone a tsaya Eliseba, morwadia Aminatabe, kgaitsadia Nasone, go nna mosadi wa gagwe, a tsala nae Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare.
24 Bomorwa Kora ke Asire le Elekana le Abjasafe. Ke tsona ditso tsa ga Kora.
25 Eleasare, morwa Arone, a tsaya mosadi mo go bomorwadia Phutiele; a tsala Phinehase nae. Ke tsona ditlhogo tsa borra-Balefi ka fa ditsong tsa bone.
26 Arone le Moše ke bone baMorenao ba laetseng a re: “Ntshang Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto, ba rulagantswe ka fa mephatong ya bone.”
27 Ke bone ba ba buileng le Farao, kgosi ya Egepeto, go hudusa Baiseraele mo Egepeto, e bong Moše le Arone.
28 E rile ka letsatsi leMorenao buileng le Moše mo lefatsheng la Egepeto ka lone,
29 Morenaa raya Moše a re: “Ke nnaMorena. Bolelela Farao, kgosi ya Egepeto, dilo tsotlhe tse ke tla di buang nao.”
30 Mme Moše a bua fa pele gaMorenaa re: “Kana ga ke itse go bua sentle. Farao o tla ntheetsa jang?”