EKESODU 7

1 Morenaa raya Moše a re: “Bona, ke go dirile modimo wa ga Farao, mme Arone mogoloo o tla nna moporofeti wa gago.

2 Wena o mmolelele tsotlhe tse ke di go laelang, mme Arone mogoloo o tla di bua le Farao gore a lese Baiseraele ba huduge mo lefatsheng la gagwe.

3 Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya ga Farao, ke ntsifatsa ditshupo tsa me le digakgamatso tsa me mo lefatsheng la Egepeto.

4 Farao ga a ka ke a lo utlwa, mme ke tla baya seatla sa me mo Egepeto, ke hudusa mephato ya me, e bong morafe wa me wa Baiseraele, mo lefatsheng la Egepeto ka dipetso tse dikgolo.

5 Motlhang ke otlololelang Baegepeto letsogo la me, ke ntsha Baiseraele mo gare ga bone, foo Baegepeto ba tla lemoga gore ke nnaMorena.”

6 Moše le Arone ba dira ka faMorenaa ba laetseng ka teng. Ba dira fela jalo.

7 E rile ba bua le Farao, Moše a bo a le dinyaga di le 80, mme Arone a le dinyaga di le 83.

Thobane ya ga Arone

8 JaanongMorenaa bua le Moše le Arone a re:

9 “Fa Farao a bua le lona a re: ‘Itshupeng ka kgakgamatso,’ o ree Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o e latlhele fa pele ga Farao; e tla fetoga noga.’ ”

10 Ke fa Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba dira ka faMorenaa ba laetseng ka teng; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Farao le fa pele ga batlhanka ba gagwe, ya fetoga noga.

11 Jaanong Farao a bitsa batlhalefi le baitseanape, mme dingaka tsa Egepeto le tsona tsa dira jalo ka mereo ya tsona.

12 Mongwe le mongwe a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe, tsa fetoga dinoga, mme thobane ya ga Arone ya metsa dithobane tsa bone.

13 Fela pelo ya ga Farao ya thatafala; a se ka a ba utlwa, fela jaakaMorenaa boletse.

Petso ya ntlha: Metsi a fetoga madi

14 Ke faMorenaa raya Moše a re: “Pelo ya ga Farao ga e ineele; o gana go naya morafe tsela.

15 Yaa kwa go Farao ka masa – bona, o tla ya kwa nokeng – o eme fa losing lwa noka ya Nile go mo kgatlhantsha gona, o tsee thobane e e fetogileng noga ka letsogo,

16 o mo ree o re: ‘MorenaModimo wa Bahebere o nthomile kwano go wena a re: Ke sa le ke go raya ke re: Lesa morafe wa me gore o ye go ntirela mo sekakeng! Mme bona, ga ò ise o utlwe go fitlhelela jaanong.

17 Morenao bua jaana a re: Se o tla lemogang ka sona gore ke nnaMorena, ke se: Ke tla itaya metsi a noka ka thobane e ke e tshotseng, mme a tla fetoga madi.

18 Ditlhapi tse di mo nokeng di tla swa, noka e be e nkge sebodu; mme Baegepeto ba tla bifelwa ke go nwa metsi a noka.’ ”

19 Morenaa raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o otlolole letsogo godimo ga metsi a Baegepeto le godimo ga dinoka tsa bone le dinokana tsa bone le matsha a bone le megobe yotlhe, fa metsi a phuthegelang teng gore a fetoge madi.’ Madi a tla nna teng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto le mo megopong ya logong le ya letsopa.”

20 Moše le Arone ba dira ka faMorenaa laotseng ka teng: A tsholetsa thobane, a itaya metsi a a mo nokeng ya Nile, Farao le batlhanka ba gagwe ba ntse ba lebile. Ke fa metsi aotlhe a a mo nokeng ya Nile a fetoga madi.

21 Ditlhapi tse di mo nokeng tsa swa, noka ya nkga mo Baegepeto ba bileng ba palelwa ke go nwa metsi a noka. Ga nna madi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.

22 Dingaka tsa Egepeto le tsona tsa dira fela jalo ka mereo ya tsona. Mme pelo ya ga Farao ya nna ya thatafala, a se ka a ba utlwa, jaakaMorenaa boletse.

23 Farao a retologa, a boela kwa lapeng la gagwe; selo se a se ka a se tsaya tsia.

24 Baegepeto botlhe ba epa metsi a a nowang mo ditlhakoreng tsa noka, ka ba ne ba palelwa ke go nwa metsi a noka.

25 Ga feta malatsi a supa, noka e ntse e le jalo,Morenaa sena go itaya noka ya Nile.