Tlholego ya lefatshe
1 Modimo o tlhodile legodimo le lefatshe mo tshimologong.
2 Lefatshe la bo le tobekanye, le se na sepe, go le lefifi godimo ga bodiba; Mowa wa Modimo o kala mo godimo ga metsi.
3 Modimo wa re: “A go nne lesedi!” Mme lesedi la nna teng.
4 Modimo wa bona lesedi fa le le molemo. Ke fa Modimo o kgaoganya lesedi le lefifi,
5 wa bitsa lesedi “Motshegare”, lefifi lone wa le bitsa “Bosigo”. Mme ga nna mantsiboa, ga ba ga nna moso, e le letsatsi la ntlha.
6 Modimo wa ba wa re: “A go nne loapi fa gare ga metsi! A lo kgaoganye metsi.” Mme ga dirafala jalo.
7 Modimo wa dira loapi go kgaoganya metsi a a kwa tlase ga loapi le metsi a a kwa godimo ga loapi.
8 Modimo wa bitsa loapi “Legodimo”. Mme ga nna mantsiboa, ga ba ga nna moso, e le letsatsi la bobedi.
9 Modimo wa ba wa re: “A metsi a a kwa tlase ga legodimo a phuthegele kwa felong go le gongwe gore go bonale mmu o o omileng.” Mme ga dirafala jalo.
10 Modimo wa bitsa mmu o o omileng “Lefatshe”, phuthegelo ya metsi yona wa e bitsa “Lewatle”. Modimo wa bona, fa go le molemo.
11 Modimo wa ba wa re: “A lefatshe le tlhoge botala jo bonana, e bong merogo e e nang le peo le ditlhare tse di ungwang maungo mo lefatsheng ka fa mefuteng ya tsona, a peo ya tsona e leng mo teng ga one.” Mme ga dirafala jalo.
12 Ke fa lefatshe le tlhoga botala jo bonana, e bong merogo e e nang le peo ka fa mefuteng ya yona, le ditlhare tse di ungwang maungo ka fa mefuteng ya tsona a peo ya tsona e leng mo teng ga ona. Modimo wa bona, fa go le molemo.
13 Mme ga nna mantsiboa, ga ba ga nna moso, e le letsatsi la boraro.
14 Modimo wa ba wa re: “A go nne masedi mo loaping lwa legodimo a a kgaoganyang motshegare le bosigo, a a dirang ditshupo le dipaka tse di laotsweng le malatsi le dinyaga.
15 A e nne masedi mo loaping lwa legodimo a a bonesang lefatshe.” Mme ga dirafala jalo.
16 Modimo wa dira masedi a magolo a le mabedi; lesedi le legolo e le le le laolang motshegare; lesedi le lebotlana e le le le laolang bosigo; le dinaledi wa di dira.
17 Modimo wa a baya mo loaping lwa legodimo gore a bonese lefatshe,
18 a laole motshegare le bosigo, a kgaoganye lesedi le lefifi. Modimo wa bona, fa go le molemo.
19 Mme ga nna mantsiboa, ga ba ga nna moso, e le letsatsi la bone.
20 Modimo wa ba wa re: “A go nyeule bontsi jwa dilonyana tse di phelang mo metsing; le dinonyane di fofe kwa godimo ga lefatshe fa tlase ga loapi lwa legodimo!”
21 Modimo wa tlhola maruarua le dilo tsotlhe tse di phelang tse di itshikinyang, tse di nyeulang mo metsing ka fa mefuteng ya tsona, le dinonyane tsotlhe tsa mafofa ka fa mefuteng ya tsona. Modimo wa bona, fa go le molemo.
22 Le gona wa di tshegofatsa wa re: “Atang lo ntsifale lo tlale mo metsing a lewatle! Le dinonyane a di ate mo lefatsheng!”
23 Mme ga nna mantsiboa ga ba ga nna moso, e le letsatsi la botlhano.
24 Modimo wa ba wa re: “A lefatshe le ntshe diphedi ka fa mefuteng ya tsona, e leng diruiwa le digagabi le diphologolo tsa naga ka fa mefuteng ya tsona.” Mme ga dirafala jalo.
25 Modimo wa dira diphologolo tsa naga ka fa mefuteng ya tsona le diruiwa ka fa mefuteng ya tsona le digagabi tsotlhe tsa naga ka fa mefuteng ya tsona. Modimo wa bona, fa go le molemo.
26 Modimo wa fela o re: “A re direng batho ka fa setshwanong sa rona ba ba tshwanang le rona gore ba laole ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa legodimo le diruiwa le lefatshe lotlhe le dilo tsotlhe tse di gagabang fa fatshe.”
27 Jaanong Modimo wa tlhola batho ka fa setshwanong sa ona, wa ba tlhola ka fa setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola e le monna le mosadi.
28 Modimo wa ba tshegofatsa, Modimo wa ba raya wa re: “Atang lo ntsifale, lo tlale ka lefatshe, lo le laole, lo buse ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa legodimo le diphedi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe.”
29 Modimo wa ba wa re: “Bonang, ditlhogi tsotlhe tse di nang le peo tse di mo lefatsheng lotlhe le ditlhare tsotlhe tsa maungo a a nang le peo ke di lo naya gore e nne dijo tsa lona.
30 Mme fa e le diphedi tsotlhe tsa lefatshe le dinonyane tsotlhe tsa legodimo le dilo tsotlhe tse di gagabang fa fatshe tse di nang le mowa wa bophelo tsona ke di naya ditlhogi tsotlhe tse ditala go nna dijo tsa tsona.” Mme ga nna jalo.
31 Jaanong Modimo wa leba dilo tsotlhe tse o di dirileng, wa fitlhela di le molemo thata. Mme ga nna mantsiboa ga ba ga nna moso, e le letsatsi la borataro.