Ditshika tsa ga Seme le Hame le Jafethe
1 Losika lwa bomorwa Noa Seme le Hame le Jafethe ke lo. Ba ne ba tsalelwa bomorwa morago ga morwalela wa metsi.
2 Bomorwa Jafethe ke Gomere le Magogo le Matai le Jafane le Thubale le Mesege le Thirase.
3 Bomorwa Gomere ke Asekenase le Rifathe le Thogarama.
4 Bomorwa Jafane ke Elisa le Tharesise le Bakhithime le Badotane.
5 Ditšhaba tse di anameng tsa dinaga tse di fa lewatleng di tswa mo go bao. Ke bone bomorwa Jafethe le mafatshe a bone le dipuo tsa bone le ditso tsa bone le ditšhaba tsa bone.
6 Mme bomorwa Hame ke Khuše le Miseraime le Phute le Kanana.
7 Bomorwa Khuše ke Seba le Hawila le Sabetha le Raema le Sabetheka; bomorwa Raema ke Šeba le Detane.
8 Khuše a tsala Nimerote; ke ene mogale wa ntlha mo lefatsheng.
9 E ne e le motsomi yo mogolo fa pele gaMorena; ke ka moo go a tleng go twe: “Mokete ke motsomi yo mogolo fa pele gaMorenajaaka Nimerote.”
10 O simolotse go busa kwa Babele le Erege le Akate le Kalene mo nageng ya Sineare.
11 A ba a tswa mo lefatsheng leo, a ya kwa Asiria, a aga Ninife le Rehobothe-Ire le Kalaga
12 le Resene, fa gare ga Ninife le Kalaga; ke ona motse o mogolo.
13 Miseraime a tsala Baludi le Baanami le Balehabi le Banafethugi
14 le Baphatharusi le Bakhaselugi le Bakhafethori ba Bafelesita ba duleng mo go bone.
15 Kanana a tsala Sitone, morwawe wa ntlha, le Hethe
16 le Bajebusi le Baamori le Bagiregasi
17 le Bahewi le Baareki le Basini
18 le Baarwadi le Basemari le Bahamathe. Morago ga moo ditso tsa Bakanana tsa phatlalala.
19 Naga ya Bakanana e ne e simologa kwa Sitone go ya go fitlha kwa Gerara le go ya kwa Gasa le go ya kwa Sotoma le Gomora le Atema le Seboime go fitlha kwa Leša.
20 Ke bone bomorwa Hame ka fa ditsong tsa bone le dipuong tsa bone mo mafatsheng a bone le mo ditšhabeng tsa bone.
21 Mme Seme, rraa-Bahebere botlhe, mogoloa Jafethe, le ene a tsalelwa bana.
22 Bomorwa Seme ke Elame le Asure le Arephagasadi le Lute le Arame.
23 Bomorwa Arame ke Use le Hule le Gethere le Maše.
24 Mme Arephagasadi a tsala Sela; Sela a tsala Hebere.
25 Hebere a tsalelwa bomorwa ba le babedi; leina la wa ntlha ke Phelege – gonne batho ba lefatshe ba ne ba kgaogana mo metlheng ya gagwe – leina la monnawe ke Jokotane.
26 Jokotane a tsala Alemotate le Selefe le Hasaremawethe le Jera
27 le Hatorame le Usale le Dikela
28 le Obale le Abimaele le Šeba
29 le Ofire le Hawila la Jobabe. Botlhe bao ke bomorwa Jokotane.
30 Ba ne ba agile go simolola kwa Meša go ya go fitlha kwa Sefare le kwa dithabeng tsa botlhabatsatsi.
31 Ke bone bomorwa Seme ka fa ditsong tsa bone le ka fa dipuong tsa bone mo mafatsheng a bone ka fa ditšhabeng tsa bone.
32 Ke tsona ditso tsa bomorwa Noa ka fa ditshikeng tsa bone mo ditšhabeng tsa bone. Ditšhaba tse di mo lefatsheng di dule mo go bone, tsa anama mo lefatsheng morago ga morwalela.