Kago e e godimodimo ya kwa Babele
1 Pele lefatshe lotlhe la bo le na le puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela.
2 Mme ya re ba hudugela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi, ba fitlhela lebala mo lefatsheng la Sineare, ba aga teng.
3 Ke fa ba raana ba re: “A re yeng re bope diekana, re di bese, di butswe!” Diekana tse e ne e le matlapa a bone, boka jwa mmu e le seretse sa bone sa go aga.
4 Ba re: “Tlayang a re ikageleng motse le kago e e godimo e setlhoa sa yona se fitlhang kwa legodimong gore re itirele leina le le tumileng, e se re gongwe ra phatlalala mo lefatsheng lotlhe.”
5 Ke faMorenaa fologa gore a bone motse oo le kago e e godimo eo, tse batho ba di agang.
6 JaanongMorenaa re: “Ruri, botlhe ke morafe o le mongwe fela wa puo e le nngwe fela. Selo se ke tshimologo ya tiro ya bone. Go tloga fa ga ba nke ba palelwa ke sepe se ba se akanyang.
7 Tlayang a re fologeleng teng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gore ba se ka ba utlwana ka puo.”
8 Morenaa ba phatlalatsa fa ba ne ba le teng, a ba falaletsa kwa dinageng tsotlhe tsa lefatshe. Ba khutla jalo go aga motse oo.
9 Ke ka moo o teilweng leina la Babele;gonne teng kooMorenao tlhakatlhakantse puo ya batho botlhe,Morenaa ba falatsa le dinaga tsotlhe tsa lefatshe go tswa teng.
Losika lwa ga Seme
10 Ba losika lwa ga Seme ke ba: Ya re Seme a le dinyaga di le 100, a tsala Arephagasadi, dinyaga di le pedi morago ga morwalela.
11 Ya re Seme a sena go tsala Arephagasadi, a phela dinyaga di le 500, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
12 Arephagasadi o ne a phedile dinyaga di le 35 fa a tsala Sela.
13 Mme ya re Arephagasadi a sena go tsala Sela, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
14 Sela o ne a phedile dinyaga di le 30, fa a tsala Hebere.
15 Mme ya re Sela a sena go tsala Hebere, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
16 Hebere o ne a phedile dinyaga di le 34, fa a tsala Phelege.
17 Mme ya re Hebere a sena go tsala Phelege, a phela dinyaga di le 430, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
18 Phelege o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Rehu.
19 Mme ya re Phelege a sena go tsala Rehu, a phela dinyaga di le 209, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
20 Rehu o ne a phedile dinyaga di le 32 fa a tsala Seruge.
21 Mme ya re Rehu a sena go tsala Seruge, a phela dinyaga di le 207, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
22 Seruge o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Nahore.
23 Mme ya re Seruge a sena go tsala Nahore, a phela dinyaga di le 200, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
24 Nahore o ne a phedile dinyaga di le 29 fa a tsala Thara.
25 Mme ya re Nahore a sena go tsala Thara, a phela dinyaga di le 119, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
26 Thara o ne a phedile dinyaga di le 70 fa a tsala Aborame le Nahore le Harane.
Losika lwa ga Thara
27 Ba losika lwa ga Thara ke ba: Thara o ne a tsala Aborame le Nahore le Harane, Mme Harane a tsala Lote.
28 Mme Harane a swa pele ga rraagwe mo lefatsheng le a tsaletsweng mo go lone, kwa motseng wa Ure wa Kalatea.
29 Ke fa Aborame le Nahore ba tsaya basadi: Leina la mosadi wa ga Aborame ke Sarai; leina la mosadi wa ga Nahore ke Mileka, morwadia Harane, yo e leng rraagwe Mileka le Iseka.
30 Sarai ene e ne e le moopa, a se na ngwana.
31 Jaanong Thara a tsaya Aborame morwawe, le Lote morwa Harane, morwa morwawe, le Sarai ngwetsi wa gagwe, mosadi wa ga Aborame morwawe, a huduga nabo, a tloga kwa Ure wa Kalatea, a re o ya kwa lefatsheng la Kanana; mme ba fitlha fela kwa Harane, ba aga teng.
32 Jaanong Thara a swela kwa Harane, a le dinyaga di le 205.