GENESI 12

Aborame o laelwa gore a hudugele kwa Kanana

1 JaanongMorenaa raya Aborame a re: “Tloga o tswe mo lefatsheng la ga eno, o tlogele ba ga eno le lelapa la ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tla le go bontshang.

2 Ke tla go dira setšhaba se segolo, ke go tshegofatsa, ke tumisa leina la gago gore o nne tshegofatso.

3 “Ke tla tshegofatsa

ba ba go tshegofatsang,

ke hutsa ba ba go hutsang;

ditshika tsotlhe tsa lefatshe

di tla tshegofadiwa ka wena.”

4 Ke fa Aborame a tloga jaakaMorenaa mo laetse. Lote a ya nae. Ya re Aborame a huduga kwa Harane, a bo a le dinyaga di le 75.

5 Aborame a tsaya Sarai, mosadi wa gagwe, le Lote, morwa monnawe, le dithuo tsa bone tse ba di bonyeng le makgoba a ba a rekileng kwa Harane. Ba huduga go ya kwa lefatsheng la Kanana, ba be ba fitlha kwa lefatsheng la Kanana.

6 Aborame a ralala lefatshe leo go fitlha kwa felong ga Šegeme le kwa setlhareng sa motherebinthe sa boitseanape. Mo metlheng eo ga bo go le Bakanana mo lefatsheng leo.

7 Ke faMorenaa iponatsa mo go Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya ba losika lwa gago.” Jaanong Aborame a agelaMorenayo o iponaditseng mo go ene aletare gona.

8 A ba a tloga teng, a ya kwa dithabeng tse di mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a tlhoma tente ya gagwe teng, Bethele a le kwa bophirimatsatsi, mme Ai a le kwa botlhabatsatsi. Le gona moo a agelaMorenaaletare, a bitsa leina laMorena.

9 Morago ga moo Aborame a fetela pele, a ntse a tsamaela kwa borwa.

10 Go kile ga nna leuba mo lefatsheng leo, ke fa Aborame a ya kwa Egepeto go jaka gona; gonne leuba le ne le le legolo mo lefatsheng leo.

11 Jaanong ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sarai, mosadi wa gagwe, a re: “Kana o mosadi yo montle.

12 Jaanong e tla re Baegepeto ba go bona, ba re: ‘Ke ene mosadi wa gagwe,’ mme ba tla mpolaya, wena ba go lesa o phela.

13 O tle o ba ree o re, o kgaitsadiake gore ke tle ke tsholege ka ntlha ya gago, ke phele ka lebaka la gago.”

14 Jaanong ya re Aborame a tsena kwa Egepeto, Baegepeto ba bona mosadi ba re, o montle thata.

15 Le dikgosana tsa ga Farao tsa mmona, tsa mmoka fa pele ga Farao; ke fa mosadi yoo a isiwa kwa ntlong ya ga Farao.

16 Ene a direla Aborame tse di molemo ka ntlha ya gagwe, a bona dinku le dikgomo le diesele le makgoba a banna le a basadi, le diesele tse dinamagadi le dikammele.

17 MmeMorenaa otla Farao le ba lapa la gagwe ka dikotlo tse dikgolo ka ntlha ya ga Sarai, mosadi wa ga Aborame.

18 Ke fa Farao a bitsa Aborame a re: “Ke eng se o se ntiretseng? Ke ka ntlha ya eng fa o sa mpolelela gore ke mosadi wa gago?

19 Ke ka ntlha ya eng fa o ne wa re: ‘Ke kgaitsadio’? Ka ba ka mo tsaya gore e nne mosadi wa me. Mme jaanong, bona, mosadi wa gago ke yo, mo tsee, o tsamae.”

20 Ke fa Farao a roma banna gore ba mo felegetse le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a nang natso.