Aborame o kgaogana le Lote
1 Aborame a tloga jalo kwa Egepeto, ene le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a nang natso, a boela kwa nageng ya borwa ya Kanana, Lote a ntse a na nae.
2 Aborame a bo a humile thata, a na le diruiwa le selefera le gouta.
3 A nna a tsamaya ka go tloga fa le go nna fale, go tswa kwa borwa go ya go fitlha kwa Bethele, kwa felong fa tente ya gagwe e neng e le teng mo tshimologong fa gare ga Bethele le Ai,
4 kwa felong ga aletare e a neng a e dirile teng pele. Aborame a ba a bitsa leina laMorenateng.
5 Mme Lote yo o neng a tsamaya le Aborame, le ene o ne a na le dinku le dikgomo le ditente.
6 Jaanong lefatshe la bo le sa ba lekane go ka nna mmogo, gonne dithuo tsa bone di ne di le dikgolo; ka moo ba palelwa ke go nna mmogo.
7 Ga ba ga tsoga kgang fa gare ga badisa ba diruiwa tsa ga Aborame le badisa ba diruiwa tsa ga Lote. Le gona Bakanana le Baferesi ba ne ba nna mo lefatsheng leo ka sebaka seo.
8 Ke fa Aborame a raya Lote a re: “A go ko go se nne kgang fa gare ga me le wena, le fa gare ga badisa ba me le badisa ba gago, gonne re bana ba motho.
9 Kana lefatshe lotlhe le fa pele ga gago! A ko o kgaogane le nna. Fa o ka ya ntlheng ya la molema, ke tla ya ntlheng ya le le jang; mme fa o ka ya ntlheng ya le le jang, ke tla ya ntlheng ya la molema.”
10 Ke fa Lote a tsholetsa matlho a bona lebala lotlhe la Joretane e le naga e e nang le metsi yotlhe, e tshwana le tshimo yaMorenale lefatshe la Egepeto go fitlha kwa Soare,Morenaa ise a senye Sotoma le Gomora.
11 Lote a itlhophela lebala lotlhe la Joretane; Lote a hudugela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi; motho a kgaogana jalo le mogoloa-rraagwe.
12 Aborame a sala mo lefatsheng la Kanana; Lote a ya go nna kwa metseng ya lebala la Joretane, a tsamaya a ntse a tlhomolola a tlhoma ditente tsa gagwe go ya go fitlha kwa Sotoma.
13 Mme banna ba Sotoma ba bo ba le bosula, ba leofelaMorenathata.
Aborame o hudugela kwa Heberone
14 Jaanong ya re Lote a sena go kgaogana nae,Morenaa raya Aborame a re: “A ko o tsholetse matlho o ntse o eme foo, o lebe kwa bokone le kwa borwa le kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi.
15 Gonne lefatshe lotlhe le o le bonang, ke tla le go naya le ba losika lwa gago ka bosakhutleng.
16 Ke tla atisa losika lwa gago jaaka lerole la lefatshe; ke go re, fa motho a ka kgona go bala lerole la lefatshe, losika lwa gago le lone lo tla nna le go ka balwa.
17 Nanoga o ralale lefatshe, o tsamae boleele jwa lone le bophara jwa lone, gonne ke tla le go naya.”
18 Ke fa Aborame a huduga ka ditente tsa gagwe, a ya a na fa ditlhareng tsa metherebinthe tsa ga Mamere tse di kwa Heberone, a agelaMorenaaletare gona.