Bogwera ke sesupo sa kgolagano
1 E rile Aborame a le dinyaga di le 99,Morenaa iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Ke nna Modimo Rra-thata-yotlhe! Sepela fa pele ga me, foo o nne mosiami.
2 Ke tla dira kgolagano ya me fa gare ga me le wena, ke go atisa thata thata.”
3 Ke fa Aborame a wela fa fatshe ka sefatlhego, mme Modimo wa bua nae wa re:
4 “Kgolagano ya me nao ka fa lotlhakoreng lwa me ke ya go re: Ò tla nna rra-bontsi jwa ditšhaba.
5 Ka moo ga o nke o tlhola o bidiwa Aborame, mme leina la gago e tla nna Aborahame; gonne ke tla go dira rra-bontsi jwa ditšhaba.
6 Ruri, ke tla go atisa gagolo thata, ke go dira ditšhaba; le dikgosi di tla tswa mo go wena.
7 “Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me fa gare ga me le wena le bana ba gago morago ga gago ba losika longwe le longwe gore e nne kgolagano e e sa khutleng ya go re: Ke tla nna Modimo wa gago le wa bana ba gago morago ga gago.
8 Lefatshe le o leng moeng mo go lone, e leng lefatshe lotlhe la Kanana, ke tla le go naya le bana ba gago morago ga gago go nna boswa jo bo sa khutleng, mme ke tla nna Modimo wa bone.”
9 Jaanong Modimo wa raya Aborahame wa re: “Fela o tshegetse kgolagano ya me, wena le bana ba gago morago ga gago mo losikeng longwe le longwe lwa bone.
10 Kgolagano ya me fa gare ga me le lona le bana ba gago morago ga gago e lo tshwanetseng go e tshegetsa ke e: A banna le basimane botlhe ba lona ba rupisiwe!
11 Lo rupisiwe mo nameng ya letlalo la bonna jwa lona; seo e tla nna sesupo sa kgolagano gare ga me le lona.
12 A go rupisiwe mosimanyana mongwe le mongwe wa lona a le malatsi a le 8 mo ditshikeng tsotlhe tsa lona le motlhanka yo o tsaletsweng mo ntlong le yo o rekilweng ka selefera le fa e le moeng wa kae le kae, yo e seng wa losika lwa lona.
13 Batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong ya gago le ba ba rekilweng ka selefera ya gago ba tshwanetse go rupisiwa. Kgolagano ya me e tla nna jalo mo nameng ya lona, e le kgolagano e e sa khutleng.
14 Mme monna le mosimane yo o nang le letlalo la bonna yo o sa rupisiwang mo nameng ya letlalo la bonna jwa gagwe, motho yoo a a nyelediwe mo morafeng wa ga gabo; o sentse kgolagano ya me.”
15 Modimo wa ba wa raya Aborahame wa re: “Sarai, mosadi wa gago, o se ka wa tlhola o mmitsa Sarai, mme leina la gagwe a e nne Sara.
16 Ke tla mo tshegofatsa, mme le ka ene ke tla go naya ngwana wa mosimane; ke tla mo tshegofatsa gore a nne mmaditšhaba; dikgosi tsa merafe di tla tswa mo go ene.”
17 Ke fa Aborahame a wela fa fatshe ka sefatlhego, a tshega, a ipotsa mo pelong a re: “A nka tsalelwa ngwana ke le dinyaga di le lekgolo? A Sara le ene o ka belega a setse a le dinyaga di le 90?”
18 Ke fa Aborahame a raya Modimo a re: “Ao! A go phele Isemaele fa pele ga gago!”
19 Mme Modimo wa re: “Ruri, Sara mosadi wa gago o tla go belegela ngwana wa mosimane; o mo tee leina la Isaka. Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me nae le losika lwa gagwe morago ga gagwe gore e nne kgolagano e e sa khutleng.
20 Le ka ga Isemaele ke go utlwile, bona, ke tla mo tshegofatsa, ke mo atisa, ke mo ntsifatsa gagolo thata. O tla tsala dikgosi di le 12. Ke tla mo dira setšhaba se segolo.
21 Mme kgolagano ya me ke tla e tlhomamisetsa Isaka yo Sara o tla mo go belegelang ngwaga o o tlang ka sona sebaka se.”
22 Jaanong ya re Modimo o sena go bua nae wa tlhatloga, wa tlogela Aborahame.
23 Ke fa Aborahame a tsaya Isemaele morwawe le batlhanka botlhe ba ba tsaletsweng mo ntlong ya gagwe le botlhe ba ba rekilweng ka selefera ya gagwe, e bong ba batonanyana botlhe ba batho ba lelapa la ga Aborahame, a rupisa nama ya letlalo la bonna jwa bone ka lone letsatsi leo, fela jaaka Modimo o mo laetse.
24 Aborahame o ne a le dinyaga di le 99, fa a rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa gagwe.
25 Isemaele morwawe o ne a le dinyaga di le 13, fa a rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa gagwe.
26 Ka letsatsi lone leo go rupisitswe Aborahame le Isemaele morwawe.
27 Le gona ga rupisiwa nae banna botlhe ba ntlo ya gagwe, e bong batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong le ba ba rekilweng ka madi mo bathong ba sele.