GENESI 21

Go tsalwa ga Isaka

1 Morenao ne a tshegofatsa Sara jaaka a buile;Morenaa direla Sara, ka fa a mo solofeditseng ka teng.

2 Sara a nna moimana, a belegela Aborahame ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe ka nako e Modimo o neng o e mmoleletse.

3 Morwawe yo a mo tsaletsweng, yo Sara a mo mmelegetseng, Aborahame a mo taya leina la Isaka.

4 Aborahame a ba a rupisa Isaka morwawe a le malatsi a a robedi, jaaka Modimo o mo laetse.

5 Aborahame o ne a le dinyaga di le lekgolo, fa go tsalwa Isaka morwawe.

6 Sara ene a re: “Modimo o ntiretse setshego; mongwe le mongwe yo o utlwang o tla ntshega.”

7 A ba a re: “Ke mang yo o neng a ka raya Aborahame a re: ‘Sara o tla amusa bana’? Gonne ke mmelegetse morwa a ntse a tsofetse.”

8 Ngwana ene a gola, a ba a kgwisiwa. Aborahame a dira moletlo o mogolo ka letsatsi le Isaka o kgwisitsweng ka lone.

Hagare le Isemaele ba a lelekwa

9 Jaanong ya re Sara a bona morwa Hagare wa Moegepeto yo a mmelegetseng Aborahame, a tshega,

10 a raya Aborahame a re: “Leleka lelata le, le morwaa-lona! Gonne morwa lelata le ga a tshwanela go ja boswa le Isaka morwaake.”

11 Lefoko leo la kgopisa Aborahame ka ntlha ya ga morwawe Isemaele.

12 Mme Modimo wa raya Aborahame wa re: “Se kgopisege ka ntlha ya mosimane le ka ntlha ya lelata la gago. Utlwa lentswe la ga Sara mo go tsotlhe tse o di buang nao; gonne losika lwa gago lo tla bidiwa ka Isaka.

13 Fela le morwa lelata ke tla mo dira setšhaba se segolo, ka gonne ke ngwana wa gago.”

14 Ke fa Aborahame a phakela mo mosong, a tsaya senkgwe le lekuka la metsi, a di naya Hagare, a di baya mo legetleng la gagwe, le ngwana, a mo naya tsela. Hagare a tsamaya, a kgarakgatshega mo sekakeng sa Bereseba.

15 Ya re metsi a sena go fela mo lekukeng a latlhela ngwana fa tlase ga sengwe sa ditlhatshana,

16 a tloga, a nna fatshe a lebagana nae a le kgakalanyana, fa bora bo ka hulang go fitlha teng, gonne a re: “Ke palelwa ke go leba ngwana a swa.” A nna jalo a lebaganye nae. Ngwana a tlhatlosa lentswe, a lela.

17 Modimo wa utlwa lentswe la mosimane. Moengele wa Modimo a bitsa Hagare a le kwa legodimong, a mo raya a re: “Molato ke eng, Hagare? Se boife, gonne Modimo o utlwile lentswe la mosimane fa a leng teng.

18 Nanoga o tsee mosimane, o mo tshware ka letsogo, gonne ke tla mo dira setšhaba se segolo.”

19 Ke fa Modimo o mmudulola matlho, a bona sediba sa metsi, a ya a tlatsa metsi mo lekukeng, a nosa mosimane.

20 Modimo wa nna le mosimane, a gola, a nna mo sekakeng, a tswa mohulabora.

21 A nna mo sekakeng sa Pharane; mmaagwe a mmatlela mosadi kwa lefatsheng la Egepeto.

Kgolagano ya ga Aborahame le Abimelege

22 Ka sebaka sona se Abimelege o ne a bua le Aborahame, a na le Phigolo, molaodi wa mephato ya gagwe, a re: “Modimo o na nao mo go tsotlhe tse o di dirang.

23 Jaanong ge, inkanele fano ka Modimo, fa o se kitla o ntirela ka boikanyologo, le fa e le banake gongwe bana ba banake; mme lorato lo ke go diretseng ka lone, le nna o ntirele ka lone mmogo le lefatshe le o fudisang mo go lone.”

24 Aborahame a re: “Ke tla ikana jalo.”

25 Fela Aborahame a kgalemela Abimelege ka ntlha ya sediba sa metsi se batlhanka ba ga Abimelege ba se mo amogileng ka thata.

26 Abimelege a araba a re: “Ga ke itse gore ke mang yo o dirileng jalo; le gona ga o a ka wa mpegela; le gona ke simolola go utlwa kajeno.”

27 Ke fa Aborahame a ntsha dinku le dikgomo, a di naya Abimelege; ba babedi bao ba dira kgolagano jalo.

28 Mme Aborahame a beela dikwana tse supa tsa letsomane fa thoko.

29 Ke fa Abimelege a botsa Aborahame a re: “Dikwana tse supa tseo tse o di tlhaotseng di le nosi ke tsa eng?”

30 Aborahame a re: “Ke go re o amogele dikwana tse supa tseo mo seatleng sa me gore e nne sesupo sa me sa go re ke epile sediba seo.”

31 Ke ka moo felo foo go biditsweng Bereseba;gonne ba ikanne teng ka bobedi jwa bone.

32 Ba ne ba dira kgolagano jalo kwa Bereseba. Morago ga moo Abimelege a nanoga, a na le Phigolo, molaodi wa mephato ya gagwe, ba boela kwa lefatsheng la Bafelesita.

33 Aborahame a tlhoma setlhare sa motamariseka kwa Bereseba; teng koo a bitsa leina laMorenaModimo o o sa khutleng.

34 Aborahame a nna sebaka se seleele mo lefatsheng la Bafelesita e le moeng.