Isaka o batlelwa mosadi
1 Aborahame o ne a tsofetse a godile thata.Morenao ne a mo tshegofaditse mo dilong tsotlhe.
2 Jaanong Aborahame a raya motlhanka yo mogolo wa lelapa la gagwe yo o neng a okametse dilo tsotlhe tsa gagwe, a re:“A ko o bee seatla sa gago fa tlase ga letheka la me
3 gore ke go ikanise kaMorenaModimo wa legodimo le lefatshe, fa o se nke o batlela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke agileng mo gare ga bone;
4 o ikane fa o tla ya kwa lefatsheng la ga etsho le kwa go ba ga etsho, go batlela morwaaka Isaka mosadi teng.”
5 Motlhanka a mo raya a re: “Ka gongwe mosadi o tla gana go ntshala morago go tla lefatsheng leno. A foo ke tla tshwanela go busetsa morwao kwa lefatsheng lele, kwa wena o tswang teng?”
6 Aborahame a mo araba a re: “Itise gore o se ka wa busetsa morwaake teng.
7 MorenaModimo wa legodimo yo o nntshitseng mo lapeng la ga rre le mo lefatsheng la ba ga etsho, yo o buileng le nna, yo o inkanetseng a re: ‘Ba losika lwa gago ke tla ba naya lefatshe le,’ ene o tla roma moengele wa gagwe gore a go etelele pele gore o batlele morwaake mosadi teng.
8 Mme e tla re fa mosadi a gana go tla le wena, o bo o bofologile maikanong a o a inkanetseng. Fela o se ka wa busetsa morwaake teng.”
9 Ke fa motlhanka a baya seatla sa gagwe fa tlase ga letheka la ga Aborahame, morena wa gagwe, a mo ikanela jalo ka fa mafokong ao.
10 Motlhanka yoo a tsaya dikammele di le some mo dikammeleng tsa mongwagwe, a tloga a tshotse dithoto tsa mefutafuta tsa morena wa gagwe. A bolola a ya kwa nageng ya Mesopotamia kwa motseng wa ga Nahore.
11 E rile a fitlha teng, a khubamisa dikammele ka fa ntle ga motse fa sedibeng sa metsi ka nako ya mantsiboa, fa basadi ba ya nokeng.
12 A rapela a re: “Morena, Modimo wa ga Aborahame, morena wa me, a ko o dirafatse kajeno se ke se tletseng fa, o direle Aborahame, mong wa me, ka bopelotlhomogi.
13 Bona, ke eme fano fa motsweding wa metsi, mme bomorwadia batho ba motse ba tla tla go ga metsi.
14 Jaanong a mosetsana yo ke tla mo rayang ke re: ‘A ko o sikarolole nkgo ya gago gore ke nwe;’ mme a nkaraba a re: ‘Nwaa, le dikammele tsa gago ke tla di nosa,’ a e nne ene yo ò mo laoletseng Isaka motlhanka wa gago. Mme a ke itse ka moo, fa o diretse morena wa me ka bopelotlhomogi.”
15 Ya re a ise a fetse go bua jalo, ga tlhaga Rebeka, morwadia Bethuele, morwa Mileka, mosadi wa ga Nahore, monnawe Aborahame, a sikere nkgo mo legetleng.
16 E ne e le mosetsana yo montle thata, e le lekgarebe le le iseng le angwe ke monna ope; a fologela motsweding, a tlatsa nkgo ya gagwe a ba a tlhatloga.
17 Ke fa motlhanka a akofa, a mo kgatlhantsha a re: “A ko o nnose metsinyana ka nkgo ya gago!”
18 A araba a re: “Nwaa, mong wa me!” A akofa a sikarololela nkgo mo seatleng sa gagwe, a mo nosa.
19 Ya re a sena go mo nosa, a re: “Le dikammele tsa gago ke tla di gelelela go fitlhelela di kgore.”
20 A ba a akofa a tshela metsi a gagwe mo segopong, a siana gape kwa sedibeng go ga, a gelelela dikammele tsotlhe tsa gagwe.
21 Monna yoo, o ne a mo etse tlhoko, a ntse a itidimaletse gore a tle a lemoge, faMorenaa tshegofaditse leeto la gagwe gongwe nnyaya.
22 Jaanong ya re dikammele di sena go nwa, monna a ntsha lenyena la gouta le bokete jwa lone e leng bontlhanngwe jwa šekele, a ba a mo rwesa mefitshane e le mebedi mo mabogong e bokete jwa yona e leng dišekele di le some tsa gouta.
23 A mmotsa a re: “O morwadia mang? A ko o mpolelele. A go na le manno mo lapeng la ga eno fa re ka lalang teng?”
24 A mo araba a re: “Ke morwadia Bethuele yo e leng morwa Mileka le Nahore.”
25 A ba a mo raya a re: “Re na le lotlhaka lwa mabele le dijo tse dintsi le marobalo.”
26 Ke fa monna yoo a inama, a obamelaMorena,
27 a re: “A go bakweMorena, Modimo wa ga Aborahame mongwake, yo o sa tlosang bopelotlhomogi jwa gagwe le boammaaruri jwa gagwe mo go mongwake! O ntsamaisitse mo tseleng, a nkgogela lapeng la monnaa morena wa me.”
28 Ke fa mosetsana a siana, a begela lelapa la ga mmaagwe tse di ntseng jalo.
29 Mme Rebeka a bo a na le kgaitsadie, leina la gagwe e le Labane. Labane a sianna kwa monneng yo o kwa motsweding.
30 A dira jalo a sena go bona lenyena le mefitshane mo mabogong a ga kgaitsadie, a sena go utlwa mafoko a ga Rebeka a a reng: “Monna yole o ntheile jaana le jaana”, mme a ya kwa monneng yole, a fitlhela a eme fa dikammeleng fa motsweding.
31 A mo raya a re: “Tsena, motshegofadiwa waMorena! O emetseng kwa ntle? Ke baakantse ntlo le manno a dikammele.”
32 Monna yoo a tsena mo lapeng. Mme Labane a golola dikammele, a di alela motlhaka, a di fa dijo; mme monna yoo le banna ba ba nang nae a ba tlisetsa metsi gore ba tlhape dinao.
33 Mme ya re a fiwa dijo, a re: “Ga nkitla ke ja ke ise ke bolele se ke se romilweng.” Labane a re: “Bolela!”
34 A re: “Ke motlhanka wa ga Aborahame.
35 Morenao tshegofaditse mongwake gagolo, a nna mogolo; a mo naya dinku le dikgomo le selefera le gouta le batlhanka le malata le dikammele le diesele.
36 Le gona Sara, mosadi wa ga mongwake, o mo tsholetse ngwana wa mosimane, a setse a tsofetse. Jaanong mongwake o abetse morwawe tsotlhe tse o nang natso.
37 Jaanong mongwake o inkanisitse a re: ‘O se ka wa batlela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke agileng mo lefatsheng la bone,
38 mme o ye kwa lapeng la ga rre le kwa losikeng lwa ga etsho, o batlele morwaake mosadi teng.’
39 Mme ka raya mongwake ka re: ‘Ka gongwe mosadi ga a ka ke a utlwana le nna.’
40 Ke fa a nthaya a re: ‘Morenayo ke sepetseng fa pele ga gagwe o tla roma moengele wa gagwe nao, a tlhogonolofatsa leeto la gago gore o batlele morwaake mosadi mo losikeng lwa ga etsho mo lapeng la ga rre.
41 Fela o tla bo o bofologile maikanong a o a inkanetseng, fa e ka re o fitlha kwa losikeng lwa ga etsho, ba gana go go neela mosadi; foo o tla bo o bofologile maikanong a o a inkanetseng.’
42 “Jaanong ka fitlha kajeno fa motsweding, ka rapela ka re: ‘Morena, Modimo wa ga Aborahame mongwake, fa o rata tota go tlhogonolofatsa leeto la me le ke leng mo go lone.
43 Bona, ke eme fa motsweding wa metsi! – A go nne jaana: Lekgarebe le le tlang go ga, le e tla reng ke le raya ke re: “A ko o nnose metsinyana ka nkgo ya gago;”
44 le ntheye le re: “Tsaya o nwe! Le dikammele tsa gago ke tla di nosa,” a e nne ene mosadi yoMorenaa mo laoletseng morwa mongwake.’
45 Jaanong ya re ke ise ke fetse go bua jalo mo pelong, ka bona Rebeka a tla, a sikere nkgo ya gagwe mo legetleng, a fologela motsweding, a ga. Ka mo raya ka re: ‘A ko o nnose!’
46 A akofa, a sikarolola nkgo ya gagwe mo legetleng a re: ‘Tsaya o nwe! Le dikammele tsa gago ke tla di nosa.’ Ka nwa; a ba a nosa le dikammele.
47 Ka mmotsa ka re: ‘O morwadia mang?’ A re: ‘Ke morwadia Bethuele, morwa Nahore le Mileka.’ Ke fa ke mo rwesa lenyena mo nkong ya gagwe le mefitshane mo mabogong a gagwe.
48 Ka inama, ka obamelaMorena, ka tumisaMorena, Modimo wa ga Aborahame mongwake, yo o ntsamaisitseng mo tseleng e e siameng gore ke batlele morwa mongwake morwadia morwa monnawe.
49 “Jaanong fa lo rata go direla mongwake ka bopelotlhomogi le boammaaruri, mpoleleleng, le fa go se jalo, mpoleleleng gore ke tle ke bone kwa ke tla yang teng.”
50 Ke fa Labane le Bethuele ba araba ba re: “Selo se, se tswa moMoreneng. Ga re ka ke ra gana le e seng go dumela.
51 Bona, Rebeka ke yoo fa pele ga gago; mo tsee o tsamae gore a nne mosadi wa morwa mong-wa-go, jaakaMorenaa buile.”
52 Ya re motlhanka wa ga Aborahame a utlwa mafoko ao, a itatlhela fa fatshe fa pele gaMorena.
53 Motlhanka a ba a ntsha mekgabo ya selefera le ya gouta le diaparo, a di fa Rebeka; kgaitsadie le mmaagwe le bone a ba fa tsa tlhwatlhwa e kgolo.
54 Ya baa gona ba jang, ene le banna ba ba nang nae, ba lala teng; ya re ba sena go tsoga ka moso, a re: “Mpheng tsela, ke boele kwa go mongwake!”
55 Mme kgaitsadie le mmaagwe ba re: “A mosetsana a name a sa na le rona malatsinyana le fa e ka nna a le some; e be gona a ka tsamayang.”
56 Mme a ba raya a re: “Se ntieng! KanaMorenao tlhogonolofaditse leeto la me. Mpheng tsela gore ke boele kwa go mongwake.”
57 Ba re: “A re bitseng mosetsana, re utlwe molomo wa gagwe.”
58 Ba bitsa Rebeka, ba mmotsa ba re: “A o tla tsamaya le monna yo?” A re: “Ee, ke tla tsamaya.”
59 Ke fa ba naya Rebeka kgaitsadia-bone tsela, a na le mmelegi wa gagwe, ba tsamaya le motlhanka wa ga Aborahame le banna ba gagwe.
60 Ba tshegofatsa Rebeka, ba mo raya ba re:
“Kgaitsadia-rona,
o nne mmadiketekete!
A bana ba gago ba thope
kgoro ya ba ba ba tlhoileng!”
61 Rebeka a bolola le basetsana ba gagwe, ba palama dikammele, ba sala monna yole morago. Motlhanka a tsere Rebeka jalo, a tsamaya.
62 Mme Isaka o ne a boa kwa nageng ya sediba sa “Mophedi-yo-o-mponang,” ka a ne a nna mo nageng ya borwa.
63 Jaanong Isaka o ne a tswetse kwa nageng go akanya go le maitsiboa. Ya re a tlhatlosa matlho, a bona dikammele di tla.
64 Le Rebeka a tlhatlosa matlho a bona Isaka. Ke fa a fologa mo kammeleng,
65 a botsa motlhanka a re: “Ke mang monna yole yo o tsamayang mo nageng a tla go re kgatlhantsha?” Motlhanka a re: “Ke ene mongwake.” Ke fa a tsaya lesire, a itshira ka lone.
66 Jaanong motlhanka a bolelela Isaka dilo tsotlhe tse o di dirileng.
67 Isaka a isa Rebeka mo tenteng ya ga mmaagwe, e bong ya ga Sara, a mo tsaya, a nna mosadi wa gagwe, mme a mo rata. Isaka a gomotsega jalo morago ga loso lwa ga mmaagwe.