Bana ba bangwe ba ga Aborahame
1 Aborahame a tsaya mosadi gape; leina la gagwe e ne e le Ketura.
2 Ene a mo tsalela Simerane le Jokosane le Metane le Midiane le Isepake le Sua.
3 Jokosane a tsala Šeba le Detane; bomorwa Detane e ne e le Baašuri le Balethuši le Baleumi.
4 Bomorwa Midiane e ne e le Efa le Efere le Henoge le Abita le Eletaha. Botlhe bao e ne e le bana ba ga Ketura.
5 Mme Aborahame a abela Isaka tsotlhe tse e leng tsa gagwe.
6 Fa e le bomorwa bagadingwana ba Aborahame o neng a na nabo, a ba abela dineo, a ba kgaoganya le Isaka morwawe, Aborahame a sa ntse a phela gore ba ye kwa botlhabatsatsi kwa lefatsheng le le ntlheng ya botlhabatsatsi.
Loso lwa ga Aborahame le phitlho ya gagwe
7 Malatsi a dinyaga tsa bophelo jwa ga Aborahame tse o neng a phela ka tsona ke dinyaga di le 175.
8 Aborahame a tlhokafala, a swa a tsofetse thata, e le monnamogolo, a jele lefatshe, a bilediwa kwa go borraagwe.
9 Bomorwawe Isaka le Isemaele ba mo fitlha mo logageng lwa Makapela nageng ya ga Eferone, morwa Sohare wa Mohethe, e e lebaganyeng le Mamere.
10 Ke naga ele e Aborahame o neng a e reka mo go Bahethe. Ke fa go fitlhilweng Aborahame le Sara, mosadi wa gagwe teng.
11 Ya re Aborahame a sena go swa, Modimo wa tshegofatsa Isaka morwawe. Isaka a nna kwa sedibeng sa “Mophedi-yo-o-mponang.”
Losika lwa ga Isemaele
12 Losika lwa ga Isemaele, morwa Aborahame, yo Hagare wa Moegepeto, lelata la ga Sara, o mo tsetseng le Aborahame, ke lo:
13 Maina a bomorwa Isemaele, a ditshika tsa bone di bidiwang ka ona ke a: Morwa wa ntlha wa ga Isemaele e ne e le Nebayothe; a tlhomagannwa ke Ketare le Atebele le Mibesame
14 le Misima le Duma le Masa
15 le Hatate le Thema le Jeture le Nafise le Kedima.
16 Ke bone bomorwa Isemaele, ke ona maina a bone mo malapeng a bone le mo metsaneng ya bone ya ditente; ke dikgosana di le 12 tsa ditso tsa tsona.
17 Dinyaga tsa bophelo jwa ga Isemaele ke di le 137. Ya baa gona a tlhokafalang, a swa, a bilediwa kwa go borraagwe.
18 Baisemaele ba ne ba agile go simolola kwa Hawila go fitlha kwa Sure yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Egepeto le go fitlha kwa Asiria. Ba nna mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya bomorwa-rraabo botlhe.
Botsalo jwa ga Esau le Jakobe
19 Losika lwa ga Isaka, morwa Aborahame, ke lo: Aborahame o ne a tsala Isaka.
20 Isaka o ne a le dinyaga di le 40, fa a tsaya Rebeka, morwadia Bethuele wa Mosiria wa kwa Phatane-Arame, kgaitsadia Labane wa Mosiria gore a nne mosadi wa gagwe.
21 Isaka o ne a rapelaMorenaka ntlha ya mosadi wa gagwe, gonne o ne a le moopa.Morenaa mo utlwa; mme Rebeka, mosadi wa gagwe, a ithwala.
22 Mme bana ba thulana mo teng ga gagwe. Ke fa a re: “Fa go ntse jalo ke phelelang?” Mme a ya go botsaMorena.
23 Morenaa mo araba a re: “Ditšhaba tse pedi di mo teng ga gago; merafe e mebedi e tla kgaogana, e tswa mo mpeng ya gago. Morafe mongwe o tla feta o mongwe ka thata. Yo mogolo o tla direla yo mmotlana.”
24 E rile malatsi a gagwe a go belega a sena go fitlha, ga bonala gore o tla tshola mafatlha.
25 Wa ntlha a tla a le mohibidu, a tshwana gotlhe le kobo e e boboa; ke ka moo ba neng ba mmitsa Esau.
26 Morago ga moo ga tla monnawe, seatla sa gagwe se tshwere serethe sa ga Esau; ene ba mo taya leina la Jakobe. E rile fa ba tsalwa, Isaka a bo a na le dinyaga di le 60.
Esau o rekisa botsalwapele jwa gagwe
27 Jaanong e rile basimane ba gola, Esau a nna motsomi yo o senatla le monna wa kwa nageng, mme Jakobe e ne e le monna yo o masisi, a nna mo gae.
28 Isaka o ne a rata Esau, ka a ne a natefelwa ke nama ya phologolo, mme Rebeka ene a rata Jakobe.
29 Jakobe o kile a apaya dijo, mme Esau a tla a tswa kwa nageng a lapile thata.
30 Ke fa Esau a raya Jakobe a re: “A ko o mphe, ke je bohibidu jo, gonne ke lapile thata.” Ke ka moo ba mo teileng leina la Etomo.
31 Mme Jakobe a re: “Rekisa pele mo go nna botsalwapele jwa gago.”
32 Esau a re: “Bona, ke gaufi le go swa; go tsalwa pele go tla nthusa eng?”
33 Jakobe a re: “Inkanele pele!” A mo ikanela, a rekisa botsalwapele jwa gagwe mo go Jakobe.
34 Ke fa Jakobe a fa Esau senkgwe le dikgobe tse dikhibidu, a ja a nwa, a nanoga a tsamaya. Esau a nyatsa jalo botsalwapele jwa gagwe.