Isaka o kwa Gerara
1 Go kile ga tla leuba gape mo lefatsheng leo, jaaka le kile la nna teng mo malatsing a ga Aborahame. Mme Isaka a ya kwa go Abimelege, kgosi ya Bafelesita, kwa Gerara.
2 Ke faMorenaa iponatsa mo go ene a re: “Se ye kwa Egepeto! Nna mo lefatsheng le ke tla le go bolelelang.
3 Jaka mo lefatsheng le, ke tla nna nao, ke go tshegofatsa; gonne mafatshe aotlhe ao ke tla a naya wena le losika lwa gago. Ke tla dirafatsa maikano a ke a ikanetseng Aborahame rraago.
4 Ke tla atisa bana ba gago, ba nna bantsi jaaka dinaledi tsa legodimo, ke naya losika lwa gago mafatshe aotlhe ao, mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago.
5 Ka gonne Aborahame o utlwile lentswe la me, a tshegetsa dikaelo tsa me le ditaolo tsa me le melao ya me le dithuto tsa me.”
6 Ke fa Isaka a nna kwa Gerara.
7 Jaanong ya re fa batho ba teng ba mmotsa ka ga mosadi wa gagwe, a ba raya a re: “Ke kgaitsadiake,” ka a ne a boifa go re: “Ke mosadi wa me.” A gopola gore banna ba mono ba ka mpolaya ka ntlha ya ga Rebeka; gonne o ne a le montle thata.
8 E rile a sena go nna teng sebaka, Abimelege, kgosi ya Bafelesita, a okomela ka fenstere, a leba a bona Isaka a tshameka le Rebeka, mosadi wa gagwe.
9 Ke fa Abimelege a bitsa Isaka a re: “Kana ke ene mosadi wa gago! O ne o buelang o re: ‘Ke ene kgaitsadio’?” Isaka a mo araba a re: “Ke buile jalo ke tshaba gore gongwe nka swa ka ntlha ya gagwe.”
10 Mme Abimelege a re: “Ke eng se o se re diretseng? Kana go ka bo go diragetse gore mongwe wa batho ba me a itseele mosadi wa gago, mme o ka bo o re dirisitse molato.”
11 Ke fa Abimelege a laola morafe otlhe a re: “Yo o amang monna yo le fa e le mosadi wa gagwe ruri o tla bolawa.”
12 Isaka o ne a lema mo lefatsheng leo. Mme ka ngwaga oo kgetse ya peo ya mmusetsa di le lekgolo, kaMorenaa ne a mo tshegofaditse.
13 Monna yoo a nna mogolo jalo, a nna a humela pele go fitlhelela a nna mogolo thata,
14 a na le letsomane la dinku, a na le motlhape wa dikgomo le batlhanka ba bantsi, mo Bafelesita ba bileng ba mo fufegela.
15 Bafelesita ba katela didiba tsotlhe tse batlhanka ba ga rraagwe ba neng ba di epile mo malatsing a ga rraagwe, e bong Aborahame, ba di katela ka mmu.
16 Abimelege le ene a raya Isaka a re: “Tsamaya o re tlogele; gonne o tiile thata bogolo go rona.”
17 Ke fa Isaka a huduga teng, a tlhoma ditente fa molapong wa Gerara, a nna teng.
18 Isaka a katolola didiba tse ba neng ba di epile mo malatsing a ga rraagwe, e bong Aborahame, tse Bafelesita ba neng ba di katetse, fa Aborahame a sena go swa. A di bitsa ka maina a di a teilweng ke rraagwe.
19 Le gona batlhanka ba ga Isaka ba epa mo mokgatsheng, ba phunya motswedi teng wa metsi a a elang.
20 Mme badisa ba Gerara ba lwa le badisa ba ga Isaka ba re: “Ke metsi a rona.” Ke fa a o bitsa “Wa-kgang,” ka ba ne ba omana nae.
21 Ba epa sediba se sengwe. Le sona ba se lwela. Ke fa a se bitsa “Sa-ntwa.”
22 A huduga teng, a epa sediba se sengwe; sona ba se ka ba se lwela. Ke fa a se taya leina la “Naga-e-e-atlhameng” a re: “Ruri, jaanongMorenao re file naga e e atlhameng gore re ate mo lefatsheng.”
23 A ba a tloga teng, a ya kwa Bereseba.
24 Morenaa iponatsa mo go ene bosigo joo a re: “Ke nna Modimo wa ga Aborahame rraago. Se boife, gonne ke na nao! Ke tla go tshegofatsa, ke atisa losika lwa gago ka ntlha ya ga Aborahame motlhanka wa me.”
25 Ke fa a aga aletare teng, a rapela leina laMorena, a tlhoma tente ya gagwe teng. Batlhanka ba ga Isaka ba epa sediba gona.
Isaka o dira kgolagano le Abimelege
26 Jaanong letsatsi le lengwe Abimelege a ya kwa go ene a tswa kwa Gerara, a na le Ahusathe, tsala ya gagwe le Phigolo molaodi wa mephato ya gagwe.
27 Isaka a ba botsa a re: “Lo tletseng kwa go nna? Kana lo ntlhoile, lwa nteleka mo go lona.”
28 Bone ba re: “Re bonye, faMorenaa na nao tota; ra re: A go ko go nne maikano fa gare ga rona, fa gare ga rona le wena, re dire kgolagano nao
29 gore o se ka wa re direla bosula, jaaka le rona re ise re ke re go ame; jaaka re go diretse tse di molemo fela, ra go tlogela, wa tsamaya ka kagiso. Kana wena o motshegofadiwa waMorena.”
30 Ke fa a ba direla moletlo, ba a ja, ba a nwa.
31 Ba phakela ka moso, ba ikanelana. Isaka a ba naya tsela, ba mo tlogela ka kagiso.
32 Ka lone letsatsi leo ga tla batlhanka ba ga Isaka, ba mmolelela ka ga sediba se ba se epileng, ba mo raya ba re: “Re bonye metsi.”
33 A se bitsa “Seba”.Ke ka moo leina la motse e leng Beresebago fitlhelela kajeno.
Basadi ba ga Esau
34 E rile Esau a le dinyaga di le 40, a nyala Judithe, morwadia Beri wa Mohethe, le Basemathe, morwadia Elone wa Mohethe.
35 Bone ba utlwisa Isaka le Rebeka botlhoko jo bo galakang.