Jakobe o bona tshegofatso ka boferefere
1 E rile Isaka a sena go tsofala le matlho a gagwe a sena go foufala, mo a sa tlholeng a bona, a bitsa Esau morwawe yo mogolo, a mo raya a re: “Morwaaka!” A mo araba a re: “Ke fano.”
2 A re: “Bona, ke tsofetse; ga ke itse letsatsi le ke tla swang ka lone.
3 Jaanong a ko o tseye dilo tsa gago tse o tsomang ka tsona le mokotlopo wa gago le bora jwa gago, o ye kwa nageng, o ye go ntsomela phologolo;
4 o tle go ntirela dijo tse di monate tse ke di ratang, o di ntlisetse ke je gore ke tle ke go tshegofatse, ke ise ke swe.”
5 Ya re Isaka a bua jalo le Esau morwawe, Rebeka a bo a ntse a reeditse. Jaanong Esau a ya kwa nageng go tsoma phologolo le go e tlisa.
6 Mme Rebeka a raya Jakobe morwawe a re: “Bona, ke utlwile rraago a bua le Esau mogoloo a re:
7 ‘Ntlisetse phologolo, o ntirele dijo tse di monate gore ke je, ke tle ke go tshegofatse fa pele gaMorena, ke ise ke swe.’
8 Mme jaanong, morwaaka, utlwa lentswe la me le se ke se go laelang.
9 A ko o ye kwa letsomaneng, o ye go ntseela diphokwana tse dintle di le pedi tsa dipodi. Ke tla di apeela rraago gore e nne dijo tse di monate tse a di ratang;
10 o tla di isa kwa go rraago gore a je, a tle a go tshegofatse, a ise a swe.”
11 Jakobe a raya Rebeka mmaagwe a re: “Bona, nkgonne Esau ke monna yo o boboa, mme nna ke monna yo o borethe.
12 E ka re gongwe rre a nkapaapa, ka nna motsietsi mo matlhong a gagwe, ka itlisetsa khutso, e seng tshegofatso.”
13 Ke fa mmaagwe a mo raya a re: “Khutso ya gago e tla wela mo go nna, morwaaka. Utlwa lentswe la me fela, o ye o di ntseele.”
14 A ya, a di tsaya, a di tlisetsa mmaagwe; mme mmaagwe a apaya dijo tse di monate ka fa rraagwe a di ratang ka teng.
15 Rebeka a ba a tsaya diaparo tsa mokgabo tsa ga Esau morwawe yo mogolo, tse di neng di le mo ntlong, a di apesa Jakobe morwawe yo mmotlana.
16 A ba a mo rwesa mabogo, a mo apesa ka matlalo a diphokwana go bipa borethe molaleng.
17 Dijo tse di monate le senkgwe se a se besitseng a di neela Jakobe morwawe.
18 Mme ene a tsena kwa go rraagwe a re: “Rra!” Isaka a re: “Ke fano; o mang, morwaaka?”
19 Jakobe a araba rraagwe a re: “Ke nna Esau ngwana wa ntlha wa gago. Ke dirile ka fa o ntaetseng ka teng. A ko o tsoge, o dule, o je phologolo ya me gore mowa wa gago o ntshegofatse.”
20 Mme Isaka a botsa morwawe a re: “O e bonye jang ka pele, morwaaka?” A araba a re: “Ke ka gonneMorenaa ile a e mpontsha.”
21 Ke fa Isaka a raya Jakobe a re: “Atamela tlhe, ke go apaape morwaaka, ke lemoge fa o le morwaake Esau tota gongwe nnyaya.”
22 Jakobe a atamela Isaka rraagwe; jaanong a mo apaapa a re: “Lentswe ke la ga Jakobe, mme mabogo ke a ga Esau.”
23 Mme a se ka a mo lemoga, gonne mabogo a gagwe a ne a le boboa jaaka mabogo a ga Esau. Ke ka moo o neng a mo tshegofatsa.
24 A mmotsa gape a re: “A wena o morwaake Esau ka nnete?” A araba a re: “Ke nna.”
25 Ke fa a re: “Di ntlisetse, ke je nama ya phologolo ya ga morwaake gore mowa wa me o go tshegofatse.” A di isa fa go ene, mme a ja; a ba a mo isetsa weine, mme a nwa.
26 Morago ga moo Isaka rraagwe a mo raya a re: “A ko o atamele, o nkatle, morwaaka.”
27 A atamela, a mo atla. Ya re a utlwa monko wa diaparo tsa gagwe, a mo tshegofatsa a re:
“Bona, monko wa ga morwaake
o tshwana le monko wa naga
eMorenao e tshegofaditseng.
28 A Modimo o go neye monyo
wa legodimo
le monono wa lefatshe
le letlotlo la mabele
le la matute a moweine.
29 A merafe e go direle,
a ditšhaba di go ikobele,
o nne morena
wa bomorwa-rraago.
A bomorwa-mmaago
ba go ikobele.
Go hutsiwe ba ba go hutsang.
Go tshegofadiwe
ba ba go tshegofatsang.”
Esau o kopa tshegofatso mo go Isaka
30 Jaanong ya re Isaka a sena go fetsa go tshegofatsa Jakobe e le gona fela Jakobe a kgaoganang le rraagwe, Esau mogolowe a goroga, a tswa go tsoma.
31 A apaya dijo tse di monate le ene, a di isa kwa go rraagwe, a raya rraagwe a re: “A rre a tsoge, a je phologolo ya ga morwawe gore mowa wa gago o ntshegofatse.”
32 Mme Isaka rraagwe a mmotsa a re: “Wena o mang?” A araba a re: “Ke nna Esau morwao yo o tsetsweng pele.”
33 Ke fa Isaka a tshoga ka letshogo le legolo thata a re: “Ke mang ne yo o tsomileng phologolo, a e ntlisetsa, ka ja mo go tsotlhe wena o ise o tle, ka ba ka mo tshegofatsa? Le gona o tla tshegofalela ruri.”
34 Ya re Esau a utlwa mafoko a ga rraagwe, a gala ka legalo le legolo le le galakang thata, a raya rraagwe a re: “Rra, le nna ntshegofatse!”
35 Mme ene a re: “Monnao o tlile ka boferefere, a utswa tshegofatso ya gago.”
36 Esau a re: “Ruri, o bidiwa Jakobeka tshwanelo. Kana o ntsieditse gabedi: Bogolo jwa me o bo tsere; jaanong o tsere le tshegofatso ya me.” A ba a re: “A ga o a ntshadisetsa tshegofatso epe?”
37 Isaka a araba, a raya Esau a re: “Bona, ke mo dirile morena wa gago, ka dira bomorwa-rraagwe botlhe batlhanka ba gagwe, ka mmabalela ka mabele le matute a moweine! Kana wena ke tla go naya eng, morwaaka?”
38 Esau a botsa rraagwe a re: “Rra, a o ne o na le tshegofatso e le nngwe fela? Rra, le nna ntshegofatse!” Ke fa Esau a tsholetsa lentswe, a lela.
39 Jaanong Isaka rraagwe a mo raya a re:
“Bona, boago jwa gago
bo tla nna kgakala le monono
wa lefatshe
le kgakala le monyo wa
legodimo kwa godimo.
40 O tla phela ka tšhaka ya gago,
o direla monnao;
mme e tla re o itwela thata,
o role joko ya gagwe mo
molaleng wa gago.”
41 Ke fa Esau a tlhoa Jakobe ka ntlha ya tshegofatso e rraagwe a mo tshegofaditseng ka yona. Esau a akanya mo pelong a re: “Malatsi a go lelela rre a gaufi; morago ke tla bolaya nnake Jakobe.”
42 Ya re Rebeka a begelwa mafoko a ga Esau morwawe yo mogolo, a roma, a bitsa Jakobe morwawe yo mmotlana, a mo raya a re: “Bona, Esau o rata go ipusolosetsa mo go wena ka go go bolaya.
43 Jaanong, morwaaka, utlwa lentswe la me, nanoga o tshabele kwa go Labane kgaitsadiake kwa Harane.
44 O nne nae malatsi a se kae go fitlhelela bogale jwa ga mogoloo bo time,
45 go tsamaya kgalefo ya ga mogoloo e go tlogele, a lebale tse o di mo diretseng. Foo ke tla roma, ke go tsaya teng. Kana nka tloga ka latlhegelwang ke bobedi jwa lona ka letsatsi le le lengwe fela?”
46 Rebeka a ya, a raya Isaka a re: “Ke sulafalelwa ke bophelo jwa me ka ntlha ya bomorwadia Bahethe. Fa Jakobe a ka tsaya mosadi mo go bomorwadia Bahethe ba lefatshe leno yo o tshwanang le ba, nka phelelang?”