GENESI 28

Jakobe o a tshaba

1 Ke fa Isaka a bitsa Jakobe, a mo tshegofatsa, a mo laela, a mo raya a re: “O se ka wa tsaya mosadi mo go bomorwadia Kanana!

2 Mme nanoga o ye kwa Phatane-Arame kwa lapeng la ga Bethuele rra-mmaago, o tseye mosadi mo go bomorwadia Labane malomaago.

3 A Modimo, Rra-thata-yotlhe, o go tshegofatse, o go atise, o go ntsifatse gore o nne masomo a merafe.

4 A o go nee tshegofatso ya ga Aborahame, wena le losika lwa gago gore o rue lefatshe le o leng moeng mo go lone, le Modimo o le neileng Aborahame.”

5 Isaka a naya Jakobe tsela jalo, mme a ya kwa Phatane-Arame kwa go Labane, morwa Bethuele wa Mosiria, kgaitsadia Rebeka, mmaagwe Jakobe le Esau.

6 Jaanong Esau a bona gore Isaka o tshegofaditse Jakobe, e bile a mo roma kwa Phatane-Arame go tsaya mosadi teng, a mo laela ka go mo tshegofatsa a re: “O se ka wa tsaya mosadi mo go bomorwadia Kanana;”

7 a bile a bona gore Jakobe a utlwa rraagwe le mmaagwe, a ya kwa Phatane-Arame.

8 Ya re ka Esau a lemoga ka moo gore bomorwadia Kanana ga ba kgatlhe Isaka rraagwe,

9 a ya kwa go Isemaele, a tsaya Mahalathe, morwadia Isemaele, morwa Aborahame, kgaitsadia Nebayothe, a nna mosadi wa gagwe; a oketsa basadi ba gagwe jalo.

Toro ya ga Jakobe kwa Bethele

10 Jaanong Jakobe a tloga mo Bereseba, a ya kwa Harane;

11 a phirimelelwa felong gongwe, a lala teng, a tsaya lengwe la majwe a teng, a le sama, a robala mo felong foo.

12 A lora, a bona sepalamo se tlhomilwe fa fatshe, se bofelelo jwa sona bo fitlhang kwa legodimong; a ba a bona baengele ba Modimo ba palama, e bile ba fologa ka sona.

13 A bonaMorenaa eme mo godimo ga sona a re: “Ke nnaMorena, Modimo wa ga Aborahame rraago le Isaka. Lefatshe le o robetseng mo go lone ke tla le naya wena le losika lwa gago.

14 Losika lwa gago lo tla nna jaaka lerole la lefatshe; o tla anamela kwa bophirimatsatsi le kwa botlhabatsatsi le kwa bokone le kwa borwa. Ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena le ka losika lwa gago.

15 Bona, ke na nao, ke tla go boloka gongwe le gongwe kwa o yang teng; ke tla go busetsa gape mo nageng eno. Gonne ga nkitla ke go tlogela go fitlhelela ke dire tse ke di go solofeditseng.”

16 Jaanong ya re Jakobe a thanya mo borokong jwa gagwe a re: “Ruri,Morenao mo felong fano, mme nna ke ne ke sa itse.”

17 A boifa a re: “Felo fano go boitshega jang! Ga se naga fela, ke Ntlo ya Modimo; ke kgoro ya legodimo.”

18 Jakobe a phakela mo mosong, a tsaya lentswe le o neng a le samile, a le tlhoma go nna segopotso, a tshela lookwane godimo ga lone.

19 A taya felo foo leina la “Bethele”,mme leina la kgale la motse wa teng e ne e le Luse.

20 Le gona Jakobe a ipofa ka maikano a re: “Fa Modimo o ka nna le nna, wa mpoloka mo tseleng e ke tsamayang ka yona, wa mpha bogobe go ja le diaparo go apara;

21 ka ba ka boela kwa lapeng la ga rre ka kagiso, fooMorenao tla nna Modimo wa me.

22 Foo lentswe le ke le tlhomileng go nna segopotso e tla nna Ntlo ya Modimo. Gape tsotlhe tse o tla di nnayang ke tla go ntshetsa kabelo ya lesome ya tsona.”