Go sa utlweng ga batho
1 Noga e ne e feta diphologolo tsotlhe tsa naga ka boferefere tseMorenaModimo o di dirileng; ya botsa mosadi ya re: “A ruri Modimo o buile wa re: ‘Lo se ka lwa ja ditlhare dipe tsa tshimo’?”
2 Ke fa mosadi a araba noga a re: “Go tilwe, re je maungo a ditlhare tsa tshimo.
3 Fela Modimo o buile ka ga maungo a setlhare se se fa gare ga tshimo wa re: ‘Lo se ka lwa a ja le e seng go a ama, e se re gongwe lwa swa.’ ”
4 Mme noga ya raya mosadi ya re: “Nnyaya, ga lo kitla lo swa!
5 Kana Modimo o itse gore motlhang lo a jang, matlho a lona a tla buduloga, lo tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”
6 Ke fa mosadi a bona gore setlhare seo se molemo go ka jewa, le gona se kgatlha matlho; setlhare seo se eletsega ka ntlha ya go tlhalefisa motho. A ba a tsaya maungo a sona, a ja, a naya le monna wa gagwe yo o neng a na nae, mme le ene a ja.
7 Ya baa gona matlho a bone a budulogang, ba lemoga gore ga ba a tswala; ba rokaganya matlhare a mofeie, ba itirela ditswalo.
8 Jaanong ya re ba utlwa mokgwasa waMorenaModimo o sepela mo tshimong go le phefo ya mantsiboa, motho le mosadi wa gagwe ba tshaba sefatlhego saMorenaModimo, ba iphitlha mo teng ga ditlhare tsa tshimo.
9 Ke faMorenaModimo o bitsa motho, o mo raya o re: “O fa kae?”
10 Ene a re: “Ke utlwile mokgwasa wa gago mo tshimong, jaanong ka boifa, ka ke ne ke sa ikatega, ka ba ka iphitlha.”
11 Morenaa fetola a re: “Ke mang yo o go boleletseng gore ga o a ikatega? A kampo o jele setlhare se ke go laetseng ka re: O se ka wa se ja?”
12 Motho a re: “Mosadi yo ò mo nneileng gore a nne le nna ke ene yo o mphileng leungo la setlhare seo, ka ja.”
13 MorenaModimo wa botsa mosadi wa re: “Ke eng se o se dirileng?” Mosadi a re: “Noga e ntsieditse, mo ke bileng ka ja.”
Katlholo ya Modimo
14 Ke faMorenaModimo o raya noga o re: “E re ka o dirile jalo o hutsitswe mo diruiweng tsotlhe le mo diphologolong tsotlhe tsa naga. O tla gwapa ka mpa, o ja lerole ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago.
15 Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”
16 Morenaa raya mosadi a re: “Ke tla go ntsifaletsa ditapisego thata, fa o ithwele; o tla belega bana ka botlhoko, o tla tlhologelelwa monna wa gago, mme ene o tla go laola.”
17 A raya Atame a re: “E re ka o utlwile lentswe la mosadi wa gago, wa ja setlhare se ke go laetseng ka re: ‘O se ka wa se ja!’ masimo a hutsitswe ka ntlha ya gago. O tla ja tsa ona ka matsapa ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago.
18 A tla go tlhogela mitlwa le ngwang; o tla ja merogo ya naga.
19 O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlhelela o boela kwa mmung, gonne o ntshitswe mo go ona; o lerole, mme o tla boela leroleng.”
20 Motho a taya mosadi wa gagwe leina la Efa; gonne ke ene mma-baphedi botlhe.
21 MorenaModimo wa direla motho le mosadi wa gagwe diaparo tsa matlalo, wa di ba apesa.
Atame le Efa ba lelekwa mo tshimong ya Etene
22 JaanongMorenaModimo wa re: “Bonang, motho o fetogile, o tshwana le rona ka go itse molemo le bosula. Jaanong a a se ka a ntsha letsogo, a fula le maungo a setlhare sa bophelo, a a ja, a tloga a phela ka bosakhutleng!”
23 Ke ka mooMorenaModimo o mo ntshitseng mo tshimong ya Etene gore a ye go lema mmu o a ntshitsweng mo go ona;
24 wa leleka motho, wa baya boKerubime mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya tshimo ya Etene, ba nna le tšhaka ya molelo e e kgadikang go disa tsela e e yang kwa setlhareng sa bophelo.