GENESI 30

1 E rile Ragele a bona, fa a sa tsholele Jakobe bana, Ragele a fufegela mogolowe, a raya Jakobe a re: “Mphe bana! Go seng jalo, ke tla swa.”

2 Mme Jakobe a tukela Ragele bogale a re: “A ke nna Modimo o o go timang bana!”

3 Ragele a re: “Bileha, lelata la me, ke yo, tsena kwa go ene gore a ntsalele bana, le nna ke bone bana ka ene.”

4 A mo naya Bileha, lelata la gagwe, go nna mogadingwana, mme Jakobe a tsena kwa go ene.

5 Bileha a nna moimana, a tsalela Jakobe mosimane.

6 Ke fa Ragele a re: “Modimo o nkatlholetse, o bile o utlwile lentswe la me, wa mpha ngwana wa mosimane.” Ka moo a mo taya leina la Dane.

7 Bileha, lelata la ga Ragele, a nna moimana gape, a tsalela Jakobe mosimane wa bobedi.

8 Ke fa Ragele a re: “Dikampano tsa Modimo ke di kampanye le nkgonne, ka ba ka fenya.” Mme a mo taya leina la Nafetale.

9 Jaanong ya re Lea a bona, fa a khutlile go belega, a tsaya Silepa, lelata la gagwe, a mo neela Jakobe go nna mogadingwana.

10 Silepa, lelata la ga Lea, a tsalela Jakobe mosimane.

11 Ke fa Lea a re: “A letlhogonolo!” A mo taya leina la Gate.

12 Silepa, lelata la ga Lea, a ba a tsalela Jakobe mosimane wa bobedi.

13 Ke fa Lea a re: “A lesego la me! Jaanong basadi ba tla mpoka ba re, ke sego.” A mo taya leina la Asere.

14 Rubene o ne a kile a tsamaya mo malatsing a thobo ya mabele, a bona maungo a meratiso mo nageng, a a tlisetsa Lea mmaagwe. Mme Ragele a raya Lea a re: “A ko o mphe mangwe a maungo a meratiso a ga morwao.”

15 Lea a mo araba a re: “A ga o a itumela, ka o nkamogile monna wa me? A le gona o rata go nkamoga maungo a meratiso a ga morwaake?” Ragele a re: “A Jakobe a robale nao bosigo jono, fa o ka mpha maungo a meratiso a ga morwao.”

16 Jaanong ya re Jakobe a boa kwa masimong mantsiboa Lea a ya a mo kgatlhantsha, a mo raya a re: “O tshwanetse go tla kwa go nna, gonne ke go rekile ruri ka maungo a meratiso a ga morwaake.” Mme a robala nae bosigo joo.

17 Modimo wa utlwa Lea, a nna moimana, a tsalela Jakobe mosimane wa botlhano.

18 Ke fa Lea a re: “Modimo o mphile tuelo, ka gore ke neetse monna wa me lelata la me.” Mme a mo taya leina la Isašare.

19 Lea a nna moimana gape, a tsalela Jakobe mosimane wa borataro.

20 Ke fa Lea a re: “Modimo o mphile mpho e ntle. Jaanong monna wa me o tla nna le nna, gonne ke mo tsaletse basimane ba barataro.” Mme a mo taya leina la Sebulone.

21 Morago ga moo a tshola ngwana wa mosetsana, a mo taya leina la Dina.

22 Modimo wa gopola Ragele le ene, wa utlwa thapelo ya gagwe, wa mo naya ngwana.

23 A nna moimana, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Modimo o tlositse kgobo ya me.”

24 A mo taya leina la Josefa a re: “AMorenaa mphe mosimane yo mongwe gape!”

Tumalano ya ga Jakobe le Labane

25 Jaanong ya re Ragele a sena go tshola Josefa, Jakobe a raya Labane a re: “Mphe tsela, ke boele kwa ga etsho le kwa lefatsheng la ga etsho!

26 Nthebolele basadi ba me le bana ba me ba ke go diretseng ka ntlha ya bone gore ke tsamae; gonne o itse tiro ya me ka wesi e ke e go diretseng.”

27 Labane a mo raya a re: “A ko o ntebe ka bopelotlhomogi! Ke lemogile ka mabaka, faMorenaa ntshegofatsa ka ntlha ya gago.”

28 A ba a re: “Mpolelele tuelo ya gago; ke tla e go naya.”

29 A mo fetola a re: “O itse ka wesi ka fa ke go diretseng ka teng le ka fa diruiwa tsa gago di atileng ka teng, ka tlamelo ya me.

30 Gonne ke fitlhetse o na le di se kae fela, mme jaanong di atile thata.Morenao go tshegofaditse ka se ke se dirang. Mme jaanong motse wa me ke tla o direla leng?”

31 Labane a re: “Ke go neye eng?” Jakobe a re: “O se ka wa nnaya sepe. Fa o ka ntirela se ke se buang, ke tla fudisa letsomane la gago gape, ke le disa:

32 Ke tla ralala letsomane lotlhe la gago kajeno, ke tlhaola tsotlhe teng tse dikgwana le tse dikgwebana, e leng dikwana tsotlhe tsa dinku tse ditlhwana, le tse dikgwana le tse dikgwebana mo dipoding: Tsona tseo e tla nna tuelo ya me.

33 Tshiamo ya me e tla supa ka ga me ka metlha e e tlang gore ke siame, fa o tla go tlhola tuelo ya me: Tsotlhe tse di seng dikgwana le tse di seng dikgwebana mo dipoding le tse di seng ditlhwana mo dinkung di tla bo di utswitswe ke nna.”

34 Labane a araba a re: “Go siame! A go nne ka fa o buileng ka teng.”

35 Ka lone letsatsi leo Labane a tlhaola diphoko tse dikgwana le tse dikgwebana le dipodi tsotlhe tse dikgwana le tse dikgwebana, tsotlhe tse bosweu bo leng teng mo go tsona, le tse dintsho tsotlhe mo dinkung, a di neela mo tisong ya bomorwawe.

36 A ba a di katologanya sebaka sa malatsi a mararo le Jakobe. Mme Jakobe a disa matsomane a ga Labane a a setseng.

37 Jaanong Jakobe a tsaya dithupa tse dinana tsa popoleri le tsa moamantele le tsa palatane, a seta methaladi mo go tsona, e nne mesweu, a bipolola bosweu jo bo mo dithupeng.

38 A tlhoma dithupa tse a di setileng mo meseleng le mo digopong tsa metsi, fa difutshane di nwang teng fa pele ga matlho a tsona. Jaanong ya re di tla go nwa, tsa gwelwa.

39 Difutshane tsa gwelwa di ntse di lebaganye le dithupa tseo; tsa tsala jalo tse di nang le bongolwana le bogwana le bogwebana.

40 Difutshane tseo Jakobe a di tlhaola. A ba a lebaganya difatlhego tsa tsona le tse di nang le bongolwana le tse dintsho tsotlhe mo matsomaneng a ga Labane. A feta a itlhaolela matsomane a gagwe, a sa a kopanye le matsomane a ga Labane.

41 Jaanong ka nako le nako, fa difutshane tse di nonofileng di gwelwa, Jakobe a tlhome dithupa mo meseleng fa pele ga matlho a tsona gore di gwelwe fa dithupeng.

42 Mme fa difutshane di le bokoa, a se ke a di tlhome. Ka mokgwa o tse di bokoa ya nna tsa ga Labane, mme tse di nonofileng ya nna tsa ga Jakobe.

43 Jakobe a huma jalo thata thata, a na le matsomane a magolo le malata le batlhanka le dikammele le diesele.