GENESI 31

Jakobe o a tshaba le ba gagwe

1 Ke fa a utlwa dipolelo tsa bomorwa Labane ba re: “Jakobe o tsere dilo tsotlhe tse e neng e le tsa ga rraetsho. Khumo yotlhe e o e phuthile e tswa mo go tsa ga rraetsho.”

2 Le gona Jakobe a lemoga sefatlhego sa ga Labane gore ga se tlhole se mo leba sentle jaaka maabane le maloba.

3 JaanongMorenaa raya Jakobe a re: “Boela kwa lefatsheng la borraago le kwa go ba ga eno; ke tla nna nao.”

4 Ke fa Jakobe a roma motho go biletsa Ragele le Lea kwa nageng kwa letsomaneng la gagwe,

5 a ba raya a re: “Ke lemoga ka sefatlhego sa ga rraeno, fa a sa tlhole a nteba jaaka maabane le maloba, mme Modimo wa ga rre o ntse o na le nna.

6 Lo itse ka losi, fa ke diretse rraeno ka thata yotlhe ya me.

7 Mme rraeno o ntsieditse, a fetola tuelo ya me gasome; mme Modimo ga o a ka wa mo leseletsa go ka ntshenyetsa.

8 Ya re fa a re: ‘Tse dikgwebana e tla nna tuelo ya gago,’ letsomane lotlhe la tsala tse dikgwebana. Fa a re: ‘Tse dikgwana e tla nna tuelo ya gago,’ letsomane lotlhe la tsala tse dikgwana.

9 Ke Modimo o o amogileng rraeno difutshane, wa di nnaya.

10 “Ka sebaka sa go gwelwa ga difutshane, ka tlhatlosa matlho, ka bona mo torong, ka fitlhela diphelehu le diphoko tse di neng di gwela difutshane, e le tse di nang le bogwana le bongolwana le bogwebana.

11 Mme moengele wa Modimo a nthaya mo torong a re: ‘Jakobe!’ Ka re: ‘Ke fano.’

12 A ba a re: ‘A ko o tlhatlose matlho, o bone diphelehu le diphoko tsotlhe tse di gwelang difutshane, ke tse di nang le bogwana le bongolwana le bogwebana. Gonne ke bonye dilo tsotlhe tse Labane o di go direlang.

13 Ke nna Modimo wa Bethele kwa o tloditseng lentswe la segopotso teng, kwa o inkanetseng maikano teng. Jaanong, nanoga o tlogele lefatshe leno, o boele kwa lefatsheng la ga eno!’ ”

14 Ragele le Lea ba mo araba ba re: “A re sa ntse re na le kabelo gongwe boswa mo lapeng la ga rraetsho?

15 A ga ke re, re kaiwa baeng fela ke ene? Kana o re rekisitse. Le gona o ntse a ja magadi a rona.

16 Tota khumo yotlhe e Modimo o e amogileng rraetsho ke ya rona le bana ba rona. Jaanong dira tsotlhe tse Modimo o di go laetseng.”

17 Ke fa Jakobe a huduga. Bana ba gagwe le basadi ba gagwe a ba palamisa dikammele,

18 a tsaya diruiwa tsotlhe tsa gagwe le dithoto tsotlhe tse a di itiretseng le metlhape yotlhe ya gagwe e a e bapetseng kwa Phatane-Arame, a boela kwa go Isaka, rraagwe, kwa lefatsheng la Kanana.

19 Labane o ne a sa ntse a ile go beola dinku tsa gagwe. Ke fa Ragele a utswa modimo wa seseto wa ga rraagwe.

20 Mme Jakobe a tsietsa Labane wa Mosiria, a mo lobela, fa a rata go ngwega.

21 A ngwega jalo ka tsotlhe tse o nang natso, a tloga, a tshela noka ya Ferathe, a tswelela pele go ya kwa dithabeng tsa Gileate.

Labane o latela Jakobe

22 Mme e rile ka letsatsi la boraro Labane a bolelelwa gore Jakobe o ngwegile.

23 Ke fa a tsaya bomorwa-rraagwe, a ya nabo, a mo latela a le bokgakala jwa malatsi a supa, a mo tshwara kwa dithabeng tsa Gileate.

24 Mme Modimo wa tla kwa go Labane wa Mosiria ka toro bosigo, wa mo raya wa re: “O itise gore o se ka wa bua le Jakobe ka bosula, fa e se ka molemo.”

25 Labane a fitlha kwa go Jakobe. Jakobe o ne a tlhomile tente ya gagwe mo thabeng nngwe, Labane le ene a tlhoma ya gagwe mo thabeng e nngwe, e bong ya Gileate, a na le bomorwa-rraagwe.

26 Mme Labane a raya Jakobe a re: “O dirileng fa o ntobetse, wa hudusa bomorwadiake jaaka batshwarwi ba ntwa?

27 Ke ka ntlha ya eng, fa o ngwegile, wa ntsietsa, wa se ka wa nkitsise? Kana nka bo ke go felegeditse ka boitumelo, ka difela le ka meropa le diharepa!

28 Ga o a ka wa nteseletsa go ka atla bomorwaake le bomorwadiake! O dirile ka boeleele.

29 Diatla tsa me di na le thata go ka lo direla bosula. Mme Modimo wa ga rraeno o letse o ntheile bosigo wa re: ‘Itise gore o se ka wa bua le Jakobe ka bosula, fa e se ka molemo.’

30 “Jaanong go siame, o hudugile, gonne o ne o tlhologeletswe lelapa la ga rraago thata. Mme ke ka ntlha ya eng fa o utswile modimo wa me?”

31 Jakobe a araba Labane a re: “Ke ne ka boifa gore o ka tla wa ntseela bomorwadio ka thata.

32 Jaanong yo o tla fitlhelang modimo wa gago mo go ene, a a se ka a phela. Mphukutse fa pele ga bomorwa-rraetsho, o o batle.” Jakobe o ne a sa itse, fa Ragele a o utswile.

33 Ke fa Labane a batla mo tenteng ya ga Jakobe le mo go ya ga Lea le mo go ya malata a mabedi, mme a se ka a o bona. A ba a tswa mo tenteng ya ga Lea, a tsena mo go ya ga Ragele.

34 Mme Ragele o ne a tsere modimo oo, a o beile mo seipeeletsong sa kammele, a ntse mo go ona. Labane a fukutsa tente yotlhe, mme a se ka a o bona.

35 Ke fa Ragele a raya rraagwe a re: “A matlho a morena wa me a se ka a tuka bogale, fa ke palelwa ke go nanoga fa pele ga gago. Gonne ke na le mokgwa wa basadi.” Labane a fukutsa, mme a se ka a bona modimo oo.

36 Mme Jakobe a tuka bogale, a omanya Labane. Jakobe a simolola go bua, a botsa Labane a re: “Ke sentseng? Ke fositse ka eng, fa o tla, o ntshetse morago ka bogale jo bo tukang?

37 E re ka o fukuditse dithoto tsa me tsotlhe, a o ne wa bona sengwe sa dithoto tsa lapa la gago? Se bee fano fa pele ga ba ga rona gore ba atlhole fa gare ga me le wena.

38 E setse e le dinyaga di le 20 ke ntse ke na nao. Dinku tsa gago le dipodi tsa gago ga di ise di ke di folotse. Diphelehu tsa letsomane la gago ga ke a di ja.

39 Tse di gagotsweng ke dibata ga ke a ka ka di go tlisetsa; ke ne ke na le go di lefa, o di lopa mo diatleng tsa me, le fa di ne di utswilwe motshegare gongwe bosigo.

40 Ke ne ke bolawa ke letsatsi motshegare le serame bosigo; ke tlhoka boroko.

41 Ke ntse dinyaga di le 20 mo lapeng la gago, ka go direla dinyaga di le 14 ka ntlha ya bomorwadio le dinyaga di le thataro ka ntlha ya letsomane la gago, mme o fetotse tuelo ya me gasome.

42 Fa Modimo wa ga rre, Modimo wa ga Aborahame, ona o Isaka a o boifang, o ka bo o se na le nna, ruri, wena o ka bo o ntsamaisitse ke iphotlhere fela. Fela Modimo o bonye pogisego ya me le matsapa a diatla tsa me; e bile o letse o di atlhotse.”

Jakobe le Labane ba dira kgolagano

43 Labane a fetola Jakobe a re: “Basadi ba ke bomorwadiake le basimane ba ke bana ba me le letsomane le ke letsomane la me le tsotlhe tse o di bonang ke tsa me. Mme jaanong bomorwadiake gongwe bana ba bone ba ba ba tsetseng, nka ba tlhokofatsa jang kajeno?

44 A re dire kgolagano, nna le wena gore e nne sesupo gare ga me le wena.”

45 Ke fa Jakobe a tsaya lentswe, a le tlhoma go nna segopotso.

46 Jaanong Jakobe a raya bomorwa-rraagwe a re: “Kgobokanyang majwe.” Ba tsaya majwe, ba dira sefikantswe. Ba feta ba jela mmogo mo godimo ga sona.

47 Labane a se bitsa Jegare-Sahadutha.Jakobe ene a se bitsa Galete.

48 Ke fa Labane a re: “Sefikantswe se ke sesupo gare ga me le wena kajeno.” Ke ka moo se biditsweng Galete,

49 le Mitsepha, ka Labane a rile: “Morenaa okomele fa gare ga me le wena, fa re sena go kgaogana.

50 Fa o ka bogisa bomorwadiake, gongwe fa o tsaya basadi ba bangwe kwa ntle ga bomorwadiake – le fa go se na ope fa go rona, itse gore Modimo ke mosupi fa gare ga me le wena.”

51 Labane a raya Jakobe gape a re: “Bona, sefikantswe ke se le lentswe la segopotso ke le, ke di tlhomile fa gare ga me le wena.

52 Sefikantswe se ke sesupo, lentswe la segopotso le ke sesupo sa gore, ke se ka ka feta sefikantswe se, ka tla kwa go wena; mme le wena o se ka wa feta sefikantswe se le lentswe la segopotso le, wa tla kwa go nna ka maikaelelo a a bosula.

53 A Modimo wa ga Aborahame le Nahore, ona Modimo wa ga rraabo, o atlhole fa gare ga rona.” Ke fa Jakobe a ikana ka ona o o boifiwang ke Isaka rraagwe.

54 Jakobe a ba a dira setlhabelo gona mo thabeng, a laletsa bomorwa-rraagwe, ba ja dijo mmogo, ba lala mo thabeng.

55 Jaanong Labane a phakela mosong, a atla bomorwawe le bomorwadie, a ba tshegofatsa. Labane a ba a tloga, a boela kwa ga gabo.