Jakobe o ipaakanyetsa go kgatlhantsha Esau
1 Le Jakobe a fetela pele mo tseleng ya gagwe, mme baengele ba Modimo ba kgatlhana nae.
2 Ya re Jakobe a ba bona a re: “Ke bothibelelo jwa Modimo.” A taya felo foo leina la Mahanaime.
3 Jaanong Jakobe a roma barongwi go mo etelela pele go ya kwa go Esau mogolowe, kwa lefatsheng la Seire nageng ya Etomo,
4 a ba laela a re: “Lo fete lo ree Esau morena wa me, lo re: ‘Jakobe motlhanka wa gago o bua jaana a re: Ke ne ke ile go jaka kwa go Labane, ka diega teng go fitlha nakong eno,
5 ka bapala dikgomo le diesele le letsomane le batlhanka le malata, mme ke romile go begela morena wa me le go bona bopelotlhomogi mo go ene.’ ”
6 Mme barongwi ba boela kwa go Jakobe ba re: “Re fitlhile kwa go Esau mogoloo; le gona o setse a le mo tseleng go go kgatlhantsha, o na le banna ba le 400.”
7 Ke fa Jakobe a boifa thata, a tlalelwa. A ba a kgaoganya batho ba ba nang nae le letsomane le motlhape le dikammele, ya nna mathibelelo a mabedi.
8 Gonne a re: “Fa Esau a tla kwa bothibelelong bongwe, a bo fenya, bothibelelo jo bo setseng bo ka falola.”
9 Jaanong Jakobe a rapela a re: “Modimo wa borre, e bong Aborahame le Isaka, wenaMorenayo o ntheileng wa re: ‘Boela kwa lefatsheng la ga eno le kwa go ba ga eno, ke tla go direla molemo!’
10 Ga ke a tshwanelwa ke mautlwelo-botlhoko otlhe le boikanyo jotlhe tse o di diretseng motlhanka wa gago. Gonne ke ne ka tshela Joretane yo ke tshotse thobane ya me fela, mme jaanong ke na le meraka e mebedi.
11 A ko o nthuse, ke phologe mo seatleng sa ga nkgonne, e bong Esau, gonne ke a mmoifa; e se re gongwe a tla, a mpolaya le bana le bommaabo.
12 Kana wena o rile: ‘Ruri, ke tla go direla tse di molemo, ke atisa losika lwa gago jaaka motlhaba wa lewatle o o sa balweng ka ntlha ya bontsi.’ ”
13 Jaanong a lala teng bosigo jole. Mo go tse a di ruileng a ntshetsa Esau mogolowe mpho,
14 e bong dipodi di le 200 le diphoko di le 20 le dinku di le 200 le diphelehu di le 20
15 le dikammele tse di amusang di le 30 mmogo le bana ba tsona le dikgomo tse dinamagadi di le 40 le dipoo di le some le diesele tse dinamagadi di le 20 le dieselana di le some.
16 A di neela batlhanka ba gagwe, setlhopha sengwe le sengwe se le sosi. A laela batlhanka ba gagwe a re: “Nketeleleng pele, mme lo ntshe dipaka fa gare ga ditlhopha.”
17 A laela wa ntlha a re: “E re fa Esau, nkgonne, a kgatlhana nao, a go botsa a re: ‘O oora mang? O ya kae? Tse o di thibang tse ke tsa oora mang?’
18 o re: ‘Ke tsa ga Jakobe, motlhanka wa gago; ke mpho e o e romelang Esau, morena wa me. Bona, le ene ka esi o e tla kwa morago ga rona.’ ”
19 Le wa bobedi a mo laela jalo le wa boraro le botlhe ba ba setseng ditlhopha tsa diruiwa morago, a re: “Buang jalo le Esau, fa lo mmona.
20 Gape lo bo lo re: ‘Bona, le ene Jakobe, motlhanka wa gago, o re setse morago.’ ” Jakobe o ne a dira jalo, ka a re: “A ke time bogale jwa gagwe ka neo e ke e eteletsang pele. Morago ga moo ke tla mmona; ka gongwe o tla nkamogela sentle.”
21 Neo ya mo etelela pele, ene a lala bosigo joo mo bothibelelong.
Jakobe o kampana le moengele
22 Mme a tsoga e sa le bosigo joo, a tsaya basadi ba gagwe ka bobedi le bagadingwana ba gagwe ka bobedi le bana ba gagwe ba le 11, a tshela Jaboke fa letsibogong.
23 A ba tsaya a ba tshedisa noka, a ba a tshedisa tse a nang natso.
24 Jakobe a sala a le esi. Ke fa monna mongwe a kampana nae ga tsamaya mahube a tswa.
25 Mme monna yole, ka a bona, a sa mo fenye, a mo itaya mo nokeng ya gagwe, mme Jakobe a kumoga mmasutswane, fa a ntse a sokasokana nae.
26 Mme monna yole a re: “Ntese ke tsamae, gonne mahube a dule.” Mme Jakobe a re: “Ga nka ke ka go lesa, o ise o ntshegofatse.”
27 Ke fa a mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?” A re: “Ke Jakobe.”
28 A fetola a re: “Ga o nke o tlhola o bidiwa Jakobe, jaanong o tla bidiwa Iseraele;gonne o kampanye le Modimo le batho, mme o fentse.”
29 Jakobe a botsa a re: “A ko o mpolelele leina la gago.” Yoo a re: “O boletsang leina la me?” A ba a mo tshegofatsa teng koo.
30 Jakobe a taya felo foo leina a re: Pheniele. Gonne a re: “Ke bonye Modimo, re lebantse difatlhego, ke bile ka phologa.”
31 Ya re a sena go feta Pheniele, letsatsi la mo tlhabela, mme a bo a tlhotsa, ka a ne a bolawa ke noka.
32 Ke ka moo Baiseraele ba sa jeng mosifa wa noka o o mo mmasutswaneng go fitlhelela kajeno, ka a ne a iteile Jakobe mo mmasutswaneng mo mosifeng wa teng.