GENESI 33

Jakobe le Esau ba agisanya

1 Jaanong ya re Jakobe a tlhatlosa matlho, a bona Esau a tla a na le banna ba le 400. Ke fa a kgaoganya bana ba gagwe, a ba neela Lea le Ragele le bagadingwana ba babedi.

2 Bagadingwana le bana ba bone a ba eteletsa pele, ba latelwa ke Lea le bana ba gagwe, Ragele le Josefa ba le kwa morago.

3 Ene ka esi a ba etelela pele, a inamela fa fatshe ga supa ga tsamaya a fitlha kwa go mogolowe.

4 Mme Esau a siana go mo kgatlhantsha, a mo tlamparela, a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla, mme ba lela.

5 Esau a tlhatlosa matlho, a bona basadi le bana, a botsa a re: “Ke bomang ba o nang nabo?” A araba a re: “Ke bana ba Modimo o tshegofaditseng motlhanka wa gago ka bone.”

6 Ke fa bagadingwana ba atamela, bone le bana ba bone, ba inama.

7 Le Lea a atamela le bana ba gagwe, ba inama. Morago ga moo ga atamela Josefa le Ragele, ba inama.

8 Ke fa a botsa a re: “O romeletseng ditlhopha tsotlhe tsele tse ke kgatlhanyeng natso?” A araba a re: “Ke go re, ke bone bopelotlhomogi mo moreneng wa me.”

9 Mme Esau a re: “Ke na le tse dintsi, nnaka. A tse o nang natso e nne tsa gago.”

10 Jakobe a fetola a re: “Nnyaya, ka thapelo! Fa o ntebile ka bopelotlhomogi, amogela mpho e e tswang mo go nna. Gonne ke bonye sefatlhego sa gago jaaka e kete ke sa Modimo, wa nkamogela ka boitumelo.

11 A ko o amogele mpho ya me e ke e go tletseng; gonne Modimo o di mphile ka bopelotlhomogi, ke bile ke sa na le tse dintsi.” A mo emelela jalo, ga tsamaya a di amogela.

12 Jaanong Esau a re: “A re nanoge, re tsamae. Ke tla tsamaya le wena, ke go eteletse pele.”

13 Mme a mo raya a re: “Morena wa me o a itse gore, bana ba sa le bannye; le gona ke na le difutshane le dikgomo tse di amusang. Fa ba di tsamaisa thata letsatsi le le lengwe fela, di ka swa tsotlhe.

14 A morena wa me a etelele motlhanka wa gagwe pele. Nna ke tla tla ke iketlile ka fa diruiwa di tsamayang ka teng tse ke di gatelelang, le ka fa bana ba nonofileng ka teng, go ya go fitlhela ke goroge kwa moreneng wa me kwa Seire.”

15 Esau a re: “Nte ke go tlogelele bangwe ba batho ba ke nang nabo!” Mme a fetola a re: “E tla bo e le ka ntlha ya eng? A ke bone bopelotlhomogi fela mo moreneng wa me.”

16 Foo Esau a wela tsela ka letsatsi leo, a boela kwa Seire.

17 Mme Jakobe a tloga, a ya kwa Sukothe, a ikagela ntlo teng, a agela diruiwa tsa gagwe maobo. Ke ka moo o teileng felo foo leina la Sukothe.

18 Jakobe a ba a fitlha ka kagiso kwa motseng wa Šegeme o o mo lefatsheng la Kanana, fa a tswa go boa kwa Phatane-Arame, a thibelela mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse.

19 Sebata seo sa naga se o neng a tlhomile tente ya gagwe mo go sona a se reka mo go bomorwa Hemore, rraagwe Šegeme, ka madi a le lekgolo.

20 A aga aletare teng, a e bitsa “Modimo wa ga Iseraele ke ona Modimo.”