GENESI 34

Ka ga Dina le Šegeme

1 Dina, morwadia Lea yo a mo tsaletseng Jakobe, o kile a ile go bona makgarebe a lefatshe leo;

2 ke fa Šegeme, morwa Hemore wa Mohewi, kgosi ya lefatshe leo, a mmona, a mo tshwara, a robala nae, a mo senya.

3 Mme a kgomarela Dina, morwadia Jakobe, ka pelo yotlhe, a rata mosetsana yoo, a bua tse di kgatlhang pelo ya mosetsana yoo.

4 Šegeme a ba a bua le Hemore rraagwe a re: “Mpatlele mosetsana yoo gore a nne mosadi wa me.”

5 Mme Jakobe a utlwa, fa Šegeme a sentse Dina, morwadie; jaanong e re ka bomorwawe ba le kwa dikgomong kwa nageng, Jakobe a didimala go fitlhelela ba be ba tla.

6 Ke fa Hemore, rraagwe Šegeme, a ya kwa go Jakobe go bua nae.

7 Jaanong e rile bomorwa Jakobe ba tswa kwa nageng, ba tsena mo gae, ba utlwa dilo tseo. Mme ba utlwa botlhoko, ba tuka bogale thata, gonne o ne a dirile boatla mo go Iseraele ka go robala le morwadia Jakobe, ba re: “Se se ntseng jalo ga se a tshwanela go dirwa.”

8 Jaanong Hemore a bua nabo a re: “Šegeme morwaake o kgomaretse morwadia-lona ka pelo yotlhe. A ko lo mo mo nee gore e nne mosadi wa gagwe.

9 Nyalelalanang le rona; re neeleng bomorwadia-lona, lo itseeleng bomorwadia-rona,

10 lo nne le rona. Lefatshe le tla bo le lo atlhametse. Agang, lo le ralale, lo nnele ruri mo go lone.”

11 Le Šegeme a bua le rraagwe Dina le bokgaitsadie a re: “A ke bone bopelotlhomogi mo go lona. Se lo se batlang ke tla se ntsha.

12 Batlang bogadi le dineo mo go nna ka fa lo ratang ka teng, ke tla di ntsha. Fela mosetsana yoo lo mo nnee, a nne mosadi wa me.”

13 Bomorwa Jakobe ba fetola Šegeme le Hemore rraagwe – ba bua ka bolotsana, ka a sentse Dina kgaitsadia-bone –

14 ba ba raya ba re: “Ga re ka ke ra naya monna yo o sa rupang kgaitsadia-rona; go ka re tlhabisa ditlhong.

15 Re ka dumelana le lona fela, fa lo ka dumela go rupa lotlhe jaaka rona.

16 Foo re tla lo naya bomorwadia-rona, re tsaya bomorwadia-lona; re tla nna le lona, re le morafe o le mongwe fela.

17 Mme fa lo sa utlwane le rona ka go rupa, re tla tsaya morwadia-rona, re huduga.”

18 Mafoko a bone a ne a kgatlha Hemore le Šegeme, morwa Hemore.

19 Lekau leo la se ka la diega go dira jalo, ka gonne le ne le rata morwadia Jakobe; le gona le ne le tlotlega bogolo go botlhe ba lelapa la ga rraalo.

20 Jaanong Hemore le Šegeme morwawe ba ya kwa kgotleng ya motse wa bone, ba bua le banna ba motse ba re:

21 “Batho bao ba agisanya le rona. A ba nne mo lefatsheng leno, ba le ralale. Kana lefatshe le ba atlhametse mo ntlheng tsotlhe. A re tseeng bomorwadia-bone go nna basadi ba rona; re ba neeleng bomorwadia-rona!

22 Mme banna bao ba ka dumela go nna le rona, re nna morafe o le mongwe fela fa banna botlhe ba rona ba ka rupa jaaka bone.

23 A ga se gore matsomane a bone le dithoto tsa bone le diruiwa tsotlhe tsa bone e tla nna tsa rona? A re dumelaneng nabo gore ba nne le rona.”

24 Ke fa botlhe ba lekgotla la motse ba dumalelana le Hemore le Šegeme morwawe; ga rupisiwa banna botlhe ba motse.

25 Jaanong ya re ka letsatsi la boraro, ba sa ntse ba le mo botlhokong, bomorwa Jakobe ba le babedi, e bong Simeone le Lefi, bokgaitsadia Dina, ba tsaya ditšhaka tsa bone ka bobedi jwa bone, ba tsena mo motseng o o iketlileng, ba bolaya banna botlhe.

26 Le Hemore le Šegeme morwawe ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka, ba ntsha Dina mo ntlong ya ga Šegeme, ba tloga.

27 Bomorwa Jakobe ba bangwe ba tla kwa go ba ba bolailweng, ba thukhutha motse oo, ka gonne ba ne ba sentse kgaitsadia-bone.

28 Ba gapa matsomane a bone le matlhape a bone le diesele tsa bone le tse di mo motseng le tse di kwa masimo,

29 le dithoto tsotlhe tsa bone; ba isa bana botlhe ba bone le basadi ba bone mo botshwarong; ba thukhutha tsotlhe tse di mo matlong.

30 Ke fa Jakobe a raya Simeone le Lefi a re: “Lo nkisitse mo tatlhegong, lwa nnkgisa mo baaging ba lefatshe leno mo go Bakanana le mo go Baferesi, etswe ke na le banna ba se kae fela. Fa ba ka kgobokana go ntlhasela, ba ka mpolaya, ka nyelediwa nna le ba lapa la me.”

31 Mme ba fetola ba re: “Ke eng, fa a ka dira ka kgaitsadia-rona jaaka seaka?”