GENESI 36

Losika lwa ga Esau

1 Losika lwa ga Esau, e bong Etomo ke lo:

2 Esau o ne a tsere basadi ba gagwe mo go bomorwadia Bakanana, e bong Ata, morwadia Elone wa Mohethe le Oholibama, morwadia Ana, yo e leng morwa Sibeone wa Mohewi

3 le Basemathe, morwadia Isemaele kgaitsadia Nebayothe.

4 Ata a tsalela Esau Elifase, mme Basemathe a belega Rehuele.

5 Oholibama a belega Jeuse le Jaelame le Kora. Bona bao ke bomorwa Esau ba o ba tsaletsweng a sa le mo lefatsheng la Kanana.

6 Mme Esau a tsaya basadi ba gagwe le bomorwawe le bomorwadie le batho botlhe ba lelapa la gagwe le letsomane la gagwe le diruiwa tsotlhe tsa gagwe le dithoto tsotlhe tsa gagwe tse o di bapetseng mo lefatsheng la Kanana, a hudugela kwa lefatsheng le sele, a kgaogana le Jakobe monnawe.

7 Gonne diruiwa tsa bone di ne di atile thata, mo ba neng ba palelwa ke go nna mmogo. Lefatshe la majako a bone le ne le sa ba lekane ka ntlha ya bontsi jwa diruiwa tsa bone.

8 Ka moo Esau a ya go nna kwa dithabeng tsa Seire. Esau ke ene Etomo.

9 Losika lwa ga Esau, rraabo Baetomo ba ba kwa dithabeng tsa Seire, ke lo:

10 Maina a bomorwa Esau ke a: Elifase, morwa Ata, mosadi wa ga Esau, le Rehuele, morwa Basemathe, mosadi wa ga Esau.

11 Bomorwa Elifase e ne e le Themane le Omare le Sefo le Gaethame le Kenase.

12 Thimena e ne e le mogadingwana wa ga Elifase, morwa Esau, ene a tsalela Elifase Amaleke. Ke bone bomorwa Ata, mosadi wa ga Esau.

13 Bomorwa Rehuele e ne e le Nahathe le Sera le Sama le Misa. Bao e ne e le bomorwa Basemathe, mosadi wa ga Esau.

14 Mosadi wa ga Esau, e bong Oholibama, morwadia Ana yo e leng morwa Sibeone, a tsalela Esau bomorwawe, e bong Jeuse le Jaelame le Kora.

15 Dikgosana mo go bomorwa Esau ke tse: Tse e leng bomorwa Elifase, morwa Esau wa ntlha, ke kgosana Themane le kgosana Omare le kgosana Sefo le kgosana Kenase

16 le kgosana Kora le kgosana Gaethame le kgosana Amaleke. Ke tsona dikgosana tsa losika lwa ga Elifase mo lefatsheng la Etomo. Ke bone bomorwa Ata.

17 Bomorwa Rehuele, morwa Esau ke ba, e bong kgosana Nahathe le kgosana Sera le kgosana Sama le kgosana Misa. Ke tsona dikgosana tsa losika lwa ga Rehuele mo lefatsheng la Etomo. Ke bone bomorwa Basemathe, mosadi wa ga Esau.

18 Bomorwa Oholibama, mosadi wa ga Esau, ke ba, e bong kgosana Jeuse le kgosana Jaelame le kgosana Kora. Ke tsona dikgosana tsa ga Oholibama, morwadia Ana, mosadi wa ga Esau.

19 Ke bone bomorwa Esau. Ke tsona dikgosana tsa bone. Ke ene Etomo.

Losika lwa ga Seire

20 Bomorwa Seire wa Mohori ba ba neng ba agile mo lefatsheng leo pele ke ba, e bong Lotane le Sobale le Sibeone le Ana

21 le Disone le Esere le Disane. Ke tsona dikgosana tsa Bahori, ke bomorwa Seire mo lefatsheng la Etomo.

22 Bomorwa Lotane e ne e le Hori le Hemame; kgaitsadia Lotane e le Thimena.

23 Bomorwa Sobale ke Alwane le Manahathe le Ebale le Sefo le Oname.

24 Bomorwa Sibeone ke Aya le Ana. Ke ene Ana yo o kileng a bona metswedi e e bolelo mo sekakeng, fa a disa diesele tsa ga Sibeone rraagwe.

25 Morwa Ana ke Disone, morwadia Ana ke Oholibama.

26 Bomorwa Disone ke Hemetane le Esebane le Itherane le Kerane.

27 Bomorwa Esere ke Bilehane le Saawane le Akane.

28 Bomorwa Disane ke Use le Arane.

29 Dikgosana tsa Bahori ke kgosana Lotane le kgosana Sobale le kgosana Sibeone le kgosana Ana

30 le kgosana Disone le kgosana Esere le kgosana Disane. Ke tsona dikgosana tsa Bahori ka fa ditsong tsa bone mo lefatsheng la Seire.

Dikgosi tsa lefatshe la Etomo

31 Dikgosi tse di busitseng mo lefatsheng la Etomo pele go ise go buse kgosi mo Baiseraeleng ke tse:

32 Bela, morwa Beore o ne a busa mo Etomo; leina la mošate wa gagwe e le Dinehaba.

33 Ya re Bela a sena go swa, ga busa Jobabe, morwa Sera, wa kwa Bosera, mo boemong jwa gagwe.

34 Ya re Jobabe a sena go swa, ga busa Husame wa kwa lefatsheng la Bathemane mo boemong jwa gagwe.

35 Ya re Husame a sena go swa, ga busa Hatate, morwa Betate, mo boemong jwa gagwe. Ke ene yo o fentseng Bamidiane mo nageng ya Moabe. Leina la mošate wa gagwe e ne e le Awithe.

36 Ya re Hatate a sena go swa, ga busa Samela wa kwa Masereka mo boemong jwa gagwe.

37 Ya re Samela a sena go swa, ga busa Saule wa kwa Rehobothe fa nokeng mo boemong jwa gagwe.

38 Ya re Saule a sena go swa, ga busa Baale-Hanane, morwa Akebore mo boemong jwa gagwe.

39 Ya re Baale-Hanane, morwa Akebore a sena go swa, ga busa Hatare mo boemong jwa gagwe; leina la mošate wa gagwe e le Phahu, leina la mosadi wa gagwe e le Mehetabele, morwadia Materedi, morwadia Mesahabe.

40 Maina a dikgosana tsa losika lwa ga Esau ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa mafelong a bone le ka fa maineng a bone ke a: Kgosana Thimena le kgosana Alwa le kgosana Jethethe

41 le kgosana Oholibama le kgosana Ela le kgosana Phinone

42 le kgosana Kenase le kgosana Themane le kgosana Mibesare

43 le kgosana Magadiele le kgosana Irame. Ke tsona dikgosana tsa Etomo ka fa mannong a tsona mo lefatsheng le di neng di le ruile. Ke ene Esau, rra Baetomo.