GENESI 38

Juta le Thamare

1 E rile ka sebaka seo Juta a huduga, a tlogela bomorwa-rraagwe, a nna fa monneng mongwe wa Adulame yo leina le gagwe e leng Hira.

2 Juta a bona teng morwadia monna wa Mokanana yo leina la gagwe e leng Sua. A mo nyala, a nna nae.

3 Ke fa a ithwala a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Ere.

4 A ba a nna moimana gape, a belega mosimane, a mmitsa Onane.

5 A boela a tshola ngwana wa mosimane gape, a mo taya leina la Sela, mme ya re a mmelega, Juta a bo a le kwa Kesibe.

6 Juta a batlela Ere, morwawe wa ntlha, mosadi yo leina la gagwe e leng Thamare.

7 Mme Ere, morwa Juta yo mogolo, o ne a le bosula mo matlhong aMorena. Ka mooMorenaa mo tlogela, a swa.

8 Ke fa Juta a raya Onane a re: “Tsena kwa mosading wa ga mogoloo, o mo nyale ka fa tshwanelong ya monnaa-motho, o tsalele mogoloo.”

9 Onane o ne a itse gore bana ga e ne e nna ba gagwe; ka moo e ne e a tle e re fa a kopana le mosadi wa ga mogolowe, a tshololele fa fatshe gore a se ka a tsalela mogolowe.

10 Mme tse o neng a di dira tsa se ka tsa kgatlhaMorena, le ene a mo tlogela, a swa.

11 Ke fa Juta a raya Thamare, ngwetsi wa gagwe, a re: “Boela kwa ga eno, o nne motlholagadi go fitlhelela Sela morwaake a gole.” O ne a akanya gore e se re gongwe le ene a swa jaaka bomogolowe. Thamare a ya go nna kwa ga gabo.

12 Jaanong ya re malatsi a mantsi a sena go feta, Juta a swelwa ke mosadi, e bong morwadia Sua. Ya re Juta a sena go fetsa boswagadi, a ya go tlhola babeodi ba dinku tsa gagwe kwa Thimena, ene le tsala ya gagwe Hira wa Adulame.

13 Mme Thamare a bolelelwa ga twe: “Bona, ratswalaago o ya kwa Thimena go beola dinku tsa gagwe.”

14 Ke fa Thamare a apola diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi, a ipipa ka lesire, a ikhurumetsa jalo, a ya a nna fa kgorong ya Enaime yo o fa tseleng e e yang kwa Thimena. A dira jalo, gonne a bona Sela a godile, mme Thamare a sa mo neelwe go nna mosadi wa gagwe.

15 Ya re Juta a mmona, a re ke seaka, ka a ne a ipipile sefatlhego.

16 A fapogela kwa go ene fa tseleng a re: “A re ye, ke tle kwa go wena.” A re jalo a sa itse, fa e le ngwetsi wa gagwe. Mme ene a re: “O tla mpha eng, fa ke go dumelelela?”

17 Juta a re: “Ke tla go romela phokwana e e tswang letsomaneng.” Thamare a re: “Ee, fa o ka nneela peeletso go fitlhelela o e romela.”

18 Juta a re: “O batla peeletso ya eng, e nka e go neelang?” A re: “Ke batla palamonwana ya gago mmogo le mogala wa yona le thobane ya gago e e mo seatleng sa gago.” A di mo neela, a ba a kopana nae, mme Thamare a ithwala ka ene.

19 Thamare a tsoga a tsamaya, a feta a apola lesire la gagwe, a apara diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi.

20 Juta a mo romela phokwana ka tsala ya gagwe ya kwa Adulame gore e amogele dipeeletso mo seatleng sa mosadi yole, mme ya se ka ya mo fitlhela.

21 Ke fa e botsa batho ba motse oo ya re: “Seaka sele se kae se se neng se le mo Enaime fa tseleng?” Ba araba ba re: “Ga go na seaka mono.”

22 Ya boela kwa go Juta ya re: “Ga ke a se bona; le gona batho ba felo foo ba re: Ga go na seaka teng.”

23 Juta a re: “A a nne ka tsona, e se re gongwe ra sotlega. Kana ke mo rometse phokwana e, mme ga o a ka wa mo fitlhela.”

24 Jaanong ya re go sena go feta dikgwedi di ka ne di le tharo, Juta a bolelelwa ga twe: “Thamare, ngwetsi wa gago, o dirile boaka, e bile o moimana ka boaka.” Ke fa Juta a re: “Mo ntshetseng kwa ntle, a ye go fisiwa.”

25 Ya re a sena go ntshediwa kwa ntle, a roma kwa go ratswalaagwe a re: “Ke moimana ka monna wa dilo tse.” A ba a re: “A ko o sekaseke gore palamonwana e le mogala o le thobane e ke tsa ga mang?”

26 Ya re Juta a di bona, a re: “O siame bogolo go nna. Ke ka gore ga ke a mo neela Sela morwaake.” Mme a se ka a tlhola a kopana nae.

27 Jaanong ya re ka sebaka sa go belega ga gagwe, ga lemogwa, fa a ithwele mafatlha.

28 Ya re a belega, mongwe a ntsha letsogo, mme mmelegisi a le tshwara, a bofelela tlhale e khibidu mo letsogong la gagwe a re: “Ke ene yo o duleng pele.”

29 Mme ya re a sena go busa letsogo, ga tsalwa yo mongwe pele, ke fa mmelegisi a re: “O sutlhile jang, wa itirela phatlha?” Ka moo a mmitsa Pherese.

30 Morago ga moo ga tswa monnawe yo o nang le tlhale e khibidu mo letsogong. Ene a bidiwa Sera.