GENESI 40

Josefa o phutholola ditoro tsa batlhanka ba kgosi ba ba mo kgolegong

1 Ya re morago ga dilo tseo mothokedi wa kgosi ya Egepeto le moapei ba leofela morena wa bone, kgosi ya Egepeto.

2 Mme Farao a gakalela badiredi ba babedi bao ba gagwe, e bong mookamedi wa bathokedi le mookamedi wa baapei,

3 a ba tsenya mo tisong kwa ntlong ya kgosana ya bafemedi ba kgosi, e bong mo ntlong ya kgolegelo mo felong fa Josefa a golegetsweng teng.

4 Mme kgosana ya bafemedi ba kgosi ya ba neela Josefa gore a ba direle. Ba nna sebaka jalo ba disitswe.

5 Jaanong bosigong jo bongwe mothokedi le moapei ba kgosi ya Egepeto, ba le mo ntlong ya kgolegelo, ba lora ditoro ka bobedi jwa bone, mongwe le mongwe a lora toro ya gagwe. Toro ya mongwe le mongwe e ne e na le thuto ya yona.

6 Ya re Josefa a tla kwa go bone mo mosong, a ba leba, a bona ba sa itumele.

7 Ke fa a botsa badiredi ba ga Farao ba ba nang nae mo tisong kwa ntlong ya morena wa gagwe a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo tlhontse difatlhego kajeno?”

8 Ba mo araba ba re: “Re lorile ditoro, mme ga go na ope fano yo o ka di re tlhalosetsang.” Josefa a ba raya a re: “Ditlhaloso a ga se tsa Modimo? Fela a lo ko lo di mpolelele.”

9 Ke fa mookamedi wa bathokedi a bolelela Josefa toro ya gagwe, a mo raya a re: “Mo torong ya me ke bonye setlhare sa moweine se le fa pele ga me;

10 setlhare seo sa moweine se na le dikala di le tharo. Ya re e le gona se tlhogang, sa tswa dithunya, le maungo a sona a butswa.

11 Ka bo ke tshotse senwelo sa ga Farao ka seatla, ka tsaya maungo, ka a gamolela mo senwelong sa ga Farao, ka neela senwelo mo seatleng sa gagwe.”

12 Josefa a mo araba a re: “Tlhaloso ya yona ke e: Dikala di le tharo ke malatsi a le mararo.

13 E tla re malatsi a le mararo a sena go feta, Farao a tsholetse tlhogo ya gago, a go busetse mo tirong ya gago, mme senwelo sa ga Farao o se mo neele mo seatleng sa gagwe jaaka gale, fa o ne o ntse o le mothokedi wa gagwe.

14 Fela a ko o nkgopole, fa o phela monate, o ntirele ka lorato, o nkumake kwa go Farao, o nthuse gore ke tswe mo ntlong e.

15 Gonne ke utswilwe tota kwa lefatsheng la Bahebere, mme le mono ga ke a senya sepe se ba ntsentseng mo kgolegong e ka ntlha ya sona.”

16 Jaanong ya re mookamedi wa baapei a bona, fa tlhaloso e le molemo, a raya Josefa a re: “Le nna mo torong ya me ke fitlhetse ke rwele diroto di le tharo tse di tletseng dinkgwe tse ditshweu mo tlhogong.

17 Mo serotong se sa kwa godimo go le dijo tsa mefutafuta tsa ga Farao tse di apeilweng ke baapei. Mme dinonyane tsa di ja, tsa di ntsha mo serotong se ke se rweleng ka tlhogo.”

18 Josefa a mo raya a re: “Tlhaloso ya yona ke e: Diroto di le tharo ke malatsi a le mararo.

19 E tla re malatsi a le mararo a sena go feta, Farao a tsholetse tlhogo ya gago, a e tlose mo go wena, a go pege mo koteng, mme dinonyane di tla ja nama ya gago, di e tlotlonya mo go wena.”

20 Jaanong ya re ka letsatsi la boraro e le letsatsi la botsalo jwa ga Farao, a direla batlhanka botlhe ba gagwe moletlo; ke fa a tsholetsa tlhogo ya mookamedi wa bathokedi le ya mookamedi wa baapei mo gare ga batlhanka ba gagwe.

21 A busetsa mookamedi wa bathokedi mo tirong ya gagwe ya bothokedi, mme a neela Farao senwelo gape mo seatleng sa gagwe.

22 Mme mookamedi wa baapei a mo pega mo koteng, jaaka Josefa a ne a ba tlhalosetsa.

23 Mme mookamedi wa bathokedi a se ka a gopola Josefa, a mo lebala fela.