Josefa o tlhalosetsa Farao ditoro
1 E rile sebaka sa dinyaga di le pedi se sena go feta, Farao a lora, a eme fa nokeng ya Nile,
2 a bona dikgomo tse supa tse di mebele mentle tse di nonneng di tlhatloga di tswa mo nokeng ya Nile, tsa ba tsa fula mo motlhakeng.
3 Gape a bona dikgomo tse dingwe tse supa di tlhatloga di tswa mo nokeng ya Nile, di latela tsele, tsa mebele e e maswe, di bopame; tsa tla tsa ema fa thoko ga dikgomo tse di fa losing lwa Nile.
4 Jaanong dikgomo tsa mebele e e maswe, tse di bopameng, tsa ja dikgomo tse supa tse dintle tse di akotseng. Ke fa Farao a thanya.
5 A boela a thulamela gape, a lora la bobedi, a bona diako tse supa di tlhoga mo letlhakeng le le lengwe di tsentse di le dintle.
6 A ba a bona diako tse supa di tlhoga morago ga tsele, e le tse ditshesane tse di fisitsweng ke phefo ya botlhabatsatsi.
7 Mme diako tse ditshesane tseo tsa metsa diako tsele tse di tsentseng tse di tletseng. Ke fa Farao a thanya, a fitlhela e le toro.
8 Ya re mo mosong mowa wa gagwe wa bo o huduegile, mme a roma go bitsa baitseanape botlhe ba Egepeto le batlhalefi botlhe ba teng, a ba bolelela toro ya gagwe, mme ga bo go se ope yo o ka e tlhalosetsang Farao.
9 Ke fa mookamedi wa bathokedi a bua le Farao a re: “Ke gakologelwa maleo a me kajeno.
10 Farao o ne a gakaletse batlhanka ba gagwe, a ntsenya mo tisong kwa ntlong ya kgosana ya bafemedi ba kgosi, nna le mookamedi wa baapei.
11 Teng ra lora ditoro mo bosigong bo le bongwe, nna le ene; mongwe le mongwe a lora toro ya gagwe e e nang le thuto ya yona.
12 Mme ga bo go le lekau la Mohebere fa go rona, e le motlhanka wa kgosana ya bafemedi ba kgosi. Ya re re sena go mmolelela, a re tlhalosetsa ditoro tsa rona, mongwe le mongwe toro ya gagwe.
13 Mme go dirafetse jaaka a re tlhaloseditse: Nna Farao o mpuseditse mo tirong ya me, mme ene a mo pega.”
14 Ke fa Farao a roma go ya go bitsa Josefa. Ba akofa ba mo ntsha mo kgolegong. A beolwa, a apara diaparo di sele, a tla kwa go Farao.
15 Mme Farao a raya Josefa a re: “Ke lorile toro, mme ga go na ope yo o ka e tlhalosang. Jaanong ke utlwile ka ga gago go twe, e a re fa o utlwa toro, o e tlhalose.”
16 Josefa a fetola Farao a re: “Nnyaya, ga se nna! Modimo o tla senolela Farao tse di molemo.”
17 Farao a bolelela Josefa a re: “Reetsa, mo torong ya me ke ne ke eme fa losing lwa noka ya Nile.
18 Ka bona dikgomo tse supa di tlhatloga di tswa mo nokeng ya Nile, di nonne, tsa mebele e mentle; tsa ba tsa fula mo motlhakeng.
19 Ka bona gape dikgomo tse supa tse dingwe di tlhatloga di latela tsele, di bopame, tsa mebele e e maswe thata, di otile. Ga ke ise nke ke bone sepe mo lefatsheng lotlhe la Egepeto se se tshwanang natso ka maswe.
20 Mme dikgomo tse di bopameng tse di maswe tseo tsa ja dikgomo tse supa tsa pele tse di nonneng.
21 Jaanong ya re di sena go tsena mo maleng a tsona, ga bo go sa bonale gore a di tsenye mo maleng a tsona, di ntse di le mekodue fela jaaka mo tshimologong. Ke fa ke thanya.
22 Gape ka bona diako tse supa di tlhoga mo letlhakeng le le lengwe di tsentse di le dintle.
23 Morago ga tsona ka bona go tlhoga diako tse supa tse e leng metlhose fela, tse di se nang sepe, tse di fisitsweng ke phefo ya botlhabatsatsi.
24 Jaanong diako tse di se nang sepe tsa metsa diako tse supa tse dintle. Ka bolelela baitseanape jalo, mme ga bo go se ope yo o ka ntlhalosetsang toro eo.”
25 Ke fa Josefa a raya Farao a re: “Toro ya ga Farao ke e le nngwe fela. Modimo o itsisitse Farao tse o tla di dirang.
26 Dikgomo tse supa tse dintle ke dinyaga tse supa le diako tse dintle tse supa ke dinyaga tse supa. Ke toro e le nngwe.
27 Le dikgomo tse supa tse di bopameng tse di maswe tse di tlhatlogileng, tsa latela tsele, ke dinyaga tse supa. Le diako tse supa tse di se nang sepe tse di fisitsweng ke phefo ya botlhabatsatsi, e tla nna dinyaga tse supa tsa leuba.
28 Ke sona se ke se boleletseng Farao ka re: ‘Modimo o bontshitse Farao se o tla se dirang.’
29 Itse gore go tla tla dinyaga tse supa tsa letlotlo le legolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.
30 Mme di tla latelwa ke dinyaga tse supa tsa leuba. Foo go tla lebalwa letlotlo lotlhe lele mo lefatsheng la Egepeto. Leuba le tla senya lefatshe.
31 Letlotlo lele ga le nke le tlhola le gopolwa mo lefatsheng ka ntlha ya leuba le le tla le latelang; gonne le tla nna makete thata.
32 Mme fa Farao a ne a boelela, a lora toro gabedi, ke go re: Selo se, se tlhomame; Modimo o tla akofa o se dirafatsa.
33 “Jaanong a Farao a batle monna yo o nang le tlhaloganyo, yo o botlhale, a mo dire mookamedi wa lefatshe la Egepeto.
34 A Farao a dire jaana: A a bee balebalebi, a ba laodise lefatshe gore ba ntshise batho ba lefatshe la Egepeto palo ya botlhano ya thobo mo dinyageng tse supa tsa letlotlo.
35 A ba phuthe dijo tsotlhe tsa dinyaga tse di molemo tseo tse di tlang jaanong, ba kgobokanye mabele, a nne mo taolong ya ga Farao; ba boloke dijo mo metseng
36 gore dijo tseo di bolokelwe lefatshe, di tle di le thuse mo dinyageng tse supa tsa leuba tse di tla nnang teng mo lefatsheng la Egepeto gore lefatshe le se ka la nyelediwa ke tlala.”
Josefa o dirwa molaodi wa Egepeto
37 Polelo e e ne ya kgatlha Farao le batlhanka botlhe ba gagwe.
38 Mme Farao a raya batlhanka ba gagwe a re: “A re ka bona yo mongwe yo o tshwanang le monna yo, yo Mowa wa Modimo o leng mo go ene?”
39 Mme Farao a raya Josefa a re: “E re ka Modimo o setse o go senoletse tsotlhe tseo ga re bone yo mongwe yo o nang le tlhaloganyo le botlhale jaaka wena.
40 Wena o tla okamela lelapa la me; morafe otlhe wa me o tla laolwa ke molomo wa gago. Ke tla go feta fela ka sedulo sa bogosi.”
41 Farao a raya Josefa gape a re: “Bona, ke go dirile mookamedi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.”
42 Ke fa Farao a rola palamonwana e e kanang ya gagwe mo monwaneng wa gagwe, a e rwesa Josefa mo monwaneng, a mo apesa diaparo tsa masela a mantlentle, a mo kgabisa ka mhiri wa gouta mo molaleng wa gagwe.
43 A ba a mo palamisa koloi ya bobedi ya gagwe; ba tlhaba mokgosi fa pele ga gagwe ba re: “Khubamang!” A mo dira jalo mookamedi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.
44 Farao a ba a raya Josefa a re: “Ke nna Farao. Mme ga go na ope yo o tla dirang ka letsogo gongwe go tsamaya ka lekoto mo lefatsheng lotlhe la Egepeto kwa ntle ga gago.”
45 Farao a taya Josefa leina la Safenathe-Phanea,a mo neela Asenathe morwadia Photifera, moperesiti wa kwa One, go nna mosadi wa gagwe. Josefa a tloga, a photlaphotla lefatshe lotlhe la Egepeto.
46 E rile motlhang Josefa a emang fa pele ga Farao, kgosi ya Egepeto, a bo a le dinyaga di le 30. Jaanong Josefa a tloga mo go Farao, a photlaphotla lefatshe lotlhe la Egepeto.
47 Mme lefatshe la ungwa mabele a mantsi thata mo dinyageng tse supa tsa letlotlo.
48 Josefa a kgobokanya dijo tsotlhe tse di kgethilweng tsa dinyaga tse supa tsa letlotlo mo lefatsheng la Egepeto, a bolokela dijo mo metseng. Dijo tsa masimo a motse mongwe le mongwe a di phuthela mo go ona.
49 Josefa a kgobokanya mabele a mantsintsi jalo a a kana ka motlhaba wa lewatle, go fitlhelela a lape go a bala, gonne a ne a se na palo.
50 Josefa a tsala bana ba basimane ba le babedi, dingwaga tsa tlala di ise di tle; a ba tsala le Asenathe, morwadia Photifera, moperesiti wa kwa One.
51 Yo o tsetsweng pele Josefa a mmitsa Manase. Gonne a re: “Modimo o ntebaditse mathata otlhe a me le legae la ga etsho.”
52 Wa bobedi a mo taya leina la Eferaime. Gonne a re: “Modimo o nkungwisitse mo lefatsheng la pogisego ya me.”
53 Jaanong dinyaga tse supa tsa letlotlo la lefatshe la Egepeto tsa fela.
54 Ga simologa dinyaga tse supa tsa leuba, tsa tla jaaka Josefa a buile. Ga nna tlala mo mafatsheng aotlhe, mme mo lefatsheng lotlhe la Egepeto dijo di ne di le teng.
55 Jaanong e rile lefatshe lotlhe la Egepeto le bolawa ke tlala, batho ba lelela dijo mo go Farao. Mme Farao a laela Baegepeto botlhe a re: “Yaang kwa go Josefa, lo dire se o tla se lo bolelelang.”
56 Mme leuba leo le ne le le mo lefatsheng lotlhe. Ke fa Josefa a bula difala tsotlhe tsa mabele, a a rekisa mo Baegepetong. Tlala ya nna kgolo mo lefatsheng la Egepeto.
57 Ba mafatshe aotlhe ba ne ba tla kwa Egepeto go reka mabele mo go Josefa. Gonne tlala e ne e le kgolo mo mafatsheng otlhe.