GENESI 43

Leeto la bobedi la bomorwa Jakobe ba na le Benyamene

1 Mme tlala ya nna kgolo mo lefatsheng.

2 Jaanong e rile ba sena go fetsa mabele a ba ne ba tswa go a reka kwa Egepeto, rraabo a ba raya a re: “Yaang gape, lo ye go re rekela dijonyana.”

3 Mme Juta a mo fetola a re: “Monna yole o ne a re tlhomamisetsa ruri a re: ‘Ga lo kitla lo bona sefatlhego sa me, fa monnaa-lona a sa tle le lona.’

4 Jaanong fa o ka roma monnaa-rona le rona, re tla ya, re go rekela dijo.

5 Fa o sa mo rome, ga re ka ke ra ya. Gonne monna yole o re reile a re: ‘Ga lo kitla lo bona sefatlhego sa me, fa monnaa-lona a sa tle le lone.’ ”

6 Iseraele a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo ntiretse bosula jalo, lwa bolelela monna yole, fa lo sa ntse lo na le monaa-lona.”

7 Ba araba ba re: “Monna yole o ne a botsolotsa thata ka ga rona le ba ga etsho a re: ‘A rraeno o sa ntse a phela? A lo na le monaa-lona?’ Jaanong ra mmolelela ka fa go ntseng ka teng. A re ne re ka itse tota, fa a tla re: ‘Tlisang monaa-lona’?”

8 Juta a raya Iseraele rraagwe a re: “Lesa lekau le ye le nna. Foo re tla tsamaya gore re phele, re se ka ra swa, rona le wena le bana ba rona.

9 Ke tla rwala molato oo. O tla mmatla mo go nna. Fa nka boa ke se na nae, ke sa mmee fa pele ga gago, ke tla bo ke le molato mo go wena ka malatsi otlhe.

10 Ruri fa re ka bo re sa diega, re ka bo re setse re tswa teng gabedi.”

11 Ke fa Iseraele rraabo a re: “Fa go ntse jalo he, dirang jaana: Tsayang maungo a a tlhophilweng a lefatshe le ka dikgetse tsa lona, lo ele monna yole dineo, e bong melemonyana le mafuranyana a dinotshe le boroku jo bo tlodiwang baswi le ditlolo tse di nkgang monate le dikgeru tsa mefuta.

12 Tsamayang lo tshotse madi a le mabedi; le ona a a neng a busediwa mo dikgetseng tsa lona lo a busetse teng. Ka gongwe go dirafetse phoso.

13 Tsamayang le monaa-lona, lo yeng gape kwa monneng yole.

14 Mme a Modimo Mothatayotlhe o lo nee boutlwelo-botlhoko jwa monna yole gore a lo gololele morwa-rraeno yo mongwe, e bong Simeone, a boe le lona le Benyamene. Mme nna fa ke thukhuthilwe bana, ke thukhuthilwe.”

15 Jaanong ba tsaya dineo tseo, le gona ba tsaya madi a le mabedi le Benyamene; ba ya kwa Egepeto, ba feta ba ema fa pele ga Josefa.

16 Ya re Josefa a bona Benyamene a na nabo, a laela mookamedi wa lelapa la gagwe a re: “Isa banna bale mo ntlong, o tlhabe o etleetse dijo, gonne ba tla ja le nna motshegare.”

17 Monna yoo a dira ka fa a laetsweng ka teng, a isa banna bao mo ntlong ya ga Josefa.

18 Ya re ba isiwa mo ntlong ya ga Josefa, ba boifa ba re: “Re isiwa teng ka ntlha ya madi a maloba a a buseditsweng mo dikgetseng tsa rona gore ba re logele maano, ba re wele godimo, ba re thope le diesele tsa rona go nna batlhanka ba bone.”

19 Ka moo ba atamela mookamedi wa lelapa la ga Josefa, ba bua nae fa mojakong wa ntlo

20 ba re: “Morena! Re kile ra tla ga ntlha kwano go reka dijo.

21 Jaanong e rile re fitlha felong fa go lalwang teng, re bofolela dikgetse tsa rona, ra fitlhela madi a mongwe le mongwe a le mo molomong wa kgetse ya gagwe, e le madi a rona, a na le bokete jwa ona. Jaanong re tsile gape, mme re tsile nao.

22 Le gona re tlile le madi a mangwe gape go reka dijo. Ga re itse gore ke mang yo o neng a tsenya madi a rona mo dikgetseng tsa rona.”

23 Mme ene a re: “Namatshegang, lo se boife! Modimo wa lona, e bong wa ga rraeno o lo file lehumo mo dikgetseng tsa lona. Madi a lona a ne a fitlha mo go nna.” Ke fa a ba ntshetsa Simeone.

24 Jaanong monna yoo a ba isa mo ntlong ya ga Josefa. A ba gela metsi gore ba tlhape dinao. Le diesele tsa bone a di fa dijo.

25 Bone ba baakanya dineo tsele, ba lebelela Josefa motshegare; gonne ba ne ba utlwile gore ba tla ja teng.

26 Ya re Josefa a sena go tsena mo ntlong, ba isa dineo tse ba di tshotseng kwa go ene mo ntlong, ba inamela fa fatshe fa pele ga gagwe.

27 Mme Josefa a ba botsa bophelo a re: “A rraeno yo o tsofetseng yo lo mo mpoleletseng o tsogile? A o sa ntse a phela?”

28 Ba araba ba re: “Motlhanka wa gago, rraetsho o ntse a le teng, o sa ntse a phela.” Ba inama ba ikobela fa fatshe.

29 Ke fa a tlhatlosa matlho a bona Benyamene monnawe, morwa mmaagwe, a botsa a re: “A ke ene monnaa-lona yo mmotlana yo lo mo mpoleletseng?” A ba a re: “A Modimo o nne bopelonomi le wena, morwaaka.”

30 Jaanong Josefa a akofa a tloga, gonne pelo ya gagwe e ne e huduegile ka ntlha ya ga monnawe, a batla fa a ka lelelang teng, a tsena mo ntlwaneng ya borobalo, a lelela teng.

31 Ya re a sena go tlhapa sefatlhego, a tswa a itshwere a re: “Tsholang dijo!”

32 Ba mmeela tsa gagwe go sele le tsa bone go sele le tsa Baegepeto ba ba jang nae go sele. Gonne Baegepeto ba ne ba sa tshwanela go ja le Bahebere; gonne moo e ne e le maila mo go Baegepeto.

33 Ba nnisiwa ba lebaganye nae ka go tlhomagana ga matsalo a bone, yo mogolo ka fa bogolong jwa gagwe le yo mmotlana ka fa bobotlaneng jwa gagwe. Banna bao ba lebana ba gakgametse.

34 Jaanong a ba abela dikabelo tsa dijo tse di fa pele ga gagwe; kabelo ya ga Benyamene ya feta dikabelo tsa bone gatlhano. Mme ba ja, ba nwa, ba itumela nae.