GENESI 45

Josefa o ipolela bomorwa-rraagwe

1 Ke fa Josefa a palelwa ke go itshwara fa pele ga botlhe ba ba emeng fa go ene, mme a buela godimo a re: “A botlhe ba tswele kwa ntle!” Ga bo go se ope fa go Josefa, fa a ipolelela bomorwa-rraagwe.

2 A lela, a tlhatlositse lentswe, Baegepeto ba mo utlwa, selelo sa gagwe sa utlwala le kwa lapeng la ga Farao.

3 Josefa a raya bomorwa-rraagwe a re: “Ke nna Josefa! A rre o sa ntse a phela?” Mme bomorwa-rraagwe ba palelwa ke go mo araba, ka ba ne ba tshogile fa pele ga gagwe.

4 Josefa a raya bomorwa-rraagwe a re: “A lo ko lo nkatamele.” Ba atamela. A ba a re: “Ke nna Josefa, morwa-rraeno yo lo ne lwa mo rekisa, a isiwa kwa Egepeto!

5 Mme jaanong lo se ka lwa hutsafala le e seng go inyatsa ka ntlha ya gore lo nthekisitse, ka tla kwano. Gonne Modimo o nthometse kwano gore ke lo etelele pele le go boloka maphelo a rona.

6 E setse e le ngwaga wa bobedi go le tlala mo lefatsheng, mme go sa ntse go tla tla dinyaga di le tlhano tse go se neng go lengwa mo go tsona le e seng go roba.

7 Modimo o nthometse kwano, ka lo etelela pele, e le go lo bolokela losika mo lefatsheng le go lo phedisa gore lo tle lo nne lesomo le legolo la baphologi.

8 Ka moo ga se lona lo nthometseng kwano, ke Modimo. O ntirile mogakolodi wa ga Farao le morena wa lelapa lotlhe la gagwe le mmusi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.

9 “Itlhaganeleng he lo ye kwa go rre, lo mo ree lo re: ‘Josefa morwao o bua jaana a re: Modimo o ntirile molaodi wa lefatshe lotlhe la Egepeto. Tlaa kwano go nna, o se diege!

10 O tla aga mo nageng ya Gosene gore o nne gaufi le nna, wena le bana ba gago le bana ba bana ba gago le matsomane a gago le metlhape ya gago le tsotlhe tse o nang natso.

11 Ke tla go babalela teng, gonne go sa ntse go tla tla dinyaga di le tlhano tsa leuba; e se re gongwe wa humanega, wena le ba lapa la gago le tsotlhe tse o nang natso.’

12 “Matlho a lona le matlho a ga nnake Benyamene a a bona, fa e le nna Josefa yo ke buang le lona.

13 Bolelelang rre bogolo jotlhe jwa me mono Egepeto le tsotlhe tse lo di bonyeng, lo itlhaganele, lo tlise rre kwano.”

14 Ke fa a wela mo molaleng wa ga Benyamene monnawe, a lela; le Benyamene a lelela mo molaleng wa gagwe.

15 A ba a atla bomorwa-rraagwe botlhe, a lelela mo go bone; morago ga moo bomorwa-rraagwe ba bua nae.

16 Jaanong e rile tumo e, e utlwala mo lapeng la ga Farao go twe: Go tsile bomorwa-rraagwe Josefa, Farao a itumela le batlhanka ba gagwe.

17 Farao a laela Josefa a re: “Raya bomorwa-rraago o re: Dirang jaana: Belesang diruiwa tsa lona, lo tloge lo ye kwa lefatsheng la Kanana.

18 Lo tsee rraeno le ba malapa a lona, lo tle kwano go nna. Ke tla lo fa sefuti sa lefatshe la Egepeto gore lo je mafura a lone.

19 Gape ke go neela thata ya go bua o re: Dirang jaana: Tsayang dikoloi mono Egepeto, lo ye go tsaya rraeno le basadi le bana ba lona, lo ba tsise kwano.

20 Lo se ka lwa itshwenya go tla le dithoto tsa lona; gonne tse di molemo tsa lefatshe la Egepeto lo tla di abelwa.”

21 Bomorwa Iseraele ba dira jalo. Josefa a ba naya dikoloi ka fa taelong ya ga Farao, a ba a ba fa mefago.

22 Le gona a naya mongwe le mongwe wa bone seaparo sa mokgabo, mme Benyamene ene a mo naya diselefera di le 300 le diaparo di le tlhano tsa mokgabo.

23 Mme rraagwe ene a mo romela diesele di le some, di belege tse di monate tsa Egepeto le diesele tse di namagadi di le some di belege mabele le dinkgwe le mefago ya ga rraagwe.

24 A naya bomorwa-rraagwe tsela, ba tsamaya, mme a ba laela a re: “Lo se ka lwa omana mo tseleng.”

25 Ba tloga ba tswa kwa Egepeto, ba fitlha kwa lefatsheng la Kanana kwa go Jakobe rraabo

26 ba mmolelela ba re: “Josefa o sa ntse a phela, e bile ke ene mmusi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.” Mme a se ka a ba dumela, ka a ne a kgobegile marapo.

27 Mme ya re ba mmolela mafoko aotlhe a Josefa o a buileng nabo, e bile a bona dikoloi tse Josefa a di rometseng go tla go mo tsaya, mowa wa gagwe wa rula.

28 Mme Iseraele a re: “Go lekanye! Josefa morwaake o sa ntse a phela. Ke tla ya, ke be ke mmone, ke ise ke swe.”