Morwalela wa metsi
1 JaanongMorenaa raya Noa a re: “Tsena mo mokorong, wena le ba lapa la gago botlhe; gonne ke go bonye o le mosiami mo gare ga ba metlha eno.
2 Tsaya tse ditonanyana tse supa le tse dinamagadi tse supa tsa mefuta yotlhe ya diphedi tse di itshekileng; gape o tseye e tonanyana le e namagadi ya mefuta yotlhe ya diphedi se di sa itshekang;
3 le gona mo mefuteng yotlhe ya dinonyane tsa legodimo o tseye tse ditonanyana tse supa le tse dinamagadi tse supa, e le go boloka losika lwa tsona mo lefatsheng lotlhe.
4 Gonne e tla re malatsi a supa a sena go feta, ke nese pula mo lefatsheng malatsi a le 40 le masigo a le 40; ke tla nyeletsa tsotlhe tse di phelang tse ke di dirileng, ke di tlosa mo lefatsheng.”
5 Noa a dira tsotlhe ka faMorenaa mo laetseng ka teng.
6 Noa o ne a le dinyaga di le 600, fa metsi a morwalela a tla mo lefatsheng.
7 Noa a tsena mo mokorong a na le bomorwawe le mosadi wa gagwe le betsi ba gagwe, metsi a morwalela a ise a tle.
8 Diphedi tse di itshekileng le diphedi tse di sa itshekang le dinonyane le tsotlhe tse di gagabang fa fatshe
9 tsa tla kwa go Noa ka bobedi le bobedi, tsa tsena mo mokorong, e tonanyana le e namagadi, jaaka Modimo o laetse Noa.
10 Ya re malatsi a supa a sena go feta, metsi a morwalela a tla mo lefatsheng.
11 Ka ngwaga wa 600 wa bophelo jwa ga Noa, ka kgwedi ya bobedi, ka letsatsi la some supa; ka lone letsatsi leo ga phunyega metswedi yotlhe ya madiba a magolo, ga bulega maroba a legodimo.
12 Pula ya tshologela mo lefatsheng malatsi a le 40 le masigo a le 40.
13 Ka lone letsatsi leo Noa a tsena mo mokorong le bomorwa Noa Seme le Hame le Jafethe le mosadi wa ga Noa le basadi ba le bararo, e bong betsi ba gagwe.
14 E ne e le bone le mefuta yotlhe ya diphologolo le mefuta yotlhe ya diruiwa le mefuta yotlhe ya digagabi tse di gagabang fa fatshe le mefuta yotlhe ya dinonyane ka fa mebaleng ya mafofa a tsona.
15 Tsa tsena kwa go Noa mo mokorong, e le bobedi le bobedi jwa nama yotlhe e mowa wa bophelo o leng mo go yona.
16 Tse di tsenyeng e ne e le e tonanyana le e namagadi tsa nama yotlhe, jaaka Modimo o mo laetse. Ya re a sena go tsena natso,Morenaa tswala.
17 Ke fa morwalela o tla mo lefatsheng malatsi a le 40; metsi a nna a golela godimo, a tsholetsa mokoro, wa tlhatloga wa katoga lefatshe.
18 Metsi a kokomoga, a nna magolo thata mo lefatsheng; mokoro ole wa kokobala mo godimo ga metsi.
19 Metsi a kokomoga thata thata mo lefatsheng, mo a bileng a khurumetsa dithaba tsotlhe tse dikgolo tse di fa tlase ga legodimo lotlhe.
20 Metsi a nna magolo, a khurumetsa dithaba, a di feta ka mabogo a le some tlhano.
21 Ke fa go swa nama yotlhe e e itshikinyang mo lefatsheng, e bong dinonyane le diruiwa le diphologolo le tsotlhe tse di gagabang fa fatshe le batho botlhe.
22 Tsotlhe tse di neng di na le mowa wa bophelo mo dinkong tsa tsona, tsotlhe tse di neng di le fa go omileng tsa swa.
23 Modimo wa nyeletsa jalo diphedi tsotlhe tse di mo lefatsheng, e leng batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo, tsa fedisiwa mo lefatsheng; ga bolokega Noa fela le tse di neng di na nae mo mokorong.
24 Metsi a bo a le magolo mo lefatsheng malatsi a le 150.