Modimo o dira kgolagano le Noa
1 Jaanong Modimo wa tshegofatsa Noa le bomorwawe, wa ba raya wa re: “Atang lo ntsifale lo tlale ka lefatshe!
2 A diphedi tsotlhe tsa lefatshe le dinonyane tsotlhe tsa legodimo di lo boife, di lo tshabe; di neetswe mo diatleng tsa lona mmogo le tsotlhe tse di gagabang fa fatshe le ditlhapi tsotlhe tsa lewatle.
3 Tsotlhe tse di phelang e tla nna dijo tsa lona; ke di lo file tsotlhe fela jaaka ditlhogi tse ditala.
4 Fela lo se ka lwa ja nama e e nang le bophelo jwa yona, e bong madi a yona.
5 Mme madi a lona a e leng maphelo a lona ke tla a busolosetsa; ke tla a busolosetsa mo sebateng sengwe le sengwe le mo seatleng sa motho. Ke tla busolosetsa bophelo jwa motho mo seatleng sa motho-ka-ene.
6 Yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tla tshololwa ke batho; gonne Modimo o dirile motho ka fa setshwanong sa ona.
7 “Mme lona, atang lo ntsifale; farafarang mo lefatsheng, lo tlale mo go lone!”
8 Modimo wa raya Noa le bomorwawe wa re:
9 “Bonang, ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona le losika lwa lona morago ga lona;
10 ke e tlhomamisetsa le dilo tsotlhe tse di phelang tse di nang le lona; e bong dinonyane le diruiwa le diphologolo tsotlhe tsa lefatshe tse di nang le lona; le tsotlhe tse di duleng mo mokorong, e leng diphedi tsotlhe tsa lefatshe.
11 Ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona ka re: Ga go kitla go tlhola go nyelediwa nama epe ka metsi a morwalela; morwalela wa metsi ga o kitla o tlhola o nna teng gape go senya lefatshe.”
12 Modimo wa ba wa re: “Sesupo sa kgolagano e e sa khutleng e ke e dirang fa gare ga me le lona le dilo tsotlhe tse di phelang tse di nang le lona ke se:
13 Motshewabadimo wa me ke o beile mo marung gore e nne sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lefatshe.
14 Jaanong e tla ne e re fa ke kgobokanya maru kwa godimo ga lefatshe, motshewabadimo o bonale mo marung.
15 Foo ke tla gopola kgolagano ya me e e leng teng fa gare ga me le lona le diphedi tsotlhe. Metsi ga a kitla a tlhola a nna morwalela o o senyang nama yotlhe.
16 Jaanong e tla ne e re fa motshewabadimo o le mo marung, ke o lebe go ikgakolola kgolagano e e sa khutleng e e fa gare ga Modimo le mewa yotlhe e e phelang mo nameng yotlhe e e mo lefatsheng.”
17 Modimo wa raya Noa wa re: “Ke sona sesupo sa kgolagano e ke e tlhomamisitseng fa gare ga me le nama yotlhe e e mo lefatsheng.”
Noa le bomorwawe
18 Bomorwa Noa ba ba duleng mo mokorong ke Seme le Hame le Jafethe; mme Hame ke rraagwe Kanana.
19 Ba bararo ba ke bona bomorwa Noa; batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba tswa mo go bone.
20 Jaanong Noa a simolola go nna molemi wa masimo; a dira tshimo ya moweine.
21 Mme ya re a sena go nwa weine, a tlhapelwa, a robala mo tenteng ya gagwe a sa ikatega.
22 Ke fa Hame rraagwe Kanana a bona bosaikatega jwa ga rraagwe, a ya a bolelela bomorwa-rraagwe ba babedi ka fa ntle.
23 Mme Seme le Jafethe ba tsaya kobo, ba e baya mo magetleng a bone babedi, ba kata ka sa morago, ba bipa bosaikatega jwa ga rraabo, ba ntse ba fapositse difatlhego tsa bone gore ba se bone bosaikatega jwa ga rraabo.
24 Mme ya re Noa a sena go tlhaphogelwa, a thanya, a utlwela se morwawe yo mmotlana a se mo diretseng,
25 a bua a re:
“A go hutsiwe Kanana;
a a nne motlhanka wa
batlhanka mo go bomorwa-rraagwe!”
26 A ba a re:
“A go bakweMorena
Modimo wa ga Seme,
mme Kanana e nne motlhanka
wa gagwe!
27 A Modimo o bulele Jafethe
mafatshe,
a a nne mo ditenteng tsa ga
Seme,
mme Kanana e nne motlhanka
wa gagwe!”
28 Noa o phedile dinyaga di le 350 morago ga morwalela wa metsi.
29 Malatsi otlhe a ga Noa ya nna dinyaga di le 950; ke fa a swa.