Go fenngwa ga dikgosi tsa borwa
1 Atoni-Seteke, kgosi ya Jerusalema a utlwa go twe, Jošua o thopile motse wa Ai, a dirafatsa khutso ya Modimo mo go ona; a direla Ai le kgosi ya teng jaaka a diretse Jerigo le kgosi ya gona, le gore baagi ba Gibeone ba dirile kagiso le Baiseraele, ba nna mo gare ga bone.
2 Ke fa a boifa thata; gonne Gibeone e ne e le motse o mogolo jaaka mongwe wa metse ya dikgosi; gonne o ne o le mogolo bogolo go Ai, le banna botlhe ba ona e ne e le bagale.
3 Ka moo Atoni-Seteke, kgosi ya Jerusalema, a roma kwa go Hohame, kgosi ya Heberone, le kwa go Phireame, kgosi ya Jaremuthe, le kwa go Jafia, kgosi ya Lagiše le kwa go Debire, kgosi ya Egelone, a re:
4 “Tlayang kwano go nna, lo nthuse gore re itee ba Gibeone, gonne ba dirile kagiso le Jošua le Baiseraele.”
5 Ke fa dikgosi tse tlhano tsa Baamori di kgobokana, di bolola, e le kgosi ya Jerusalema le kgosi ya Heberone le kgosi ya Jaremuthe le kgosi ya Lagiše le kgosi ya Egelone, tsone le mephato yotlhe ya tsone tsa dikanyetsa motse wa Gibeone ka ntwa, tsa tlhabana nao.
6 Mme banna ba Gibeone ba roma kwa go Jošua kwa bothibelelong jwa Gilegala ba re: “O se ka wa repisa mabogo, wa a tlosa mo batlhankeng ba gago. Tlaya kwano go rona ka pele, o re pholose, o re thuse! Gonne dikgosi tsa Baamori tse di agileng mo dithabeng di kgobokanye go lwa le rona.”
7 Ke fa Jošua a bolola, a tswa kwa Gilegala, ene le banna botlhe ba batlhabani nae le bagale botlhe ba mephato.
8 Le gonaMorenaa raya Jošua a re: “Se ba boife, gonne ke ba neetse mo diatleng tsa gago. Ga go na ope mo go bone yo o tla emang fa pele ga gago.”
9 Jošua a ba tlhasela ka tshoganyetso, ka a letse a tsamaya bosigo jotlhe go tswa kwa Gilegala.
10 MmeMorenaa ba raraanye fa pele ga Baiseraele, ba ba fenya ka phenyo e kgolo kwa Gibeone, ba ba tebela mo tseleng e e tlhatlogelang kwa Bethorone, ba ba bolaya go fitlha kwa Aseka le go fitlha kwa Maketa.
11 Jaanong ya re ba tshaba Baiseraele, ba fologa kwa Bethorone go ya ba fitlha kwa Aseka,Morenaa eta a ba konopa ka majwe a magolo a a tswang kwa legodimong, mme ba swa. Ba ba bolailweng ke majwe a sefako ba ne ba le bantsi go feta ba Baiseraele ba ba bolaileng ka tšhaka.
12 Ke fa Jošua a bua leMorena, e le ka letsatsi leMorenaa neetseng Baamori mo tatlhegong fa pele ga Baiseraele ka lone, a bolela mo matlhong a Baiseraele a re: “Wena letsatsi ema mo Gibeone, le wena ngwedi, mo mogorogorong wa Ayalone!”
13 Mme letsatsi la ema le ngwedi wa ema go fitlhelela setšhaba se ipusolosetsa mo babeng ba sona. Kana tseo di kwadilwe mo lokwalong lwa Mosiami! Letsatsi le ne la ema fa gare ga legodimo, e ka nna motlha o o tletseng, la se ka la akofa go phirima.
14 Ga go ise go ke go nne motlha o o tshwanang le oo pele ga ona le e seng morago ga ona oMorenao utlwileng lentswe la monna ka ona; gonneMorenao ne a tlhabanela Baiseraele.
15 Jaanong Jošua a boela kwa bothibelelong jwa Gilegala, a na le Baiseraele botlhe.
Jošua o tshwara dikgosi tse tlhano tsa Baamori
16 Mme dikgosi tse tlhano tseo di ne di tshabile, tsa ya go iphitlha mo logageng kwa Maketa.
17 Jaanong Jošua a begelwa ga twe: “Dikgosi tse tlhano di bonywe di iphitlhile mo logageng kwa Maketa.”
18 Ke fa Jošua a re: “Pitikelang mafika a magolo mo molomong wa logaga, lo bee banna fa go lone gore ba di dise.
19 Mme lona lo se ka lwa ema. Latelelang baba ba lona, lo bolae ba ba kwa morago mo go bone, lo se ka lwa ba lesa go boela mo metseng ya bone. GonneMorena, Modimo wa lona, o ba neetse mo diatleng tsa lona.”
20 Jaanong e rile Jošua le Baiseraele ba sena go ba bolaya jalo ka polao e kgolo thata ga tsamaya ba fela – le masalela a bone a a falotseng a sena go tsena mo metseng e e femetsweng –
21 morafe otlhe wa boela kwa bothibelelong kwa go Jošua kwa Maketa ka kagiso, mme go se na ope yo o ka nyefolang Baiseraele ka loleme.
22 Ke fa Jošua a re: “Thibololang molomo wa logaga, lo ntshe dikgosi tse tlhano tsele mo logageng, lo di tlise kwano go nna.”
23 Ba dira jalo, ba ntsha dikgosi tse tlhano tsele mo logageng, ba di isa kwa go ene, e bong kgosi ya Jerusalema le ya Heberone le ya Jaremuthe le ya Lagiše le ya Egelone.
24 Jaanong ya re ba sena go ntshetsa dikgosi tseo kwa go Jošua, Jošua a bitsa banna botlhe ba Iseraele, a raya balaodi ba batlhabani ba ba neng ba bolotse nae a re: “Atamelang, lo bee dinao mo dithamong tsa dikgosi tse.” Ba atamela, ba baya dinao mo dithamong tsa tsone.
25 Jošua a ba a ba raya a re: “Se boifeng, se tshogeng! Tiang lo nne pelokgale! GonneMorenao tla direla baba botlhe ba lona jalo, ba lo tla tlhabanang nabo.”
26 Morago ga moo Jošua a di rema, a di bolaya, a di pega mo ditlhareng tse tlhano; tsa tlhola di lepeletse mo ditlhareng go ya mantsiboeng.
27 Mme ya re letsatsi le phirima, Jošua a laola gore ba di pagolole mo ditlhareng, ba di latlhele mo logageng lo di neng di iphitlhile mo go lone. Mme ba baya mafika a magolo mo molomong wa logaga. A sa le teng le ka letsatsi la kajeno.
Jošua o thopa metse e mengwe ya Baamori
28 Le gona Jošua a thopa motse wa Maketa ka letsatsi leo, a o itaya ka bogale jwa tšhaka, a dirafatsa khutso ya Modimo mo kgosing ya ona le mo go ona le mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope go ka falola. A dira kgosi ya Maketa se o kileng a se dira kgosi ya Jerigo.
29 Jaanong Jošua a tloga kwa Maketa, a fetela kwa Lebena, a na le Baiseraele botlhe, a tlhasela motse wa Lebena.
30 Le onaMorenaa o neela mo diatleng tsa Baiseraele le kgosi ya ona; Jošua a o rema ka bogale jwa tšhaka le batho botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope mo go ona go ka falola, a dira kgosi ya ona se o kileng a se dira kgosi ya Jerigo.
31 Jaanong Jošua a tloga kwa Lebena, a fetela kwa motseng wa Lagiše, a na le Baiseraele botlhe, ba o dikanyetsa ka ntwa, ba lwa nao.
32 Lagiše le onaMorenaa o neela mo diatleng tsa Baiseraele; ba o thopa ka letsatsi la bobedi, ba o itaya ka bogale jwa tšhaka le batho botlhe ba ba neng ba le mo go ona, fela jaaka ba dirile kwa Lebena.
33 Ka sebaka seo ga bolola Horame, kgosi ya Gesere go thusa Lagiše, mme Jošua a mmolaya le morafe wa gagwe ga tsamaya a se ka a mo sadisetsa mofalodi ope.
34 Jaanong Jošua a tloga kwa Lagiše, a fetela pele kwa motseng wa Egelone, a na le Baiseraele botlhe; ba o tsenya gare, ba o tlhasela,
35 ba o thopa ka letsatsi leo, ba o rema ka bogale jwa tšhaka, ba dirafatsa khutso ya Modimo mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona ka letsatsi leo fela jaaka ba dirile kwa Lagiše.
36 Jaanong Jošua a bolola gape, a tswa mo Egelone, a na le Baiseraele botlhe, a ya kwa motseng wa Heberone, mme ba o tlhasela,
37 ba o thopa, ba o itaya ka bogale jwa tšhaka le kgosi ya ona le metse yotlhe ya ona le batho botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope yo o ka falolang fela jaaka a dirile kwa Egelone. A dirafatsa khutso ya Modimo mo go ona le mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona.
38 Jaanong Jošua a boa, a na le Baiseraele botlhe, a ya kwa motseng wa Debire, a o tlhasela,
39 a o thopa le kgosi ya ona le metse yotlhe ya ona; ba e itaya ka bogale jwa tšhaka, ba dirafatsa khutso ya Modimo mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope yo o ka falolang, a dira ka Debire le kgosi ya ona jaaka a dirile kwa Heberone le jaaka a dirile ka Lebena le kgosi ya teng.
40 Jošua a fenya jalo mo nageng yotlhe ya dithaba le ya borwa le e e kwa tlase le ya diphologo tsa dithaba, le dikgosi tsotlhe tsa teng a di fenya, a se ka a sadisa mofalodi ope; a dirafatsa khutso ya Modimo mo go tsotlhe tse di phelang jaakaMorena, Modimo wa Iseraele, a laotse.
41 Jošua a ba fenya go simolola kwa Kateše-Barenea go fitlha kwa Gasa le mo nageng yotlhe ya Gosene go ya kwa Gibeone.
42 Dikgosi tsotlhe tseo le dinaga tsa tsona Jošua a di thopa ka nako e le nngwe fela; gonneMorena, Modimo wa Iseraele, o ne a tlhabanela Baiseraele.
43 Morago ga foo Jošua a boela gape kwa bothibelelong jwa Gilegala, a na le Baiseraele botlhe.