JOŠUA 11

Go fenngwa ga dikgosi tsa kwa bokone

1 E rile Jabine, kgosi ya Hasore, a utlwela dilo tseo, a roma kwa go Jobabe, kgosi ya Matone, le kwa kgosing ya Simerone le kwa kgosing ya Agešafe,

2 le kwa dikgosing tse di kwa bokone mo dithabeng le mo lebaleng la Joretane mo ntlheng ya borwa ya Khinerothele mo nageng e e kwa tlase le mo dithoteng tsa Dore kwa bophirimatsatsi

3 le kwa go Bakanana ba kwa botlhabatsatsi le ba kwa bophirimatsatsi le kwa go Baamori le Bahethe le Baferesi le Bajebusi ba ba mo dithabeng le kwa go Bahewi ba ba fa tlase ga thaba ya Heremone mo nageng ya Mitsepha.

4 Ke bao ba neng ba bolola, ba na le mephato yotlhe ya bone, e le batho ba le bantsintsi ba ba kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle ka bontsi, ba na le dipitse le dikoloi tsa ntwa di le dintsi thata.

5 Dikgosi tsotlhe tseo tsa kgobokana, tsa tla, tsa thibelela mmogo fa metsing a Merome go tlhabana le Baiseraele.

6 MmeMorenaa raya Jošua a re: “Se ba boife, gonne kamoso mo nakong e ke tla ba neela botlhe losong ba bolailwe ke Baiseraele. Dipitse tsa bone o tla di kgaola mesifa; dikoloi tsa ntwa tsa bone o tla di fisa ka molelo.”

7 Jaanong Jošua a fitlha, a na le banna botlhe ba batlhabani, ba ba wela ka tshoganyetso fa metsing a Merome, ba ba tlhasela.

8 MmeMorenaa ba neela mo diatleng tsa Baiseraele, ba ba bolaya, ba ba tebela go ya kwa Sitone yo mogolo le go ya kwa metsweding ya metsi a a bolelo le go ya kwa lebaleng la Mitsepha kwa botlhabatsatsi; ba ba fenya gore go tlhokafale le yo o ka bong a falotse.

9 Jošua a dira ka bone jaakaMorenaa mo laetse: A kgaola mesifa ya dipitse tsa bone, a fisa dikoloi tsa ntwa tsa bone ka molelo.

10 Jošua a ba a boa ka sebaka seo, a thopa Hasore, a bolaya kgosi ya teng ka tšhaka; gonne mo metlheng ya pele Hasore e ne e le tlhogo ya magosi aotlhe ao.

11 Ba bolaya batho botlhe ba ba neng ba le gona ka bogale jwa tšhaka, ba dirafatsa khutso ya Modimo jalo, go sa sadisiwe sepe se se phelang, ba fisa Hasore ka molelo.

12 Jošua a thopa metse yotlhe ya dikgosi tseo mmogo le dikgosi tsotlhe tsa yona, a di bolaya ka bogale jwa tšhaka, a dirafatsa khutso ya Modimo mo go tsona jaaka Moše, motlhanka waMorena, a laetse.

13 Fela metse yotlhe e e neng e agilwe mo dithabeng, Baiseraele ba se ka ba e fisa, fa e se motse wa Hasore o le osi fela, ona Jošua o o fisitse.

14 Thopo yotlhe ya metse eo le diruiwa Baiseraele ba di ithopela; fela batho botlhe bone ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka ga tsamaya ba ba fedisa, ba sa sadise ope yo o phelang.

15 Moše o ne a laetse Jošua jaakaMorenaa ne a laotse Moše, motlhanka wa gagwe. Jošua a dira fela jalo, a se ka a tlogela sepe sa tsotlhe tseMorenao neng a di laotse Moše.

Jošua o thopa lefatshe lotlhe

16 Lefatshe lotlhe leo Jošua a le thopa jalo, e bong dithaba le naga yotlhe ya borwa le lefatshe lotlhe la Gosene le naga e e kwa tlase le lebala la Joretane le dithaba tsa Iseraele le naga ya teng e e kwa tlase fa lewatleng;

17 go tloga kwa dithabeng tse di bogonoko tse di tlhatlogelang kwa Seire go ya go fitlha kwa Baale-Gate mo mogorogorong wa Lebanone fa tlase ga thaba ya Heremone; a thopa le dikgosi tsotlhe tsa teng, a di rema, a di bolaya.

18 Jošua o ne a tlhabana sebaka se seleele le dikgosi tsotlhe tseo.

19 Ga go a ka ga nna motse ope o o neng wa dira kagiso le Baiseraele, fa e se Bahewi ba ba agileng kwa Gibeone, mme ba thopa lefatshe lotlhe ka tlhabano.

20 Gonne e ne e leMorenayo o thatafatsang dipelo tsa bone, mo ba bololang go tlhabana le Baiseraele gore bone ba dirafatse khutso ya Modimo mo go bone, mme ba se ka ba bona bopelotlhomogi bope, mme ba ba fedise jaakaMorenaa laotse Moše.

21 Ka sebaka seo Jošua o bile a bolola a nyeletsa Baenake, a ba fedisa mo dithabeng le mo Heberone le mo Debire le mo Anabe le mo dithabeng tsotlhe tsa Juta le mo dithabeng tsotlhe tsa Iseraele. Jošua a dirafatsa khutso ya Modimo mo go bone le mo metseng ya bone.

22 Ga se ka ga sadisiwa Baenake mo lefatsheng la Baiseraele; ba sadisiwa fela kwa Gasa le kwa Gathe le kwa Ašetote.

23 Jošua a thopa lefatshe lotlhe jalo fela jaakaMorenaa laotse Moše. Jošua a le abela Baiseraele go nna boswa ka fa dikarolong tsa bone, ke go re ka fa ditsong tsa bone. Jaanong lefatshe la ikhutsa le se na ntwa.