Dinaga tsa ntlheng ya bophirimatsatsi ya Joretane di a kgaoganngwa
1 Dinaga ke tse, tse Baiseraele ba di amogetseng go nna boswa mo lefatsheng la Kanana tse ba di abetsweng ke moperesiti Eleasare le Jošua morwa Nune le ditlhogo tsa dikgotla tsa ditso tsa Baiseraele.
2 Ba ba abela dinaga tsa bone ka tengwa jaakaMorenaa ne a laotse ka Moše gore ba di nee ditso tse di le robongwe le bontlhanngwe jwa lotso.
3 Gonne Moše o ne a neile ditso tse pedi le bontlhanngwe jwa lotso boswa kwa moseja ga Joretane, mme a se ka a naya Balefi boswa mo gare ga bone.
4 Gonne Bajosefa e ne e le ditso tse pedi, Manase le Eferaime, mme ba se ka ba naya Balefi kabelo ya naga fa e se metse ya go nna mo go yona le mafulo a diruiwa tsa bone le ditsha tsa di-tsa-bone.
5 Baiseraele ba kgaogana lefatshe jalo, ba dira jaakaMorenaa laotse Moše.
Kalebe o fiwa Heberone
6 Bajuta ba kile ba atamela kwa go Jošua mo Gilegala, mme Kalebe morwa Jefune wa Mokenisi a mo raya a re: “O itse lefoko ka wesi leMorenao le buileng le Moše, monna wa Modimo, ka ntlha ya me le ka ntlha ya gago kwa Kateše-Barenea.
7 E rile Moše motlhanka waMorenaa nthoma go tswa kwa Kateše-Barenea go ya go tlhola lefatshe le, ka bo ke le dinyaga di le 40; ya re ke boa, ka mmegela ka fa ke ikutlwang ka teng mo pelong.
8 Mme bomorwa-rre ba ba neng ba ile le nna ba nyemisa morafe moko, mme nna ka latelaMorena, Modimo wa me, ka botlalo.
9 Ke fa Moše a ikana ka letsatsi leo a re: ‘Ruri, lefatshe le dinao tsa gago di gatileng mo go lone e tla nna la gago le la bana ba gago go nna boswa ka bosakhutleng; ka gonne o latetseMorena, Modimo wa me, ka botlalo.’
10 Mme jaanong bona,Morenao mphedisitse jaaka a ntsholofeditse, e setse e le dinyaga di le 45 go tloga foo, faMorenaa laola Moše lefoko leo, Baiseraele ba ntse ba sepela mo sekakeng. Bona, nna kajeno ke na le dinyaga di le 85.
11 Ke sa ntse ke tiile kajeno jaaka ka letsatsi le Moše o ne a nthomile ka lone; thata ya me ya jaanong e sa ntse e tshwana le thata ya metlha ele go ka tlhabana le go bolola le go goroga.
12 Jaanong he, a ko o mphe dithaba tseMorenao buileng ka ga tsona ka letsatsi lele; gonne o utlwile ka wesi ka letsatsi lele gore go na le Baenake le metse e megolo e e femetsweng; ka gongweMorenao tla nna le nna gore ke ba leleke jaakaMorenaa solofeditse.”
13 Ke fa Jošua a mo tshegofatsa, a naya Kalebe morwa Jefune Heberone go nna boswa.
14 Ke ka moo Heberone e leng boswa jwa ga Kalebe morwa Jefune wa Mokenisi go fitlha letsatsing leno; ka gonne o ne a latetseMorena, Modimo wa Iseraele, ka botlalo.
15 Mme leina la Heberone e ne e le motse wa ga Areba pele ga foo; ene e ne e le motho yo mogolo mo go Baenake.
Jaanong lefatshe la ikhutsa, le se na ntwa.