Kabelo ya naga ya lotso lwa ga Juta
1 Naga e ditshika tsa lotso lwa ga Juta di e abetsweng ka tengwa e ne e fitlha kwa molelwaneng wa Etomo le kwa sekakeng sa Tsine ntlheng ya borwa kwa mafelelong a teng.
2 Molelwane wa bone ntlheng ya borwa o ne o tloga kwa bofelong jwa Lewatle la Letswai kwa sekhutlong se se ntlheng ya borwa
3 o ya pele go fitlha ntlheng ya borwa ya Phata-ya-Diphepheng, o fetela kwa Tsine, o tlhatloga mo ntlheng ya borwa ya Kateše-Barenea, o fetela kwa Heserone, o tlhatlogela kwa Atare, o be o thelela teng, o ya kwa Kareka
4 o fetela kwa Asemone, o ya pele kwa nokaneng ya molelwane wa Egepeto o felela fa lewatleng. E tla nna ona molelwane wa lona kwa borwa.
5 Molelwane wa ntlheng ya botlhabatsatsi e ne e le Lewatle la Letswai go fitlha fa Joretane o kopanang le lone teng. Molelwane wa lotlhakore lwa bokone o ne o tloga kwa makopanelong a lewatle leo le Joretane
6 jaanong molelwane o ne o tlhatlogela kwa Bethogola, o fetela pele go ya ntlheng ya bokone ya Betharaba, o be o tlhatlogela kwa Lefikeng la Bohane morwa Rubene.
7 Gape molelwane o ne o tlhatlogela kwa Debire o tswa Mogorogorong wa Agore, o be o thelela o ya kwa bokone kwa Gilegala yo o lebaganyeng le Phata ya Adumime e e mo ntlheng ya borwa ya nokana. Jaanong molelwane o ne o fetela kwa metsing a Motswedi wa Letsatsi, o be o felela fa motsweding wa Rogele.
8 Jaanong molelwane o ne o tlhatlogela kwa mogorogorong wa morwa Hinome go ya mhapheng wa thaba ya Bajebusi ntlheng ya borwa – ke gona Jerusalema. Molelwane o tlhatlogela gape kwa setlhoeng sa thaba e e bapileng le mogorogoro wa ga Hinome mo ntlheng ya bophirimatsatsi, e e bileng e le mo ntlheng ya bokone mo bofelong jwa mogorogoro wa Barefaime.
9 Molelwane o ne o thelela mo setlhoeng sa thaba eo, o ya kwa motsweding wa metsi a Nefethoa; go tswa teng o ne o ya kwa dithabeng tsa metse ya ga Eferone. Jaanong o thelela, o ya kwa Baala, e bong Khiriathe-Jearime.
10 Kwa Baala molelwane o ne o thelela o ya kwa bophirimatsatsi kwa thabeng ya Seire; o be o fetela kwa mhapheng wa thaba ya Jearime ntlheng ya bokone, e bong Kesalone; o be o fologela kwa Betšhemeše, o fetela kwa Thimena.
11 Molelwane o ne o tswa teng o ya kwa bokone kwa mhapheng wa Ekerone; teng koo molelwane o thelela go ya kwa Sikerone, o fetela kwa thabeng ya Baala, o ya pele go fitlha kwa Jabenele, o felela fa lewatleng.
12 Molelwane wa lotlhakore lwa bophirimatsatsi e ne e le lewatle le legolo, e bong losi lwa lone. Ke yona melelwane ya Bajuta mo tikologong ka fa ditshikeng tsa bone.
Kalebe o thopa Heberone le Debire
13 Mme Jošua a naya Kalebe morwa Jefune kabelo mo gare ga Bajuta ka faMorenaa mo laetseng ka teng, e bong motse wa ga Areba rraagwe Enake; ke ona motse wa Heberone.
14 Kalebe a leleka bomorwa Enake ba bararo teng, e bong Sesai le Ahimane le Thalemai, bana ba ga Enake.
15 Go tswa teng a tlhatloga go ya go lwa le baagi ba Debire; mme leina la Debire e ne e le Khiriatshefere pele ga foo.
16 Ke fa Kalebe a re: “Yo o ka fenyang Khiriatshefere, a o thopa, ke tla mo neela morwadiake Agesa go nna mosadi wa gagwe.”
17 Ke fa Otheniele morwa Kenase, morwa-rraagwe Kalebe, a o thopa; mme Kalebe a mo neela morwadie Agesa go nna mosadi wa gagwe.
18 Jaanong ya re Agesa a tla kwa go ene, Otheniele a mo tlhotlheletsa gore a lope tshimo mo go rraagwe. Ke fa Agesa a fologa ka pele mo eseleng, mme Kalebe a mmotsa a re: “Go rileng?”
19 Agesa a re: “Mphe lesego la go ntsamaisa sentle. E re ka o mpeile kwa nageng e e sekaka ya borwa, ke kopa gore o mphe le metswedi ya metsi.” Ke fa Kalebe a mo naya metswedi e e kwa godimo le e e kwa tlase.
Metse ya ga Juta
20 Ke jona boswa jwa lotso lwa Bajuta ka fa ditshikeng tsa bone.
21 Metse ya lotso lwa Bajuta kwa thoko ntlheng ya borwa go bapa le molelwane wa Etomo e ne e le Kapsheele le Etere le Jagure
22 le Khina le Dimona le Atata
23 le Keteše le Hasore le Ithenane
24 le Sife le Teleme le Bealothe
25 le Hasore-Hatatha le Keriothe-Heserone – ke gona Hasore –
26 le Amame le Sema le Molata
27 le Hasare-Gata le Hesemone le Bethe-Phelete
28 le Hasare-Šuale le Bereseba le Bisiothia
29 le Baala le Iyime le Eseme
30 le Eletholate le Kesile le Horema
31 le Sitlage le Matemana le Sanesana
32 le Lebaothe le Silehime le Aine le Rimone. Metse yotlhe e ne e le 29 kwa ntle ga metsana ya yona.
33 Mo nageng e e kwa tlase go ne go le Ešethaole le Sorea le Ašena
34 le Sanoa le Enganime le Thaphua le Ename
35 le Jaremuthe le Adulame le Sogo le Aseka
36 le Saaraime le Adithaime le Ketera le Geterothaime; e ne e le metse e le 14 kwa ntle ga metsana ya yona.
37 Le Senane le Hataša le Migetale-Gate
38 le Dileane le Mitsepha le Jokethele
39 le Lagiše le Bosekathe le Egelone
40 le Kabone le Lagemase le Khitlhiše
41 le Geterothe le Bethe-Dagone le Naama le Maketa. E ne e le metse e le 16 kwa ntle ga metsana ya yona.
42 Le Lebena le Ethere le Ašane
43 le Ifetha le Ašena le Nesibe
44 le Kehila le Agesibe le Mareša. E ne e le metse e le 9 kwa ntle ga metsana ya yona.
45 Le Ekerone le metse le metsana ya teng.
46 Le go tloga kwa Ekerone go ya go fitlha kwa lewatleng, e bong metse yotlhe e e fa thoko ga Ašetote le metsana ya yona.
47 Le Ašetote le metse le metsana ya teng le Gasa le metse le metsana ya teng, go ya kwa nokaneng ya molelwane wa Egepeto. Lewatle le legolo e ne e le molelwane.
48 Mo dithabeng go ne go le Samire le Jathire le Sogo
49 le Dana le Khiriathe-Sana, e bong Debire;
50 le Anabe le Ešethemo le Anime
51 le Gosene le Holone le Gilo. E ne e le metse e le 11 kwa ntle ga metsana ya yona.
52 Le Arabe le Duma le Ešane
53 le Janime le Bethe-Thaphua le Afeka
54 le Humuta le Khiriathe-Areba, e bong Heberone le Siore. E ne e le metse e le 9 kwa ntle ga metsana ya yona.
55 Le Maone le Karemele le Sife le Jota
56 le Iserele le Joketeame le Sanoa
57 le Kaine le Gibea le Thimena. E ne e le metse e le some kwa ntle ga metsana ya yona.
58 Le Halehule le Betshure le Ketore
59 le Maarathe le Bethanothe le Elethekone. E ne e le metse e merataro kwa ntle ga metsana ya yona.
60 Le Khiriathe-Baale, e bong Khiriathe-Jearime, le Raba. E ne e le metse e le mebedi kwa ntle ga metsana ya yona.
61 Mo sekakeng go ne go le Betharaba le Midine le Segaga
62 le Nibešane le motse wa letswai le Engedi. E ne e le metse e merataro kwa ntle ga metsana ya yona.
63 Mme Bajuta ba ne ba palelwa ke go leleka Bajebusi ba ba agileng mo Jerusalema. Bajebusi ba nna jalo mo Jerusalema mmogo le Bajuta go fitlha letsatsing leno.