Kabelo ya naga ya Baeferaime
1 Molelwane wa naga e Bajosefa ba e abetsweng ka tengwa o ne o simologa fa Joretane kwa Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi ya metsi a Jerigo, mme go tswa teng o ya kwa sekakeng, o be o tlhatlogela kwa dithabeng tsa Bethele.
2 Jaanong go tswa kwa Bethele o ne o ya kwa Luse, o fetela pele kwa nageng ya Baaregi kwa Atarothe.
3 O be o fologela kwa bophirimatsatsi kwa nageng ya Bajafelete go ya go fitlha kwa nageng ya Bethorone yo o kwa tlase le go ya kwa Gesere. O be o felela fa lewatleng.
4 Ke fa bomorwa Josefa, e bong Manase le Eferaime, ba neng ba bona kabelo ya naga teng.
5 Naga ya Baeferaime ka fa ditshikeng tsa bone e ne e ntse jaana: Molelwane wa kabelo ya bone o ne o ya kwa botlhabatsatsi kwa Aterothe-Atare go ya go fitlha kwa Bethorone yo o kwa godimo.
6 Molelwane o be o fetela pele kwa lewatleng, o pota Migemethathe mo ntlheng ya borwa. Molelwane o be o thelela, o ya kwa botlhabatsatsi kwa Thaanatšhilo, o mo pota ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, o ya kwa Janoa.
7 Go tswa kwa Janoa o fologela kwa Atarothe le kwa Naara, o ama Jerigo, o felela fa Joretane.
8 Go tswa kwa Thaphua molelwane o ne o ya kwa bophirimatsatsi kwa nokaneng ya Kana, o felela fa lewatleng. Ke yona kabelo ya lotso lwa Baeferaime ka fa ditshikeng tsa bone
9 mmogo le metse e e segetsweng Baeferaime mo gare ga naga ya Bamanase, metse yotlhe le metsana ya yona.
10 Mme ba se ka ba leleka Bakanana ba ba agileng kwa Gesere. Bakanana ba nna jalo mo gare ga Baeferaime go fitlha letsatsing leno. Fela ba nna batlhanka, ba ba direla.